thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO

Similar documents
PEGELO YA PHOLISI YA BOSETŠHABA YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO MEPHATO R-3

GRADE 10 SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI PAMPIRI YA BORARO 4. NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION MADUO: 80. NAKO: 3 diura

Buka ya ka ya Tirogae (2)

Bukana e e dirilwe ka thotoetso ya batho ba lefatshe la America ka lenaneo la Presidents Emergency Plan for Aids Relief (PEPFAR) le U.

baanelwa ba diteng; baanelwa ba thulaganyo; baanelwa ba ba sa itekanelang; le baanelwa ba ba itekanetseng.

PUSO YA DIKGAOLO MO BOTSWANA BUKANA YA LENANEO LA BONG

The$Management$of$Spinal$Pain$without$ Serious$Pathology$or$Neurological$Deficits$

tse di rileng tse di tshwanetseng go gakologelwa fa re uma mmidi.

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

Government Gazette Staatskoerant

KGATISO 8 No 6 Diphalane Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Madiba Mop Manie

O rata LovCash thata. YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga. Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

YBB e fentse sekgele gatlhano jaanong Badirammogo

Bolemirui ba mofuta mongwe le mongwe. Nako e gorogile go tlhoma MOLEMIRUI WA NGWAGA. Bala Moteng: DIPHALANE Lekwalo la Grain SA la balemipotlana

THOTLOETSO. Dulang. 2 Ke itumetse tshokologong eno go ema fano gape, mme fa. 3 Jalo, fela ke batla go bua sena, motlhang ke fitlhang kwa

Kereke Le Seemo Sa Yone

MADU A A PHUNYEGILENG

Boitsholo jo bo itshekileng 01203_763_Chastity.indd 1 4/18/13 9:52 AM

MADU A A PHUNYEGILENG

LEFAPHA LA TEMOTHUO, JALO YA DIKGWA LE BODIRELATLHAPI REPHABOLIKI YA AFORIKABORWA

Bakaulengwe, go molemo go

Alumni. Awards/Toekennings

Mangoroo e anela ka ga mathata, rnangoroo

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

KERNKONSEPTE / KEY CONCEPTS/ KAKANYOKGOLO

Lesson Plans Gr. 1 Term 3 Sesotho

Boleo kgatlhano le Modimo

NWU JUNIE Gesels saam op. Johnson-broers besoek Fakulteit. RSG gesels met dr Mandie Uys. Partners in Education

Cambridge International Examinations Cambridge Ordinary Level

E.K.K. MATLALA: MONGWADI WA DITAODIŠO TŠA MATHOMO TŠA SEPEDI

DIKHOMIKI Sesotho TSE KOPANYANG DITJHABA Bahale ba Diphetoho

Boko le boitshwaro. The brain and the behaviour Sesotho B&W

SESOTHO HOME LANGUAGE LESSON PLAN EXEMPLARS GRADE 3 TERM

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE KREITI YA 12

Setho se Ratehang sa Bohlokwa PHETOHELO HO MOKGATLO WA KGWEBO O TSAMAISWANG KE SEHLOPHA SA BATHO WA MANTLHA (PRIMARY CO-OPERATIVE)

Melao ya Motheo ya Kgwebo ya Kopanelo ya Nestlé

Ge mofetoledi (1987: vii) a bolela ka ga puku yeo ya Kristeva, ore:

Bana beso ho phatlalla le lefatshe

Kanegelo ya Nimirode: Re lebelela diphihlelelo tša gagwe ka lefsa

Tataiso ya Melao ya Boitshwaro. Melao ya Boitshwaro. Matla a ho etsa kgwebo hantle

ENNIAH MATEMANE LEKGANYANE

AFRICA BAKENG SA maafrika A LENG MONA MMOHO LE A LENG. THEHA DIKAMANO TSA SEJHABA SA maafrika BOEMONG BA

Academic Achievers Awards 2016

@ NWU Inspireer tot innovasie

KEREITI 12 LOETSE 2012 SESOTHO PUO YA LAPENG PAMPIRI YA 2

*16 22 Phato SABATHA MOTŠEARE OA MANTSIBOEA. Deut. 32:4; Ps. 28:1; Johanne 17; Johanne 15:1 5; Matt. 7:1 5; Matt. 5:23, 24; 18:15 18.

Letsatsi la Kotulo la selemo le selemo la. Ntshetsopele ya Molemi e kgahla NAMPO. Bala Ka Hare: PHUPU 2014

THUTO TSA SEKOLO SASABATA. Bophelo ba Abrahama

Moapostola wa Bophelo. 16 Phupjane Hlakola Novena Prayer

Moena Neville, le Moena Capps, le Moena Collins, le basebeletsi MOSEBETSI O TSWILENG MATSOHO 1

Academic Achievers Awards. Toekennings vir Akademiese Presteerders Difoka tša Thuto tša Bao ba Atlegilego

UNIVERSITY OF SWAZILAND FINAL EXAMINATION PAPER- MAY 2012 SECOND LANGUAGE (SOUTHERN SOTHO) 1. ANSWER ALL THE QUESTIONS.

Published by Nalane ka Fezekile Futhwa PO Box 1452 Alberton 1450

LETSHWAO LA SEBATA 1. Letshwao La Sebata

Mmampodi twantshong ya mahola. Bala Ka Hare: MPHALANE Koranta ya Grain SA ya bahlahisi ba ntseng ba hola

PULA IMVULA. Jwalo ka ha ho etsahala bophelong ba. Sekgahla sa mycotoxin bophelong ba diphoofolo. Bala ka hare: Phato 2017

Drive your imagination. Happy birthday, Nal'ibali! Mahlohonolo a Letsatsi la Tswalo, Nal'ibali! Read with me. Every day. Bala le nna. Kamehla.

The House rose to observe a moment of silence in honour of the late Makhaketla Leipa

Visie, Waardes en Missie

Government Gazette Staatskoerant

HLOMAMISO 1 HLOMAMISO

Feesprogram / Festival Programme

Provincial Gazette Provinsiale Koerant Gazete ya Xifundzankulu Kuranta ya Profense Gazethe ya Vundu

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 1 0 SEPTEMBER 1998 NOTICE 2275 OF 1998 GAUTENG PROVINCIAL LEGISLATURE

VISIE, WAARDES EN MISSIE

TO IMPROVE LIVESTOCK BOREHOLE DATABASE IN KGALAGADI DISTRICT COMMUNAL GRAZING AREA

JAARVERSLAG 2013 Omslag_vir litho_finaal_5 Aug_converted.indd /08/05 10:40:00 AM

Moms are models! Bomma ke mehlala! Drive your imagination. Story Power. Bring it home. Tliša maatla a kanegelo ka gae.

Annex B. Notification and Registration Public Participation Material

6. Temo ea lifate tsa litholoana

Gedurende die hersiening van die Institusionele

Pricing and Admission Policy

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 28 SEPTEMBER 1998 GENERAL NOTICE NOTICE 2496 OF 1998

L A S COLINA S PL A Z A

41/2/9 Student Affairs Programs and Services General Correspondence, Box 1:

AIDS. HELPLINE I oaoo I. We all have the power to prevent AIDS. Prevention is the cure

SSB/TRP/MDM 2009(54) Peer reviewed and revised

Expression 889. Manual. Stitches. Sewing Machine. + On/off switch + 4 step button hole + Stitch width control. Bukanayaditaelo Ibhukwa Lemiyalelo

Mr Jeremiah Madiba CHIEF EXECUTIVE OFFICER

Die afgelope tyd was baie moeilik

FOR SALE EXQUISITE FAMILY HOME. Bracken House, Cosher, Kilmuckridge, Co Wexford

Alles aan die UV is in rep en roer vir die

REQUIREMENTS FOR AN APPLICATION FOR DIVISION

Gated communities in South Africa: Tensions between the planning ideal and practice

UNIVERSITY CITY ENTERTAINMENT DISTRICT

206 high house. Cary, NC office building for lease

koranta eabasebetsi april 1974

D NONE (No reportable positions.)

This text was narrated by Stephen Theseira ( ), Praya Lane, Malacca, 1981.

100 South African Children s Picture Books

Die Rektor en Visekanselier, prof.

23,839 sq ft (2,215 sq m)

FILED: NEW YORK COUNTY CLERK 08/09/ :42 PM INDEX NO /2015 NYSCEF DOC. NO. 62 RECEIVED NYSCEF: 08/09/2016

CURRICULUM VITAE DIANE WEBB. P.O. Box A790, Swazi Plaza H101, Swaziland. Tel: (w) Fax:

Cadastral Template 2010

Standard Letters for Building Contractors

ABRIDGED CURRICULUM VITAE. Name : Vincent Gerlac SIMIYU

KB Home Coastal Inc, Inland Valley Dr, Wildomar, CA Phone FAX

UNJVERSITY OF HAWAII LIBRA R'Y TUHLIH1', Jwttwacack. F l/\l VERSION FWAHK MA KOM NUHNf<UH AN

Transcription:

thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti 10-12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA

Lefapha la Thuto Sol Plaatje House 123 Schoeman Street Private Bag X895 Pretoria 0001 South Africa Tel: +27 12 312-5911 Fax: +27 12 321-6770 120 Plein Street Private Bag X9023 Cape Town 8000 South Africa Tel: +27 21 465-1701 Fax: +27 21 461-8110 http://education.pwv.gov.za 2002 Lefapha la Thuto ISBN 1-919975-46-2 Design and Layout by: Seriti Printing (Pty) Ltd

TSELA YA GO BUISA BUKA E Buka e e arogantswe ka dikgaolo di le nne. Go botlhokwa gore mmuisi a buise a bo a lomaganye tshedimosetso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng tsa tokomane e. Diteng tsa kgaolo nngwe le nngwe di tlhalosiwa fa tlase: Kgaolo 1 - Kitsiso ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kgaolo e, e tlhalosa metheo le diponagalo tsa kagego tsa Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). E fa mmuisi matseno a kharikhulamo. Kgaolo 2 Kitsiso ya Lekala la go Ithuta la Dipuo Kgaolo e, e naya tlhaloso, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa dithuto, ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E naya tshedimosetso e e baakanyetsang pegelo ya Dipuo. Kgaolo 3 Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyatso, Diteng le Bokao Kgaolo e, e tsentse Maemo a Tekanyetso a Poelo nngwe le nngwe, ya go Ithuta ga mmogo le diteng le maemo a serutwa. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe go thusa mmuisi go bona tsweletso e e ikaeletsweng go tloga mo Kereiting ya 10 go ya go Kereiti ya 12. Ka jalo Maemo a Tekanyetso a adilwe go anama ditsebe tse pedi. Kwa bofelong jwa kgaolo go diteng le maemo a go fitlhelela Maemo a Tekanyetso a a tshitsinngwang a a ka dirisiwang go ruta, go ithuta le go fitlhelela Maemo a Tekanyetso. Kgaolo 4 - Tekanyetso Kgaolo e e tshwaragane le ditsela tsa tekanyetso ka kakaretso tse di tlhagisiwang ke Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba. Kwa bofelong jwa kgaolo e go na le letlhomeso la Tlhaloso ya Bokgoni jwa thuto jwa serutwa se se totobaditsweng. Letlhomeso le na le khoutu, sekale le tlhaloso ya bokgoni ya kereiti nngwe le nngwe. Ditlhaloso tsa Bokgoni di rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore mmuisi a kgone go bona tsweletso go tswa mo Kereiting ya10 go ya go ya 12. iii

Matshwao Matshwao a a latelang a dirisiwa go bontsha Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, dikereiti, dikhoutu, dikale, Ditlhaloso tsa Bokgoni, diteng le bokao. = Poelo ya go Ithuta = Maemo a Tekanyetso = Kereiti = Khoutu S = Sekale = Ditlhaloso tsa Bokgoni B k = Diteng le Bokao iv

DITENG TSELA YA GO BUISA BUKA E DIAKERONIMI iii ix KGAOLO YA 1: KITSISO YA PEGELO YA KHARIKHULAMO YA BOSETˇHABA 1 METHEO 1 Phetogo ya loago 2 Thuto ya dipoelo 2 Kitso e e kwa godimo le bokgoni jo bo kwa godimo 3 Tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang 3 Tsweletso 3 Kamano le phetolelo ya dithuto 3 Ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, tikologo le bosiamisi jwa loago 4 Go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng 4 Ikanyego, boleng le nonofo 5 MOFUTA WA MOITHUTI YO O LEBELETSWENG 5 MOFUTA WA MORUTABANA YO O LEBELETSWENG 6 DIPOPEGO LE DIPONAGALO TSA KAGEGO 6 Popego ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba 6 Diteng tsa Dipegelo tsa Dirutwa mo lekaleng la go Ithuta la Dipuo 7 KAEDI YA LENAANETHUTO 8 v

KGAOLO YA 2: KITSISO YA LEKALA LA GO ITHUTA LA DIPUO 9 TLHALOSO 9 MAITLHOMO 9 BOANAMO 10 boakaretsi 10 Magato a Puo 11 DIKGOLAGANO TSA DITHUTO LE DITIRO 12 DIPOELO TSA GO ITHUTA 12 Poelo ya go Ithuta 1: Go reetsa le go bua 13 Poelo ya go Ithuta 2: Go buisa le go lebelela 13 Poelo ya go Ithuta 3: Go kwala le go tlhagisa 14 Poelo ya go Ithuta 4: Thutapuo le tiriso 14 KGAOLO YA 3: DIPOELO TSA GO ITHUTA, MAEMO A TEKANYETSO, DITENG LE BOKAO 16 Poelo ya go Ithuta 1:Go reetsa le go bua 16 Poelo ya go Ithuta 2: Go buisa le go lebelela 26 Poelo ya go Ithuta 3: Go kwala le go tlhagisa 36 Poelo ya go Ithuta 4: Thutapuo le tiriso 46 DITENG LE BOKAO MO GO FITLHELELENG MAEMO A TEKANYETSO 54 Tiriso ya ditlhangwa go ruta puo 54 Go tlhaloganya ka mo ditlhangwa di bopiwang ka teng 55 vi

KGAOLO YA 4: TEKANYETSO 59 MATSENO 59 GORENG GO LEKANYETSWA 59 MEFUTA YA TEKANYETSO 60 Tekanyetso ya motheo 60 Tekanyetso ya go batla makoa 60 Tekanyetso ya go aga 60 Tekanyetso ya kwa bofelong 60 TEKANYETSO E TSHWANETSE GO GO NNA JANG LE DIRA ENG 61 GO LEKANYETSWA JANG 61 MEKGWA YA TEKANYETSO 62 Tekanyetso ka mong 62 Tekanyetso ka balekane 62 Tekanyetso ya setlhopha 62 DITSELA TSA GO KOKOANYA BOSUPI JWA TEKANYETSO 62 Tekanyetso ka go lebelela 62 Tekanyetso ka teko 63 Tekanyetso ka tiro 63 GO KWALA LE GO BEGA MADUO 63 Mekgwa ya go kwala maduo 63 Go bega tiragatso le phitlhelelo 65 DITLHALOSO TSA BOKGONI 66 TLHATLOSO 66 vii

KA MO KARATAPEGO E TSHWANETSENG GO NNA KA TENG 66 TEKANYETSO YA BAITHUTI BA BA ITEMOGELANG DIKGORELETSO MO GO ITHUTENG 67 DITLHALOSO TSA BOKGONI TSA PUO YA GAE 68 LENAANEFOKO LA MAREO 93 viii

DIAKORONIMI DD LBB Lbt LTBAB MLbt PKB STKA STKT TD TKA TKT Tkt Ts Dipegelo tsa Dirutwa (Subject statements) Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetπhaba (NQF) Lebolelateng (Aids) Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa (SAQA) Mogare wa Lebolelateng Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba (NCS) Setifikeiti sa Thuto le Katiso e e Akaretsang (GETC) Setifikeiti sa Thuto le Katiso e e Tswelelang (FETC) Thuto ya Dipoelo (OBE) Thuto le Katiso e e Akaretsang (GET) Thuto le Katiso e e Tswelelang (FET) Thulaganyo ya kitso ya tlholego (IKS) Tlhatlhobotsweledi (CASS) ix

x

KGAOLO YA 1 KITSISO YA PEGELO YA KHARIKHULAMO YA BOSETˇHABA Kamogelo ya Molaotheo wa Rephapoliki ya Aferika Borwa (Molao 108 wa 1996) e neela motheo wa phetogo le kgodiso ya kharikhulamo mo Aferika Borwa. Kwa tshimologong ya kwalo ya molaotheo go tlhagisiwa gore maikaelelo ke go: fedisa tlhaolele ya nako e e fetileng le go simolola morafe o moπwa o o ikaegileng ka dingwao tsa temokerasi, bosiamisi jwa loago le ditshwanelo tsa botho tse di tsepameng; tlhabolola matshelo a baagi botlhe le go neela batho tπhono ya go bontsha bokgoni jwa bona; aga motheo wa morafe mo temokerasing le kgololosego ya puso, e e ikaegileng ka keletso tsa batho e bile baagi botlhe ba a sireleditswe ke molao ka go lekalekana; le go aga Aferika Borwa yo o kopaneng wa temokerasi e bile a kgona go ikemela ka nosi mo ditπhabeng tse dingwe. Go ya ka molaotheo o, mongwe le mongwe o na le ditshwanelo tsa go tsweletsa thuto e puso e tshwanetseng go dira gore e fitlhelelwe ka botlalo. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e aga motheo wa go atlegisa maikaelelo a, ka go tlhagisa Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso, le ka go tlhalosa metheo tota ya boleng jo bo tshegeditseng kharikhulamo. METHEO Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti tsa 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaegile ka metheo e e latelang: phetogo ya loago; thuto ya dipoelo; kitso e e kwa godimo le bokgoni jo bo kwa godimo; tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang; tsweletso; kamano le phetolelo ya dithuto; ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, tikologo le bosiamisi jwa loago; go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng; le ikanyego, boleng le nonofo. 1

Phetogo ya loago Molaotheo wa Rephaboliki ya Aferika Borwa o aga motheo wa phetogo ya loago mo setπhabeng ka go baakanya ditlamorago tsa tlhaolele. Maitlhomo a setπhaba sa Aferika Borwa ka go dirisa mekgwa e e rileng ya go lere diphetogo a tswa mo ditlhokegong tsa go siamisa ditshiamololo tse di tlhodilweng ke kgethololo mo mabakeng otlhe a setho, bogolo jang mo thutong. Thuto mo phetogong ya loago e ikaeletse go baakanya go sa lekalekaneng mo thutong mo nakong e e fetileng, go lebelelwe, le gore ditπhono tse di lekalekanang tsa thuto di fiwa batho bothe. Go fitlhelela phetogo ya tshedisano, baagi ba Aferika Borwa ba tshwanetse go newa dithata tsa thuto ka go lemoga bokgoni jwa bona le go tlosa maparego a maitirelo go fitlhelela borutegi jo bo rileng. Thuto ya dipoelo Thuto ya dipoelo e aga motheo wa kharikhulamo ya Aferika Borwa. E leka go kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela bokgoni jo bo kwa godimo jwa go ithuta ka go tlhoma Dipoelo tsa go Ithuta tse di tshwanetseng go fitlhelelwa kwa bofelong jwa tsamao ya thuto. Thuto ya Dipoelo e rotloetsa ditsela tsa thuto tse di itshetlegileng ka baithuti le tse di itshetlegileng ka ditiro. Pegelo ya Karikhulamo ya Bosetπhaba e bopa Dipoelo tsa go Ithuta tsa yona tsa Dikereiti tsa 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) go tswa go Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di tlhotlheleditsweng ke Molaotheo le go bopiwa ka tsamaiso ya temokerasi. Dipoelotsenelelo di batla baithuti ba kgona go: lemoga le go rarabolola mathata le go dira ditshwetso ka go nagana le go itlhamela ka tsenelelo; dira ka nonofo le ba bangwe jaaka leloko la setlhopha, setheo le morafe; rulaganya, laola ditiro tsa bona ka maikarabelo le nonofo; kokoanya, sekaseka, rulaganya, le go tlhatlhoba tshedimosetso ka tsenelelo; tlhaeletsana ka nonofo a dirisa bokgoni jwa pono, botshwantshi le/kgotsa bokgoni jwa puo ka ditsela tse di farologaneng; dirisa bonetetshi le thekenoloji ka nonofo le ka tsenelelo go supa maikarabelo mo tikologong le boitekanelong jwa ba batho bangwe; le go bontsha go tlhaloganya fa lefatshe e le ngata e le nngwe ya ditsamaiso tse di golaganeng le go lemoga gore tharabololo ya mathata ga e diragale ka bojosi. Dipoelotlhabololo di batla baithuti ba kgona go: akanya le go tlhotlhomisa ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta ka nonofo; tsaya karolo jaaka baagi ba ba boikarabelo botshelong jwa tikologo, bosetπhaba le mo merafeng ya lefatshe lotlhe; nna tshisimogo mo setsong le bontle go kgabaganya methalethale ya maemo a semorafe; tlhotlhomisa ditπhono tsa thuto le tiro; le go godisa ditπhono tsa kgwebopotlana. 2

Kitso e e kwa godimo le bokgoni jo bo kwa godimo Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti ya 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go godisetsa maemo a kitso le a bokgoni jwa moithuti kwa godimo. E baya maikaelelo a a kwa godimo a baithuti ba Aferika Borwa ba ka a fitlhelelang ka tshiamiso ya semorafe go lekwa gore batho bangwe bao ba neng mo nakong e e fetileng ba tlhoka kitso le bokgoni ba akarediwe. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba e totobatsa maemo a bonnye jo bo tlhokagalang jwa kitso le bokgoni jo bo tshwanetseng go fitlhelelwa mo kereiting nngwe le nngwe, le go baya maemo a a fitlhelesegang a a kwa godimo mo dithutong tsotlhe. Tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang Tsenyeletso e fitlhelelwa gotlhe mo dirutweng le mo mafapheng a go ithuta. Tsenyeletso ya kitso le bokgoni go akaretsa dirutwa le mafelo a thuto e botlhokwa mo go fitlheleleng bokgoni jwa go dira jaaka di tlhalosiwa mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetπhaba. Bokgoni jwa tiro bo ikaeletse go tswakanya mekgwa e le meraro ya bokgoni e e itlhaotseng - e bong, bokgoni jwa tiro ya diatla, motheo le jwa kakanyo. Ka go tsaya tsenyeletso le bokgoni jo bo dirisiwang, Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go ithuta ka kakaretso) e batla go godisa tsenyeletso ya go ithuta tiori, tiro ya diatla le kakanyo. Tsweletso Tsweletso ke tsela ya go godisa go ya pele kitso e e boteng le bokgoni jo bo kwa godimo. Dipegelo tsa Dirutwa di bontsha tsweletso go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe. Poelo ya go Ithuta nngwe le nngwe e latelwa ke pegelo e e itlhalosang ka ga maemo a go dira a a lebeletsweng ka Poelo ya go Ithuta. Maemo a Tekanyetso a rulagantswe ka mokgwa o o bontshang kgolo ya maemo a a oketsegang mo kereiting nngwe le nngwe. Diteng le maemo a kereiti nngwe le nngwe di tla bontsha tsweletso e e simololang e le bonolo mme e oketsege go nna marara. Kamano le phetolelo ya dithuto Kamano e kaya botsalano gareng ga borutegi mo maemong kgotsa mo dikgatong tse di farologaneng tsa Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetπhaba ka ditsela tse di rotloetsang phitlhelelo go tswa mo boruteging jo bo rileng go ya go jo bongwe. Seno se botlhokwa thata mo borutigeng jo bo welang mo karolong e le nngwe ya dithuto tse di rileng. Ka ntlha ya gore sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang se thaetswe fa gare ga dikgamu tsa Thuto le Katiso e e Akaretsang gammogo le Thuto ya Boemo-Godimo, go botlhokwa gore Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) le amane le Lokwalo lwa Thuto le Katiso e e Akaretsang le borutegi mo ditseleng tseo di tshwanang le tsa go ithuta tsa Thuto ya Boemo- Godimo. Go atlega mo go fitlheleleng kamano e, kgolo ya Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe e akareditse go leba ka tsenelelo, tebelelo ya boemo jo bo kwa godimo jwa fa baithuti ba fetela pele go tswa mo lokwalong boruteging jwa thuto le katiso, gammogo le kitso e go solofetsweng gore e tla bo e fitlheletswe ke baithuti fa ba fetela kwa ditheong tsa thuto e e kwa godimo. 3

Phetolelo ya dithuto e kaya go anama ga dikarolo tsa borutegi (serutwa kgotsa maemo a motheo) ka mo di ka fetisetswang go tswa go borutegi jo bongwe go ya go jo bongwe ka ditsela tse di farologaneng tsa go ithuta tsa kgato ya Letlhomeso la Taolo ya Borutegi la Bosetπhaba. Mo maitlhomong a go oketsa phetolelo ya dithuto tse di bonweng mo dikereiting tsa 10-12 le mekgwa ya go tsaya serutwa jaaka maemo a motheo a yuniti ya dikerediti di le 20 a tlhotlhomisitswe. Ditiro tse di tsentsweng mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti tsa 10-12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di bapisega le maemo a motheo a yuniti a a maleba a a kwadisitsweng mo Letlhomesong la Taolo ya Borutegi la Bosetπhaba. Ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, tikologo le bosiamisi jwa loago Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla go rotloetsa ditshwanelo tsa botho, boakaretsi, bosiamisi jwa loago le bosiamisi jwa tikologo. Dipegelo tsa Dithuto tsotlhe tse di bopilweng seπwa, di tsenyeleditswe le metheo le ditlwaelo tsa bosiamisi jwa loago le tikologo le ditshwanelo tsa botho jaaka di ranolwa mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le tshisimogo mo mabakeng a dipharologantsho jaaka botlhoki, go sa lekalekane, lotso, bong, puo, kgolo, bogole le mabaka a mangwe. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsaya mokgwa wa boakaretsi ka go totobatsa ditlhokego tsa bonnye jo bo lebeletsweng mo baithuting botlhe. E amogela gore baithuti botlhe ba ka kgona go gola le go fitlhelela bokgoni jo bo tletseng jwa bone fa e le gore ba tla neelwa tshegetso e e tlhokagalang. Ditlhokego tse tota e leng tsa botlhale, bomorafe, maikutlo, semowa le tsa mmele tsa baithuti di tla lebelelwa ka go aga le go godisa Manaanethuto a a maleba, le ka go dirisa didiriswa tse di maleba tsa go lekanyetsa. Go fa thulaganyo ya kitso ya tlholego boleng Ka dingwaga tsa bo 1960 tiori ya botlhalebontsi e ne ya pateletsa boradithuto go lemoga gore go ditsela di le dintsi tsa go fetisa kitso gore o kgone go tlhaloganya tsa lefatshe, le gore, fa mongwe a tshwanela go tlhalosa botlhale seπwa, a tshwanetse go tsaya ditsela tse di farologaneng tse tsia. Go fitlha ka nako eo, ba mafatshe a a tlhabologileng pele ba ne ba tsaya gore bokgoni jwa go akanya, kitso ya dipalo, le bokgoni jo bo rileng jwa dipuo, le go kaya fa batho ba le botlhale fela fa ba itse go dirisa ditsela tse go na le boleng. Jaanong, batho ba lemoga dipharologano tse di anameng tsa thulaganyo ya kitso tse ka tsona batho ba tlisang tlhaloso ka tsona, le go golaganya bokao mo lefatsheng le ba tshelang mo go lona. Dithulaganyo tsa kitso ya tlholego mo maemong a Aferika Borwa, di kaya kitso e e tseneletseng mo kakanyong ya filosofi ya Aferika le ditiragatso tsa semorafe tse di nnileng teng mo dingwageng di le dikete tse di fetileng. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e akareditse kakanyo ya Thulaganyo ya Kitso ya Tlholego mo teng ga Dipegelo tsa dirutwa. E amogela gore naga rona e humile ka ditiragalo le boswa jaaka di nnile le seabe mo go dingwao tse di tsentsweng mo Molaotheong. Dintlha di le dintsi tse di farologaneng di akareditswe mo go kgonagalang go thusa go rarabolola mathata a a ka tswang a le gone mo dirutweng tsotlhe. 4

Ikanyego, boleng le nonofo Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e ikaelela go atlega mo ikanyegong ka go leka go fitlhelela lenaanetsamaiso la diphetogo le ka go neelana ka thuto e e bapisegang ka boleng, bophara le boteng le ya dinaga tse dingwe. Netefatso ya boleng e tshwanetse go diragatswa go ya ka ditlhokego tsa Molao wa Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa (Molao wa 58 wa 1995), Melawana ya Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso, le Molao wa Netefatso ya Boleng ya Thuto le Katiso e e Tswelelang (Molao wa 58 wa 2001). MOFUTA WA MOITHUTI YO O LEBELETSWENG Selo se se leng botlhokwa thata mo kgolong ya rona jaaka batho, ke ditlwaelo tse di nayang bokao jwa semowa le botlhale mo loetong lwa botshelo. Manifesto on Values, Education and Democracy, (Lefapha la Thuto, 2001: 9-10) o supa tse di latelang ka thuto le boleng: Values and morality give meaning to our individual and social relationships. They are the common currencies that help make life more meaningful than might otherwise have been. An education system does not exist to simply serve a market, important as that may be for economic growth and material prosperity. Its primary purpose must be to enrich the individual, and by extension, the broader society. Mofuta wa moithuti yo o lebeletsweng ke yo o tla tlhotlheletswang ka tsela e e siameng ka boleng le go dira go ya ka dikgatlhego tsa morafe, go ikaegilwe ka go tlotla temokerasi, tekatekanyo, tlotlo ya botho, le bosiamisi jwa loago jaaka di rotloediwa mo Molaotheong. Moithuti yo o tswang mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang o tshwanetse gore a bontshe le phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di kwadilweng pelenyana mo lokwalong lo. Dirutwa tsa Konôkonô, di rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo ka kopanelo, fa dirutwa tse di rileng tsa dithuto tsa Motheo le tse di ikgethelwang nngwe le nngwe, e rotloetsa phitlhelelo ya Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo tse di rileng. Go tlaleletsa go se se fa godimo, moithuti yo o tswang mo legatong la Thuto le Katiso e e Tswelelang tshwanetse go: kgona go fitlhelela, le go tswelela mo thutong le katisong ya botshelo jotlhe ya boleng jo bo siameng; bontsha bokgoni jwa go nagana ka tsenelelo le tatelano, tshekatsheko, ka tsela ya bogotlhe le e e tlhamaletseng; le go kgona go fetisetsa bokgoni go tswa mo maemong a a tlwaelegileng go ya go a a sa tlwaelegang; 5

MOFUTA WA MORUTABANA YO O LEBELETSWENG Barutabana botlhe le boradithuto ba bangwe ke baabi ba bagolo ba phetogo ya thuto mo Aferika Borwa. Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e batla barutabana ba ba nang le makwalo a go ruta, bokgoni, boineelo le tlhokomelo. Fa ba na le tsotlhe tse, ba tla kgona go diragatsa ditiro tsa mefuta tse di kwadilweng mo lokwalong lwa Phitlhelelo le Maemo a a amogelesegang a Boradithuto. Seno se akaretsa go nna batsereganyi ba thuto; bafetoledi le batlhami ba Manaane a go ithuta le didiriswa tsa go ruta le go ithuta, baeteledipele, batsamaisi le balaodi, baithuti, babatlisisi le barutwana ba leruri, baagi ba tikologo le baagi mo nageng, baruti, balekanyetsi ba dithuto le baitseanape ba dirutwa. DIPOPEGO LE DIPONAGALO TSA KAGEGO Popego ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e na le Lokwalo lwa Tebokakaretso, Letlhomeso la Pholisi ya Borutegi le Tekanyetso le Dipegelo tsa Dirutwa. Dirutwa tse di mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) di arogantswe ka mafapha a go ithuta. Lekala la go Ithuta ke eng? Lekala la go Ithuta ke karolo e e dirang jaaka legae la dirutwa tse di tsamaelalang e bile e atlegisa go tlhangwa ga melao e e bopang Lokwalong lwa Thuto le Katiso e e Tswelelang (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Kgaoganyo ya makala a go Ithuta a Dikereiti 10 12 e ela tlhoko kamano ya sekgamu sa Thuto le Katiso e e le Akaretsang sa Thuto e Kgolo, mmogo le dikema tsa dikarologantsho mo dinageng tse dingwe. Le fa go kwalwa ga Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) e tsere mafapha a thulaganyo a le somepedi a Letlhomeso la taolo ya Borutegi la Bosetπhaba jaaka ntlha ya yona ya tshimologo, go tshwanetse ga gatelelwa gore mafapha a, a thulaganyo a Letlhomeso la Borutegi la Bosetπhaba ga se gore ke mafapha a go ithuta kgotsa mafapha a kitso, mme fela a golagantswe le dikarologantsho tsa ditiro. Ditlhopha tse di latelang tsa dirutwa di kgaogantswe ka Makala a go Ithuta go thusa baithuti go kopanya dithuto tsa bona: Dipuo (Dirutwa tsa konôkonô); Botshwantshi le Setso; Dithuto tsa Kgwebo, Papatso ya kgwebo, Tsamaiso le Dithuto tsa Ditirelo; Thuto ya go bopa didiriswa, boenjenere le thekenoloji; 6

Bonetetshi jwa Botho le Loago le Dipuo; le Bonetetshi jwa Tlhago, Dipalo, Khomputara, Bonetetshi jwa tsa Botshelo le Temothuo. Serutwa ke eng? Bogologolo serutwa se ne se tlhalosiwa e le karolo e e rileng ya kitso ya botlhalefi. Kitso e ya serutwa e ne e gatelela go rutiwa ga kitso ya sengwe go na le thuto ka ga bokgoni, tshedisano le boitshwaro. Dirutwa di ne di lejwa ke bangwe jaaka dilo tse di sa fetogeng le go ema felo go le gongwe ka melelwane e e gagametseng. Go le gontsi, dirutwa di ne di gatelela bogolo kitso e e neng e abelwa ke ba mafatshe a Bophirima. Mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo jaaka Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Dikereiti 10 12 (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso), melelwane ya dirutwa ga e bonale. Kitso e golaganya teori, bokgoni le boleng. Dirutwa di tsewa jaaka sengwe se se fetofetogang, le gore ka gale di tsibogela mefutafuta ya kitso, go akaretsa le kitso e bogologolo e neng e sa akaretswa mo kharikhulamong ya semmuso. Serutwa mo kharikhulamong e e ikaegileng ka dipoelo, se tlhaloswa ka bophara ka Dipoelo tsa go Ithuta e seng fela ka diteng tsa sona. Mo a Aferika Borwa, Dipoelo tsa go Ithuta di tshwanetse, go ya ka popego ya tsone, go kgontsha katlego mo go fitlheleleng Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo. Dipoelo tsa go Ithuta di tlhalositswe ka botlalo e bile di ka diriswa ka mekgwa e e farologaneng, go neela tπhono ya go akarediwa mo ditshwaelong tsa metlheng. Poelo ya go Ithuta ke eng? Poelo ya go Ithuta ke pegelo ya dipholo tse di ikaeletsweng tsa go ithuta le go ruta. E tlhalosa kitso, bokgoni le meetlo tse baithuti ba tshwanetseng go nna natso kwa bofelong jwa STKT. Maemo a Tekanyetso ke eng? Maemo a Tekanyetso ke ditlhokego tse mmogo di tlhalosang se moithuti a tshwanetseng go se itse le go kgona go se dira go supa phitlhelelo ya Dipoelo tsa go Ithuta mo kereiting e e rileng. Di tsentse kitso, bokgoni le meetlo e e tlhokegang go fitlhelela Dipoelo tsa go Ithuta. Maemo a Tekanyetso mo poelong nngwe le nngwe ya go Ithuta a supa tsotlhe, ka mo tsweletso ya go tlhaloganya e diragalang ka teng go tswa mo kereiting e e rileng go ya go e nngwe. 7

Diteng tsa Dipegelo tsa Dirutwa mo Lekaleng la go Ithuta Dipuo Pegelo ya Serutwa sengwe le sengwe mo Lekaleng la go Ithuta la Dipuo e na le dikgaolo di le nne le lenaanefoko la mareo. Kgaolo 1, Kitsiso ya Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba: Kgaolo e, ya kakaretso e itsise Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso). Kgaolo 2, Kitsiso ya Lekala la go Ithuta la Dipuo: Kgaolo e, e itsise diponagalo tsa botlhokwa tsa Lekala la go Ithuta la Dipuo. E na le tlhaloso ya serutwa, maitlhomo, boanamo, dikgolagano tsa thuto le ditiro le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Dipuo. Kgaolo 3, Dipoelo tsa go Ithuta, Maemo a Tekanyetso, Diteng le Bokao: Kgaolo e, e na le Dipoelo tsa go Ithuta le Maemo a Tekanyetso a a tsamaelanang le tsona mmogo le diteng le bokao go fitlhelela Maemo a Tekanyetso. Kgaolo 4, Tekanyetso: Kgaolo e, e thadisa dintlha tsa motheo, tsa tekanyetso le go dira ditlhagiso ka go kwala le go bega ka tekanyetso. E rulagantse ditlhaloso tsa bokgoni tsa serutwa ka tatelano. Lenaanefoko la mareo: Mo go leng maleba, go rulagantswe mareo a a tlhophilweng, a a akaretsang le a a leng maleba le dirutwa e bile a tlhalosiwa ka boripana mo kgaolong e. KAEDI YA LENAANETHUTO Kaedi ya Lenaanethuto le tlhalosa ka botlalo boanamo jwa go ithuta le jwa tekanyetso mo dikereiting di le tharo tsa kgato ya Thuto le Katiso e e Tswelelang. Ke leano le le netefatsang gore baithuti ba atlega go fitlhelela Dipoelothuto jaaka di tlhaoletswe ke Maemo a Tekanyetso a kereiti e e rileng. Kaedi ya Lenaanethuto, le thusa barutabana le bakwadi ba bangwe ba manaane a go ithuta go aga le go tlhama thuto ya boleng jo bo kwa godimo jwa go ruta le go ithuta, gammogo le manaanetekanyetso. 8

KGAOLO 2 KITSISO YA LEKALA LA GO ITHUTA LA DIPUO TLHALOSO Puo ke sediriswa sa kakanyo le tlhaeletsano. Ke ka puo go tlhagisiwang pharologano ya setso le kgolagano ya bomorafe le ka mo di tlhalosiwang le go tlhamiwa ka teng. Go ithuta go dirisa puo ka nonofo go kgontsha baithuti go nagana le go bona kitso, go itlhalosa, go tlhagisa maikutlo le dikakanyo, go dirisana mmogo le ba bangwe le go tlhaloganya tulo ya bona. MAITLHOMO Ka ntlha ya pharologano ya puo le setso mo Aferika Borwa, baagi ba yona ba tshwanetse go tlhaeletsana go sena maparego mo puong, le go rotloetsa, go tlotla le go, tlhaloganya ditso le dipuo tse dingwe. Go farologana ga dipuo tse di buiwang mo nageng e go a tlotlwa e bile go newa boleng mo molaotheong ka go nna le dipuo tsa semmuso di le somenngwe le Pholisi ya Puo mo Thutong e e rotloetsang thuto ya dipuodintsi. Baithuti ba pateletsega go akaretsa bonnye, dipuo di le pedi tsa semmuso jaaka dirutwa tsa Konôkonô, dipuo tse dingwe di ka tsewa jaaka karolo ya Motheo le/kgotsa ya tse di ikgethelwang. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kitso e e tseneletseng ya puo ya gae ya baithuti e a godisiwa mme e fa ka motheo wa go ithuta dipuo tsa tlaleletso. Ka nako ya fa baithuti ba fitlha mo Kereiting ya 10, ba tla bo ba itemogetse le go tlhotlhomisa dipuo tsa tlaleletso mme ba tla bo ba setse ba dirisitse dipuo tsa tlaleletso go ithuta. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang kharikhulamo e naya baithuti ditπhono tsa go matlafatsa le go godisa kgono ya bokgoni jwa dipuo tse dintsi. Mo tsamaong ya go ithuta, baithuti ba lebeletswe go dirisa puo ka thelelo, bokgoni le ka nepagalo mo maemong a mantsi a a farologaneng. Ba tsaya maikarabelo a magolo mo go ithuteng ga bona le go dirisa bokgoni jwa puo mo ditseleng tse di gwetlhang le tse di marara. Mefuta e e tlhokegang ya dilitheresi tse di farologaneng, e e kgontshang go tsaya karolo ka nonofo mo setπhabeng le mo mafelong o madirelo mo ekonoming ya lefatshe lotlhe ya ngwagakgolo wa some a mabedi le bongwe (21), e godile go gaisa go reetsa le go bua, puiso, go kwala ditlhangwa tsa segologolo go akaretsa, ditsela tse di farologaneng jaaka mefuta ya tlhaeletsano, kerafo, tshedimosetso, khomputara, setso le litheresi e e tseneletseng. Kharikhulamo ya Dipuo e baakanyetsa baithuti dikgwetlho tse ba tla rakanang le tsona jaaka baagi ba Aferika Borwa le maloko a baagi ba lefatshe ka kakaretso. 9

Kharikhulamo ya Thuto le Katiso e e tswelelang e kgontsha baithuti botlhe go fitlhelela bogolo jwa ditlhokego tsa Dipoelotsenelelo le Dipoelotlhabololo go akaretswa maitlhomo a a latelang: Atolosa le go totobatsa bokgoni jwa puo jo bo agilweng mo sekgamung sa Thuto le Katiso e Akaretsang, go akaretsa bokgoni jwa puo ya kgopolo e e tlhokagalang mo thutong ya botlhalefi mo kharikhulamong yotlhe, le temogo ya bontle le go itumelela ditlhangwa gore ba tle ba kgone go reetsa, bua, buisa/lebelela le go kwala/tlhagisa ka go itshepa. Bokgoni jono le maikutlo a motho ka sengwe/mongwe di bopa motheo wa thuto ya leruri. Dirisa puo ka tshwanelo mo maemong a gale a botshelo le go tsaya tsia bareetsi, maitlhomo le bokao. Itlhalosa le go netefatsa dikakanyo tsa bona, ditebo le maikutlo ka go itshepa, go ikemela le go nna batho ba ba naganang ka tsenelelo. Dirisa puo le boikakanyetsi jwa bona go emela le go tlhotlhomisa maitemogelo a botho. Ka go mekamekana le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa, baithuti ba kgona go akanya ka botshelo le maitemogelo a bona le go nna le dikakanyo tse di farologaneng mo botshelong. Dirisa puo go fitlhelela le go laola tshedimosetso e le go ithuta mo kharikhulamong yotlhe le mo bokaong jo bontsi jo bo farologaneng. Litheresi ya tshedimosetso ke bokgoni jo bo botlhokwa mo dingwageng tsa boamogelakitso le go bopa motheo wa thuto ya leruri. Dirisa puo jaaka sediriswa sa go akanya ka tsenelelo le ka boitlhamedi. Maitlhomo a, a lemoga gore kitso e bopiwa mo loagong ka botselaganyi gareng ga puo le boakanyi. Tlhagisa dikakanyo tse di akantsweng sentle ka dintlha tsa dingwao le meetlo. Go aga meetlo ya bona, baithuti ba mekamekana le ditlhangwa tse di amang ditshwanelo tsa botho le maikarabelo jaaka ditshwanelo tsa bana, basadi, digole, batsofe le dintlha tse di amanang le bomorafe, setso, kakanyo e e rileng, maemo, ditumelo, bong, lebolelateng le mogare wa lebolelateng, kgololosego ya puo, tlhatlhobo ya ditlhangwa le tikologo. Mekamekana ka tsenelelo le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa. Baithuti ba tla lemoga le go gwetlha dikakanyo tsa batho ba bangwe, meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho tse di fitlhelwang mo ditlhangweng. Lemoga go sa lekalekaneng ka maemo ga mefuta e e farologaneng ya dipuo le ditiriso tse di farologaneng tsa dipuo. Baithuti ba tla kgona go gwetlha tiriso ya puo e le nngwe e e rileng go gaisa tse dingwe le go dirisa ditshwanelo tsa bona tsa puo mo boaging jwa fa go buiwang dipuo di le dintsi. BOANAMO Boakaretsi Go ruta le go lekanyetsa dipuo go tshwanetse go neela tπhono ya boakaretsi jwa baithuti botlhe, mme ditsela tsa go thusa baithuti botlhe di tshwanetse go bonwa di fitlhelela kgotsa di tlhagisa ditlhangwa tsa puo. Baithuti bangwe ba ba itemogelang dikgoreletsi ba ka se kgone go fitlhelela Maemo a Tekanyetso mangwe jaaka a neetswe mo Pegelong ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba. Ka jalo dintlha tse di latelang di tshwanetse tsa elwa tlhoko: Mareo, tlhalosa, anela, bua ka ga, boeletsa, kwalolola ka mafoko a gago, bua, botsa le tlotla a 10

tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano ya molomo le eo e seng ya molomo, go akaretswa le tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Lefoko tlhaeletsano ya molomo le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le didiriswa tsa tlhaeletsano. Fela jalo, lefoko puo ya molomo le akaretsa tlhaeletsano ya matsogo le mefuta mengwe ya tlhaeletsano. Mareo reetsa, leba, buisa le go lebelela, a akaretsa mefuta ya tlhaeletsano e e jaaka go lebelela dipounama fa mongwe a bua le go lebelela ka tlhokomelo puo ya matsogo. Baithuti ba ba nang le kgolofalo ya pono ba ka tlhoka didiriswa le dikwalo jaaka Boreili, digatisamantswe, mokwalo o mogolo, didiriswa tse di ka angwang, le ditshwantsho tse di takilweng. Lereo bona le ka tlhaloswa ka go diragatswa. Fa go twe buisa go akaretswa metswedi e e jaaka Boreili le dibuka tse di buang. Magato a puo Go ithuta puo mo STKT go akaretsa dipuo tsotlhe tsa semmuso: Afrikaans, English, isindebele, isixhosa, isizulu, Sesotho, Sesotho sa Leboa (Sepedi), Setswana, Siswati, Tshivenda Xitsonga, le Puo ya Matsogo mme go ka katolosetswa go dipuo tse dingwe tse di dumelelwang ke Lekgotla la Dipuo tsotlhe tsa Aferika Borwa. Dipegelo tsa Dirutwa tsa Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le Puotlaleletso ya Bobedi di ka fetolelwa mo dipuong tse di amogetsweng tsa seeng mme dipuo tse di ka rutwa mo dikarolong tsa Motheo kgotsa tse di ikgethelwang tsa Kharikhulamo. Dipuo tsotlhe di ka rutwa go ya ka magato a a latelang: Puo ya Gae: Puo ya gae ya moithuti e tshwanetse go matlafatswa le go godisiwa go mo naya motheo o o tiileng wa go ka ithuta dipuo tsa tlaleletso. Mo sekgamung sa Thuto le Katiso, e e Tswelelang dipuo tsotlhe tsa semmuso tsa Aferika Borwa di na le Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puo ya Gae tsa boleng jo bo ka lekalekanngwang le jwa dithuto lefatsheng lotlhe. Seno se tsamaelana le ditlhokego tsa Molaotheo tsa go tsaya dipuo tsotlhe ka maemo a a lekanang. Kgato ya go tlhaloganya puo ya gae e tshwanetse go nna mo maemong a e leng gore e ka dirisiwa jaaka puo ya go ruta le go ithuta. Bokgoni ba go reetsa le go bua bo ka godisetswa pele le go tokafadiwa, fela kgatelelo mo legatong le, e tla nna mo go godiseng bokgoni jwa go buisa le go kwala. Puotlaleletso ya Ntlha: Go ithuta Puotlaleletso ya Ntlha, go tla rotloetsa tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano mo gareg ga ditso. Dipoelo tsa go Ithuta tsa Puotlaleletso ya Ntlha di na le dikgato tsa bokgeleke jwa go dirisa dipuo jo bo fitlhelelang dikgato tsotlhe tse di tlhokegang go ithuta ka tsenelelo mo kharikhulamong yotlhe bogolo jang ka baithuti ba ka ithuta ka yone ka go e dirisa mo nageng ya rona. Seno se akaretsa bokgoni jwa tlhaloganyo ya kgopolo le ya botlhalefi mo dipuong tse di tlhokagalang mo go akanyeng le go ithuteng. Seno se akaretsa dipuo tsotlhe tsa semmuso. Go tla gatelelwa ka tekano bokgoni jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala. Puotlaleletso ya Bobedi: Go ithuta Puotlaleletso ya Bobedi, go tsweletsa pele thotloetso ya tiriso ya dipuodintsi le tlhaeletsano ya mo ditsong tsotlhe ka go farologana. Le fa bokgoni ba go buisa le go kwala 11

bo tla godisiwa, mo legatong le, kgatelelo e tla nna thata mo kgodisong ya bokgoni jwa go reetsa le go bua. Legato la Puotlaleletso ya Bobedi le tshwanetse go tota tokafatso ya tlhaeletsano magareng ga batho. Mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô tsa sekgamu sa Thuto le Katiso e e Tswelelang, baithuti botlhe ba tshwanetse go ithuta dipuo di le pedi tsa semmuso, ya ntlha e nne mo legatong la Puo ya Gae, fa e nngwe e le mo legatong la Puotlaleletso ya Ntlha kgotsa Puo ya Gae. E nngwe ya dipuo tse, mo karolong ya dirutwa tsa Konôkonô, e nne Puo ya go ruta le go ithuta. Mo karolong ya dirutwa tsa Motheo le tse di ikgethelwang, dipuo tsa semmuso dipuo di ka ithutiwa jaaka Puo ya Gae, Puotlaleletso ya Ntlha le/kgotsa Puotlaleletso ya Bobedi mo baithuting ba ba nang le kgatlhego e e rileng mo dipuong go tsweletsa pele go ithuta dipuo dintsi. DIKGOLAGANO TSA DITHUTO LE DITIRO Mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Tswelelang, dipuo di ithutiwa mo Karolong ya go Ithuta ya Dipuo; mo legatong la Thuto le Katiso e e Tswelelang, Lekala la go Ithuta la Dipuo le golagana le lefapha la thulaganyo ya go ithuta Thuto ya Tlhaeletsano le Puo la Lekgotla la Taolo ya Borutegi la Aferika Borwa: Go netefatsa tsweletso, metheo e e rulaganyang e e dirisitswe gape jaaka mo sekgamung sa Thuto le Katiso e e Akaretsang Kakaretso: dirisiwa: bokgoni jwa puo jwa go reetsa, go bua, go buisa le go kwala ke motheo mo kgodisong ya Dipoelo tsa go Ithuta; le tiriso ya mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa e letla baithuti go tlhatlhoba dintlha tsa bona, tsa setπhaba le tsa lefatshe lotlhe ka kakaretso le go aga kitso e e golang ya mo lefatsheng. Go ithuta dipuo go ka lebisa kwa ditirong tse di ikaegileng ka puo jaaka bokwadi jwa dikgang, phetolelo, thutapuo, thekiso, bobapatsi, thuto ya bogolaganyi jwa tsa matlhale jj. Le fa go le jalo, go totobetse gore dipuo ke motheo wa go ithuta, e seng fela mo botshelong jwa ka metlha, le kwa madirelong. Go nna le kgolo mo kgwebong, go ikaegile ka bokgoni jo moithuti a nang le jona mo puong. Mo lefatsheng le le tletseng kgwetlho e e kwa godimo ya thekenoloji, gore moithuti a fitlhelele sengwe, go ikaegile ka bokgoni jwa gagwe jwa tlhaeletsano. Puo ke senotlele sa gotlhe. Fa puo e sa rutiwa sentle ditsela di le dintsi tsa moithuti di ka tswalega. Bokgoni jwa go buisa go kwala le go tlhaeletsana ke motheo wa go kgontsha moithuti go feleletsa ditiro tsa ka metlha, le go nna le seabe mo dithutong tsa botshelo tse moithuti a di tlhokang go ka mekamekana le botshelo. Puo ke sediriswa se se ka thusang moithuti mo tsweletsong ya botsalano le batho ba ba leng mo tikologong e a leng mo go yona. Tshisimogo e puo e dirisiwang ka yone, e tlisa katlego kgotsa thetelelo ya go dira botsalano gantsi mo bathong. 12

DIPOELO TSA GO ITHUTA Boanamo le maitlhomo tse di umakilweng fa godimo di kgobokantswe mo Dipoelong tsa go Ithuta di le nne. Le fa Dipoelo tseno tsa go Ithuta di kgaogantswe, nngwe le nngwe e ikemetse ka boyone di tshwanetse go rutwa le go lekanyetswa mmogo. Poelo ya go Ithuta 1: Go reetsa le go bua Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng. Baithuti ba tlhaloganya gore go bua le go reetsa ke ditiro tse di tlwaelegileng mo botshelong jwa ka gale tse di diragalang mo maemong a a rileng le mo maitlhomong le mo baamogeding ba tshedimosetso ba ba farologaneng, le gore mefuta ya ditlhangwa tsa molomo le tirisopuo e e maleba di a farologana. Ba lemoga le go dirisa ditlhangwa tse di maleba tsa molomo le tirisopuo mo maemong a semmuso le a e seng a semmuso. Go reetsa le go bua ke pinagare ya dirutwa tsotlhe. Ka ditsela tse di nonofileng tsa go reetsa le go bua, baithuti ba kgobokanya le go tlhotlha tshedimosetso mmogo, aga kitso, rarabolola mathata le go tlhagisa dikakanyo le dintlhakemo. Bokgoni jwa go reetsa ka tsenelelo go kgontsha baithuti go lemoga meetlo le maikutlo ka sengwe/mongwe tse di fitlhelwang mo ditlhangweng le go gwetlha go tsaya letlhakore le puo ya go tlhotlheletsa ka botlhale. Poelo ya go Ithuta 2: Go buisa le go lebelela Moithuti o kgona go buisa le go lebelela, go tlhaloganya le go tlhatlhoba ka tsenelelo mme a tsibogela mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditlhangwa. Bokgoni jo bo agegileng sentle jwa go buisa le go lebelela ke pinagare mo tsweletsong ya go ithuta mo kharikhulamong ka bophara le go tsaya karolo ka botlalo mo botshelong jwa ka gale le kwa ditirong. Baithuti ba ikgodisa mo bokgoning jwa go buisa le go lebelela mefuta e mentsi e e farologaneng ya dintlhangwa, tse di kwa wang le tse di sa kwalweng go akaretswa tse di bonwang le tsa tshedimosetso. Baithuti ba lemoga ka mo dikwalo le mekgwa ya go dirisa puo di bontshang maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le maemo a setlhangwa ka teng. Baithuti ba dirisa mefuta e e farologaneng ya ditsela tsa go buisa le go lebelela go ikaegilwe ka maitlhomo a bona a go buisa le mofuta wa setlhangwa. Ba aga bokao go tswa mo ditlhangweng, lemoga meetlo le go itlhoma mme ba tsibogela ka tshwanelo. Ka go buisa le go lebelela baithuti ba batlisisa le go tsaya tshwetso ka botsalano jwa seemo sa bona le batho bangwe. Puiso ya ditlhangwa tse di kwadilweng e neela boithuti dikao tse ba ka di dirisang fa ba ikwalela. 13

Poelo ya go Ithuta 3: Go kwala le go tlhagisa Moithuti o kgona go kwala le go tlhagisa mo mefuteng e mentsi e e farologaneng ya maitlhomo le go baamogedi ba tshedimosetso a dirisa melawana le dipopego tse di maleba mo bokaong jo bo farologaneng. Go kwala ke sediriswa se segolo sa go tlhaeletsana o o dumelelang mokwadi go bopa le go tlhaeletsa mogopolo le dikakanyo ka tomagano. Go kwala kgapetsakgapetsa mo maemong, ditiro le mafapha a dirutwa a a farologaneng go kgontsha baithuti go tlhaeletsana ka mokgwa wa tirisano le wa boitlhamedi. Maitlhomo ke go tlhagisa bakwadi ba ba nonofileng, le ba ba kgonang go fetoga bonolo, bao ba tla kgonang go dirisa bokgoni jwa bona go bopa ditlhangwa tse di maleba tse di kwadilweng, bonwang le tsa ditlhangwa tse di dirisang ditsela tsa tlhaeletsano tse di farologaneng mo maitlhomong a a farologaneng. Poelo ya go Ithuta 4: Thutapuo le tiriso Moithuti o kgona go dirisa dipopi le melawana ya tiriso ya puo ka tsela e e maleba le ka nonofo. Ka go dirisa ditlhangwa tse di farologaneng kitso ya baithuti ya tlotlontswe e a oketsega le go tlhaloganya popegopuo mme ba di dirise ka tshwanelo. Baithuti ba nna le maitemogelo a a tseneletseng a ka fao meetlo le tlhotlheletso ya maemo a motho di ageletsweng mo puong ka teng gammogo le gore puo e ka dirisiwa jang go susumetsa batho. 14

15

KGAOLO 3 DIPOELO TSA GO ITHUTA, MAEMO A TEKANYETSO, DITENG LE BOKAO Kereiti ya 10 Poelo ya go Ithuta ya 1 Go reetsa le go bua Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le bokaong jo bo farologaneng. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha kitso ya mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ya molomo e e dirisiwang go tlhaeletsana le batho ba bangwe: ithuta le go abelana ka dikakanyo supa go tlhaloganya dikgopolo, tshwaela ka maitemongelo, dibela dikakanyo, tsiboga a sa ipaakanya, tlhagisa kanelo; simolola le go tsweletsa motlotlo e bile o simolola go nna le bokgoni jwa go refosana mo puong, tlatsa diphatlha le go rotloetsa mo go leng maleba; neela le go latela ditsela le ditaelo; tsaya karolo mo dipuisanong tsa ditlhopha ka go tlhagisa dikakanyo le megopolo ya gagwe, go reetsa le go tlotla dikakanyo tsa ba bangwe, a ntse a mekamekana le dintlha tse di farologaneng jaaka boakaretsi le tlhotlheletso ya maemo a motho, le dintlha tsa tikologo, boitshwaro, tshedisano le tsa setso, le dintlha tsa ditshwanelo tsa botho; tsaya karolo mo dipuisanong, dikganetsanong, dikopanong tsa semmuso a latela ditsela tse di siameng; itsise sebui le go digela ka ditebogo; tsamaisa dipotsolotso tse di tlhamaletseng le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba. 16

Kereiti ya 11 Kereiti ya 12 Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha kitso ya mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ya molomo ma maitlhomong a go tlhaeletsana le batho ba bangwe: ithuta le go abelana ka dikakanyo, supa go tlhaloganya dikgopolo, tshwaela ka maitemogelo, emelela ntlha, go tsiboga a sa ipaakanya, buisetsa kwa godimo, le go anela; simolola le go tsweletsa motlotlo ka go bontsha bokgoni jo bo maleba jwa thefosano mo motlotlong, tlatsa diphatlha le go rotloetsa mo go leng maleba; neela le go latela ditsela le ditaelo ka nepagalo e e golang; tsaya karolo mo dipuisanong tsa ditlhopha go tlhagisa dikakanyo le megopolo ya gagwe, go reetsa le go tlotla tsa ba bangwe, a ntse a mekamekana le mefuta ya dintlha tse di jaaka boakaretsi le tlhotlheletso ya maemo a motho, tikologo, melao ya boitshwaro le tshedisano le tsa setso le dintlha tsa ditshwanelo tsa botho; tsaya karolo mo dipuisanong mo ditlhopheng, dikganetsanong, le dikopanong tsa semmuso a latela ditsela tse di siameng; itsise sebui ka botlalo le go digela ka ditebogo; dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha kitso ya mefuta e e farologaneng ya tlhaeletsano ya molomo mo maitlhomong a go tlhaeletsana le batho ba bangwe: ithuta le go abelana ka dikakanyo, supa go tlhaloganya dikgopolo, ka maitemogelo, emelela ntlha, go tsiboga a sa ipaakanya, buisetsa kwa godimo, le go anela; simolola le go tsweletsa motlotlo ka go bontsha bokgoni jo bo maleba jwa thefosano mo motlotlong, tlatsa diphatlha le go rotloetsa mo go leng maleba; neela le go latela ditsela le ditaelo ka nepagalo; tsaya karolo mo dipuisanong tsa ditlhopha ka nonofo go tlhagisa dikakanyo le megopolo ya gagwe le go reetsa le go tlotla tsa ba bangwe, a ntse a mekamekana le mefuta ya dintlha tse di jaaka boakaretsi le tlhotlheletso ya maemo a motho, tikologo, melao ya boitshwaro le tshedisano le setso le tsa dintlha tsa ditshwanelo tsa botho; tsaya karolo mo dipuisanong mo ditlhopheng, dikganetsanong, diforamong le dikopanong tsa semmuso a latela ditsela tse di siameng; itsise sebui le go digela ka ditebogo; dirisa bokgoni jwa dipotsotherisano le go bega ka diphitlhelelo mo go leng maleba. 17

Kereiti ya 10 Poelo ya go Ithuta ya 1 (Tsweletso) Go reetsa le go bua Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go rulaganya le go batlisisa ka maitlhomo a go dira ditlhagiso tsa molomo: dira dipatlisiso ka setlhogo ka go lebelela mo metsweding e e farologaneng ya tshedimosetso; rulaganya dintlha ka tomagano ka go tlhopha dikakanyokgolo le dintlha tse di maleba kgotsa dikao tse di tshegetsang; lemoga le go tlhopha dikagego, tlotlontswe le melao le dipopi tsa puo; baakanyetsa matseno le bokhutlo ka tekano; akaretsa didiriswa tse di bonwang le tsa ponokutlo jaaka ditπhate, diphousetara, dinepe, diselaete, dikgopolo, ditshwantsho mmino, medumo le tlhaeletsno tsa eleketeroniki tse di maleba. 18

Kereiti ya 11 Kereiti ya 12 Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go rulaganya le go batlisisa ditlhagiso ka maitlhomo a go dira ditlhagiso tsa molomo: dira dipatlisiso ka setlhogo ka go lebelela mo metsweding e e farologaneng ya tshedimosetso; rulaganya didiriswa tsa go ruta le go ithuta ka tomagano ka go tlhopha dikakanyokgolo le dintlha tse di maleba le tse di nepagetseng kgotsa dikao tse di tshegetsang; lemoga le go tlhopha dikagego, tlotlontswe, dipopi tsa puo le melao tse di leng maleba; baakanyetsa matseno le bokhutlo ka tekano; akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa kutlopono, jaaka ditπhate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go baakanya le go batlisisa ditlhagiso ka maitlhomo a go dira tsa molomo: dira dipatlisiso ka setlhogo ka go lebelela mo metsweding e e farologaneng ya tshedimosetso; rulaganya didiriswa tsa go ruta le go ithuta ka tomagano ka go tlhopha dikakanyokgolo le dintlha tse di maleba le tse di nepagetseng kgotsa dikao tse di tshegetsang; lemoga le go tlhopha dikagego, tlotlontswe, dipopi tsa puo le melao tse di maleba; baakanyetsa matseno le bokhutlo ka nonofo; akaretsa didiriswa tse di bonwang, utlwelelwang le tsa ponokutlo, jaaka ditπhate, diphousetara, dinepe, diselaete, ditshwantsho, mmino, medumo le tlhaeletsano tsa eleketeroniki tse di maleba. 19

Kereiti ya 10 Poelo ya go Ithuta ya 1 (Tsweletso) Go reetsa le go bua Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go reetsa le go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka maikutlo: dirisa didiriswa tsa puo ka maano a bokgeleke jaaka dipotso tse di sa batleng dikarabo, dikhutso, dipoapoeletso; dirisa le go tsibogela segalo, tlhagelelo ya lentswe go bua ka lobelo le tebo ya matlho, moemo le puo ya mmele ka tsela e e maleba; kapodisa mafoko sentle a sa fose bokao bogolo jwa nako; bontsha go tlhaloganya ditlhangwa tsa molomo ka go kwala dikakanyokgolo le/kgotsa tse di tshegetsang jaaka go kwala dintlha, manaanenetefatso, ditshobokanyo, go boeletsa se se utlwilweng le/kgotsa go bua gape le go tlhalosa; reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle. 20

Kereiti ya 11 Kereiti ya 12 Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go reetsa le ba go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka maikutlo: dirisa didiriswa tse di tlwaelegileng tsa puo e e tlhotlheletsang jaaka dipotso tse di sa batleng dikarabo, dikhutso le dipoapoeletso; dirisa le go tsibogela segalo, tlhagelelo ya lentswe, go bua ka lobelo, tebo ya matlho, kemo le puo ya mmele ka tsela e e maleba; kapodisa mafoko sentle a sa fose bokao; bontsha go tlhaloganya ditlhangwa tsa molomo ka go kwala dikakanyokgolo le/kgotsa tse di tshegetsang jaaka go kwala dintlha, lenaanenetefatso, ditshobokanyo, go kwalolola ka mafoko a gagwe le/kgotsa go boeletsa se se utlwilweng le go se tlhalosa; reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha bokgoni jwa go reetsa le ba go neela ditlhagiso tsa molomo ka thelelo le ka maikutlo: dirisa le go tlhatlhoba didiriswa tse di tlwaelegileng tsa puo e e tlhotlheletsang jaaka dipotso tse di sa batleng dikarabo, dikhutso le dipoapoeletso; dirisa le go tsibogela segalo, tlhagelelo ya lentswe, go bua ka lobelo, tebo ya matlho, kemo le puo ya mmele ka nonofo; kapodisa mafoko sentle a sa fose bokao; bontsha go tlhaloganya ditlhangwa tsa molomo ka go kwala dikakanyokgolo le/kgotsa tse di tshegetsang jaaka go kwala dintlha, lenaanenetefatso, ditshobokanyo, go kwalolola ka mafoko a gagwe le/kgotsa go boeletsa se se utlwilweng le go tlhalosa; reetsa ka tsenelelo le go tsibogela dipotso go tlhalosa tse di sa tlhaloganyegang sentle. 21

Kereiti ya 10 Poelo ya go Ithuta ya 1 (Tsweletso) Go reetsa le go bua Moithuti o kgona go reetsa le go bua ka maitlhomo a a farologaneng, go baamogedi ba tshedimosetso le mo bokaong jo bo farologaneng. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: dirisa setaele le mekgwa e e maleba ya go dirisa puo go ya ka maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le bokao; lemoga le go tlhalosa mekgwa e e farologaneng ya go dirisa puo ka tlhaloganyo le kgatlhego e e golang; lemoga le go dirisa mekgwa ya tlhotlheletso mo maemong a a tlwaelegileng; farologanya magareng ga dintlha le dikakanyo; dirisa tshwetso e e ikaegileng ka mabaka le dikatlholo o be o dire le maiteko a go tshegetsa; tlhotlhomisa ka mo bokao bo ka fosagatswang ka teng ka go akaretsa kgotsa go tlogela tshedimosetso nngwe ka bomo; lemoga le go tlhalosa mekgwa ya tiriso ya puo, jaaka puo ya setegeniki le mafoko a a dirisiwang ke batho ba ditiro tse di rileng; lemoga kgolagano fa gare ga puo le setso, le puo le thata ya go dira sengwe a a lemosegang; lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo a a lemosegang le a tlhotlheletso, a tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa. 22

Kereiti ya 11 Kereiti ya 12 Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: dirisa setaele, le rejista go ya ka maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le bokao; lemoga, tlhaloganya, le go kgatlhegela ditsela tse di farologaneng tsa go dirisa puo; lemoga le go dirisa mefuta ya dithekeniki tsa puo ya tlhotlheletso; farologanya magareng ga dintlha le dikakanyo mme a fe bosupi; dirisa tshwetso e e ikaegileng ka mabaka le dikatlholo a be a tshegetsa ka bopaki; tlhalosa ka mo bokao bo ka fosagatswang ka teng ka go akaretsa kgotsa go tlogela tshedimosetso nngwe ka bomo; lemoga mekgwa ya tiriso ya puo jaaka puo ya setegeniki le mafoko a a dirisiwang ke batho ba ditiro tse di rileng; tlhalosa kgolagano fa gare ga puo le setso le puo le thata ya go dira sengwe; lemoga le go gwetlha puo e ya maikutlo le ya tlhotlheletso, go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa, tse di mo pontsheng. Maemo a Tekanyetso Re itse se fa moithuti a kgona go: bontsha temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo mo mabakeng a ditlhagiso tsa molomo: dirisa le go tlhatlhoba setaele, le rejista go ya ka maitlhomo, baamogedi ba tshedimosetso le bokao; lemoga, tlhaloganya, le go kgatlhegela ditsela tse di farologaneng tsa go dirisa puo; lemoga le go dirisa mefuta ya dithekeniki tsa puo ya tlhotlheletso; farologanya magareng ga dintlha le dikakanyo mme a fe bosupi fela fa go tlhokega; dirisa tshwetso e e ikaegileng ka mabaka le dikatlholo a be a tshegetsa ka bopaki jo bo tlhotlheletsang; tlhalosa ka mo bokao bo ka fosagatswang ka teng ka go akaretsa kgotsa go tlogela tshedimosetso nngwe ka bomo; lemoga le go tlhatlhoba mekgwa ya tiriso ya puo jaaka puo ya setegeniki le mafoko a a dirisiwang ke batho ba ditiro tse di rileng; tlhalosa kgolagano fa gare ga puo le setso le puo le thata ya go dira sengwe; lemoga le go gwetlha puo ya maikutlo le ya tlhotlheletso, go tsaya letlhakore, go fetsa mogopolo ka sengwe/mongwe le go naganela ntlheng e le nngwe jaaka go gasagasa kgang le go phasalatsa. 23