NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

Similar documents
GRADE 10 SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI PAMPIRI YA BORARO 4. NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION MADUO: 80. NAKO: 3 diura

Buka ya ka ya Tirogae (2)

The$Management$of$Spinal$Pain$without$ Serious$Pathology$or$Neurological$Deficits$

PEGELO YA PHOLISI YA BOSETŠHABA YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO MEPHATO R-3

THOTLOETSO. Dulang. 2 Ke itumetse tshokologong eno go ema fano gape, mme fa. 3 Jalo, fela ke batla go bua sena, motlhang ke fitlhang kwa

MADU A A PHUNYEGILENG

tse di rileng tse di tshwanetseng go gakologelwa fa re uma mmidi.

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

MADU A A PHUNYEGILENG

baanelwa ba diteng; baanelwa ba thulaganyo; baanelwa ba ba sa itekanelang; le baanelwa ba ba itekanetseng.

Kereke Le Seemo Sa Yone

Bolemirui ba mofuta mongwe le mongwe. Nako e gorogile go tlhoma MOLEMIRUI WA NGWAGA. Bala Moteng: DIPHALANE Lekwalo la Grain SA la balemipotlana

thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO

Bakaulengwe, go molemo go

PUSO YA DIKGAOLO MO BOTSWANA BUKANA YA LENANEO LA BONG

Cambridge International Examinations Cambridge Ordinary Level

Mangoroo e anela ka ga mathata, rnangoroo

Boitsholo jo bo itshekileng 01203_763_Chastity.indd 1 4/18/13 9:52 AM

O rata LovCash thata. YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga. Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana

Boleo kgatlhano le Modimo

Bukana e e dirilwe ka thotoetso ya batho ba lefatshe la America ka lenaneo la Presidents Emergency Plan for Aids Relief (PEPFAR) le U.

YBB e fentse sekgele gatlhano jaanong Badirammogo

KGATISO 8 No 6 Diphalane Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Madiba Mop Manie

Government Gazette Staatskoerant

UNIVERSITY OF SWAZILAND FINAL EXAMINATION PAPER- MAY 2012 SECOND LANGUAGE (SOUTHERN SOTHO) 1. ANSWER ALL THE QUESTIONS.

KEREITI 12 LOETSE 2012 SESOTHO PUO YA LAPENG PAMPIRI YA 2

Alumni. Awards/Toekennings

LEFAPHA LA TEMOTHUO, JALO YA DIKGWA LE BODIRELATLHAPI REPHABOLIKI YA AFORIKABORWA

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE KREITI YA 12

Lesson Plans Gr. 1 Term 3 Sesotho

NWU JUNIE Gesels saam op. Johnson-broers besoek Fakulteit. RSG gesels met dr Mandie Uys. Partners in Education

LETSHWAO LA SEBATA 1. Letshwao La Sebata

Boko le boitshwaro. The brain and the behaviour Sesotho B&W

KERNKONSEPTE / KEY CONCEPTS/ KAKANYOKGOLO

HLOMAMISO 1 HLOMAMISO

Bana beso ho phatlalla le lefatshe

SESOTHO HOME LANGUAGE LESSON PLAN EXEMPLARS GRADE 3 TERM

*16 22 Phato SABATHA MOTŠEARE OA MANTSIBOEA. Deut. 32:4; Ps. 28:1; Johanne 17; Johanne 15:1 5; Matt. 7:1 5; Matt. 5:23, 24; 18:15 18.

Moapostola wa Bophelo. 16 Phupjane Hlakola Novena Prayer

Moena Neville, le Moena Capps, le Moena Collins, le basebeletsi MOSEBETSI O TSWILENG MATSOHO 1

The House rose to observe a moment of silence in honour of the late Makhaketla Leipa

THUTO TSA SEKOLO SASABATA. Bophelo ba Abrahama

DIKHOMIKI Sesotho TSE KOPANYANG DITJHABA Bahale ba Diphetoho

Kanegelo ya Nimirode: Re lebelela diphihlelelo tša gagwe ka lefsa

AFRICA BAKENG SA maafrika A LENG MONA MMOHO LE A LENG. THEHA DIKAMANO TSA SEJHABA SA maafrika BOEMONG BA

Drive your imagination. Happy birthday, Nal'ibali! Mahlohonolo a Letsatsi la Tswalo, Nal'ibali! Read with me. Every day. Bala le nna. Kamehla.

Published by Nalane ka Fezekile Futhwa PO Box 1452 Alberton 1450

Tataiso ya Melao ya Boitshwaro. Melao ya Boitshwaro. Matla a ho etsa kgwebo hantle

Setho se Ratehang sa Bohlokwa PHETOHELO HO MOKGATLO WA KGWEBO O TSAMAISWANG KE SEHLOPHA SA BATHO WA MANTLHA (PRIMARY CO-OPERATIVE)

E.K.K. MATLALA: MONGWADI WA DITAODIŠO TŠA MATHOMO TŠA SEPEDI

Ge mofetoledi (1987: vii) a bolela ka ga puku yeo ya Kristeva, ore:

Letsatsi la Kotulo la selemo le selemo la. Ntshetsopele ya Molemi e kgahla NAMPO. Bala Ka Hare: PHUPU 2014

ENNIAH MATEMANE LEKGANYANE

Melao ya Motheo ya Kgwebo ya Kopanelo ya Nestlé

Mmampodi twantshong ya mahola. Bala Ka Hare: MPHALANE Koranta ya Grain SA ya bahlahisi ba ntseng ba hola

Academic Achievers Awards 2016

TO IMPROVE LIVESTOCK BOREHOLE DATABASE IN KGALAGADI DISTRICT COMMUNAL GRAZING AREA

Moms are models! Bomma ke mehlala! Drive your imagination. Story Power. Bring it home. Tliša maatla a kanegelo ka gae.

PULA IMVULA. Jwalo ka ha ho etsahala bophelong ba. Sekgahla sa mycotoxin bophelong ba diphoofolo. Bala ka hare: Phato 2017

@ NWU Inspireer tot innovasie

ba habo, a tšelela a nyala moetsalibe, mosebeletsi oa lisèto, a rapela melingoana. A nyala Jesebele. Me e se molumeli.

Feesprogram / Festival Programme

Academic Achievers Awards. Toekennings vir Akademiese Presteerders Difoka tša Thuto tša Bao ba Atlegilego

Provincial Gazette Provinsiale Koerant Gazete ya Xifundzankulu Kuranta ya Profense Gazethe ya Vundu

SSB/TRP/MDM 2009(54) Peer reviewed and revised

Die afgelope tyd was baie moeilik

41/2/9 Student Affairs Programs and Services General Correspondence, Box 1:

Visie, Waardes en Missie

FOR SALE EXQUISITE FAMILY HOME. Bracken House, Cosher, Kilmuckridge, Co Wexford

L A S COLINA S PL A Z A

6. Temo ea lifate tsa litholoana

VISIE, WAARDES EN MISSIE

This text was narrated by Stephen Theseira ( ), Praya Lane, Malacca, 1981.

UNIVERSITY CITY ENTERTAINMENT DISTRICT

JAARVERSLAG 2013 Omslag_vir litho_finaal_5 Aug_converted.indd /08/05 10:40:00 AM

AIDS. HELPLINE I oaoo I. We all have the power to prevent AIDS. Prevention is the cure

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 1 0 SEPTEMBER 1998 NOTICE 2275 OF 1998 GAUTENG PROVINCIAL LEGISLATURE

Yarmouth County Registry of Deeds

Die Rektor en Visekanselier, prof.

koranta eabasebetsi april 1974

For Lease. Retail, Office, Warehouse CONVENIENTLY LOCATED NEAR I-25 NORTH. Lease Rate $ $8.55/SF Modified Gross. Available

3. Los Angeles County Department of Public Works Attn: Gail Farber, Director of Public Works 900 South Fremont Avenue Alhambra, CA

BOARD OF COUNTY COMMISSIONERS AGENDA ITEM SUMMARY PLACEMENT: CONSENT PRESET: TITLE: ACCEPTANCE OF A DRAINAGE EASEMENT FROM CASA PISCES, LLC (CASA)

VICTORY IN THE CENTER OF IT ALL - DELIVERING MARCH 2018

NEW STANDARDS IN ADVERTISING. What California REALTORS Need to Know

Gated communities in South Africa: Tensions between the planning ideal and practice

Koleke Ōlelo Hawai i o Ka Haka Ula O Ke elikōlani NĀ HA AWINA KĀLĀ HELE KULANUI, LĀ PALENA PAU: 15 Apelila 2016

Annex B. Notification and Registration Public Participation Material

Alles aan die UV is in rep en roer vir die

Government Gazette Staatskoerant

Gedurende die hersiening van die Institusionele

Mr Jeremiah Madiba CHIEF EXECUTIVE OFFICER

TOWNSHIP OF ALLEN NORTHAMPTON COUNTY, PENNSYLVANIA AMENDMENTS TO THE ZONING MAP CONTAINED IN THE CODE OF ORDINANCES OF ALLEN TOWNSHIP ORDINANCE NO.

Hoo.fstuk V 5.0 Die vormkenmerke van die prysgedig

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 28 SEPTEMBER 1998 GENERAL NOTICE NOTICE 2496 OF 1998

Planning & Zoning Commission

Expression 889. Manual. Stitches. Sewing Machine. + On/off switch + 4 step button hole + Stitch width control. Bukanayaditaelo Ibhukwa Lemiyalelo

Marion County Board of County Commissioners

Koudjay SYDNEY GUILLAUME. Music by. for SSA Chorus, unaccompanied. Text by GABRIEL T. GUILLAUME. Copyright 2008 Sydney Guillaume All Rights Reserved

Transcription:

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) TLHAKOLE/MOPITLWE 2016 MADUO: 70 NAKO: Diura di le 2 Pampiri e, e na le ditsebe di le 11.

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: KAROLO YA B: KAROLO YA C: Tekatlhaloganyo (30) Tshobokanyo (10) Tiriso ya puo (30) 2. 3. 4. 5. 6. 7. 8. 9. Araba dipotso TSOTLHE. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: KAROLO YA B: KAROLO YA C: Metsotso e le 50 Metsotso e le 30 Metsotso e le 40

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO POTSO 1 1.1 SETLHANGWA A (TEMANA) 1 2 3 4 5 6 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 'O kae mosimane Moipolai?' 'Ga a yo o ile morakeng. Ka gale o tlodisa beke e le nngwe, mme e re e nngwe e fela, a tseye baesekele a ye go tlhola gore badisa kwa morakeng ba ntse ba tshwere jang. Beke e nngwe o nna mo gae, a re o batla go ya kerekeng. Ka re ruri batho ba tsenetswe ke ba bangwe mo sekgoropeng. Letsatsi lengwe o kile a mpontsha setshwantsho sa monna mongwe wa mosweu a bapotswe mo sefapanong, mme a mpolelela fa a bapotswe ke rona. Ke batlile go mo itaya ka lore lo.' 'Rre Majakathata, ke tla jaana mabapi le mosimane, Moipolai.' Pelo ya ga Ntlhaapelo e ne ya uba mo dikgopong, a ne a gopola gore morutabana o tlile go bega molato wa mofuta mongwe. Kana mogokgo o buile fela kwa tshimologong gore o tlile ka kgang e e bokete, e e batlang batsadi ba mosimane. 'Fa ke tsaya boeteledipele jwa sekolo sa Alogang, ke fa mosimane a le mo mophatong wa ntlha. Ke fa a latlha letlapa, mme a simolola go kwalela mo bukeng. Go fitlha mo ngwageng o, ke mo ithutile dingwaga di le thataro. Rra, o na le ngwana.' Pelo ya ga Ntlhaapelo e ne ya simolola go tibela kwa tlase le go boela mo mannong. Ngwana yo o boikobo, yo o tlhogo, yo o maitseo, yo o dilo tsotlhe. Ke ena mothusi wa me mo dilong tse dintsinyana. Ke ena motsholadinotlolo tsa sekolo. Motho yo o tletseng poifo-modimo, selo se e leng tshimologo ya botlhale. Fa a bua ntlha ya bofelo, Ntlhaapelo a mo lebelela kwa godimo, mme a ingwaya seledu. Mo pelong o ne a ntse a re, 'o simolotse morutegi ka dilo tsa borutegi'. Mo ditekong o sa le a ntse a tsaya maemo a ntlha le go fitlha gompieno jaana. Jaanong, rra, ke ne ke re ngwana o mo mophatong wa bofelo. O na le mpho ya Modimo le boboko jwa thuto. Mo motseng wa Kweneng, ga go na barutegi. O ka mo isa sekolong go ithutela bolemisi. Fa a ntse jalo, o tlaa ruta bagaabo go tlhabolola leruo le go somarela mmu. Sekolo sa thuto e, se kwa Taung. O ka nna wa mo isa sekolong a ya go ithutela boruti, o na le kgatlhego e ntsi thata go tsa sedumedi. Sekolo sa boruti se fela fa Marang, magareng a Phokeng le Tlhabane. O ka nna wa mo isa sekolong go katisiwa jaaka morutisi. O tla re a tswa koo a fete a dire go tsosa setšhaba sa gaabo. Bakwena ba tlaa romela bana ba bona kwa dikolong. Semela sa thuto mo Kweneng e be e le gore se mela kwa gooramajakathata. Lo tla bo lo le losika lwa pula dikgoro. Se sengwe se ke se lemogileng ka mosimane ke gore, o na le neo ya go dira ka diatla. Ngwana yo wa gago ke kgakgauta, petleke ya malemela gotlhe. O ka mo isa sekolong go ya go ithuta go aga, go betla le ditiro dingwe tse di amanang le kago. Go na le dikholetšhekatiso tse dintsi tse di katisang makolwane le makgarebe go nna barutisi. Sekolo sa dithuto tsa diatla sona se kwa Vlakfontein. Ka re setswerere mosimane yo. Ke ne ke re rra, naganela mosimane.' 5 10 15 20 25 30 35 40

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 7 8 9 10 Mogokgo o buile ka boleele, Ntlhaapelo a mo reeditse. Mogokgo o ne a itlhoma gore, monna o mo reeditse a isa mafoko a gagwe kwa tlhogong. Moeka o ne a reeditse, mme ka fa go le lengwe, a eta a batla a gagwe marumo, a a yang go itlhabanela ka ona. 'A o feditse monna?' 'Ee rra, nte ke rialo.' 'Monna Motlhagolatsela, ke ntse ke go reeditse ka ditsebe tse pedi. Ke ntse ke reeditse ditlontlokwane le maithamako a gago.' Fa a ntse a bua a sotla jaana, ke fa mogokgo a hupetswe ke ditshego, fa a gakologelwa tse a di boleletsweng ke rre Sejo. O ne a eletsa e kete o kabo a le fa, a mo thuse go utlwa. 'Monna fa o mpona ke riana, ke tswa kgakala le selo se go tweng kgomo. Ga ke e wele godimo maabane. Ntate o ntlogeletse ditlhakanyana fela di ka tlala seatla. Ke ntse ke sa tswe sekolong jaana, ke kgonne go di atisa. Gompieno ke morui, morui wa kgomo, podi le nku. Ke itlhokela fela dipidipidi, diganse le dikalakuni. Ga go Mokwena yo o ka nkatamelang ka leruo.' 'Ke ka moo ke neng ke...' O ne a mo tsena ganong: 'Monna wee! O buile ka go naya sebaka. Jaanong go bua nna, nneye sebaka. Ga ke bue ka kgomo ya mo dibukeng ya lona barutegi. Ke bua ka kgomo e e dinaka, kgomo mmuu! Rona re itse go bopa kgomo ka mere ya rona ya Setswana. Ga re tshosiwe ke kgomo fa e faretswe, e robegile, e tshwerwe ke bolwetse bofe kana bofe. Fa mosimane a tswa sekolong e le morutisi, o tla be a ipitsa morutegi a tlhola a bofile thai a be a nthaya a re kgomo e tla mo kgotlela.' [Moipolai, II Lesenyane] 45 50 55 60 1.1.1 Moipolai ke ngwana yo o ntseng jang? Naya dintlha di le PEDI ka ga semelo sa gagwe. (temana 4) (2) 1.1.2 Ke dithuto dife tse mogokgo a neng a di tlhagisa gore Moipolai a ka di ithutela? Bolela di le PEDI fela. (temana 5 le 6) (2) 1.1.3 Ntlhaapelo o ne a tshositswe ke eng mo puong ya ga morutabana? (1) 1.1.4 Fa Rre Majakathata a re: 'Ka re ruri batho ba tsenetswe ke ba bangwe mo sekgoropeng', o kaya eng? (temana 1) (2) 1.1.5 Moipolai o ne a dirile eng fa rraagwe a tlaa batla go mo itaya ka lore? (temana 1) (2)

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 1.1.6 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Batho ba ba dumelang mo monneng yo o mo setshwantshong se Moipolai a neng a se bontsha rraagwe ke ba tumelo efe? A B C D Seiselamo Sekeresete Tumelo ya Seaforika Sejuta (1) 1.1.7 Lebaka la mogokgo la go etela Rre Majakathata ke lefe? (2) 1.1.8 A Moipolai o ne a ya morakeng beke nngwe le nngwe? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 1.1.9 A Majakathata o ne a rata thuto? Tshegetsa karabo ka lebaka. (temana 10) (2) 1.1.10 A o ka nna morui wa makgonthe fa fela o tswa sekolong? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 1.1.11 Go ya ka wena, a Rre Majakathata o tlaa isa Moipolai sekolong jaaka mogokgo a mo gakolola? (2) 1.1.12 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore Moipolai e ne e le ngwana yo o botlhale? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 1.2 SETLHANGWA B (SETSHWANTSHO) Leba setshwantsho se se latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 1 2 2 3 3 4 4 [Se rulagantswe sešwa go tswa mo ditshwantshong tsa inthanete]

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 1.2.1 Ke dirutwa dife tse o tshwanetseng go di dira fa o batla go dira ditiro tse di mo papetlaneng ya 2 le 3? (2) 1.2.2 Ke dipapetlana dife go tswa mo go SETLHANGWA B, tse di amanang le ditiro dingwe tse mogokgo a reng Moipolai a ka di ithutela mo temaneng? Kwala dipalo tsa dipapetlana fela. (2) 1.2.3 Tema le setshwantsho, di farologana jang mabapi le go sekamela mo letlhakoreng le le lengwe la bong? (2) 1.2.4 Motho o tlhoka thutego le bokgoni jo bo rileng go ka fitlhelela ditiro tse di mo setshwantsong. Dumela kgotsa o ganetse, mme o tshegetse ka lebaka. (2) PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 KAROLO YA B: TSHOBOKANYO POTSO 2 Buisa temana e e fa tlase ka kelotlhoko. E bua ka ga go itshireletsa ga bašwa kgatlhanong le go sotlwa kana go kgokgontshwa. ELA TLHOKO: O tshwanetse go dira tse di latelang: Sobokanya o dirisa mafoko a gago, mme o sa latlhe bokao jwa temana, ka go tlhagisa dintlha tse bašwa ba tshwanetseng go di dira gore ba tle ba sireletsege kgatlhanong le tshotlako. Kwala ka temana. Boleele bo se fete mafoko a a 90. Tshobokanyo e se ka ya newa setlhogo. Kwala palo ya mafoko a o a dirisitseng kwa bokhutlong jwa tshobokanyo. GO ITSHIRELETSA GA BAŠWA KGATLHANONG LE TSHOTLO Dilo dingwe mo botshelong ga di ka ke tsa emisiwa gotlhelele gore di se ka tsa direga. Go le gantsi mo botshelong batho ba eletsa gore tshotlako e fele. Puso le yona e tswile letsholo le le thibang maru go leka go fedisa tshotlako bogolosegolo ya thobalano. Go na le dikgato dingwe tse motho yo mongwe le yo mongwe a ka di elang tlhoko a di ntshetsa leswe dinaleng go ipoloka le go tila tlhokofatso bogolo jwa nako. Batho bangwe ba rwele matlho, mme ba dirisa maoto fela go tsamaya; fela ntlha ke gore go tsamaya go tlhoka tiriso ya dikutlo tsotlhe ka botlhano. Motho o tshwanetse gore fa a tsamaya mo lefelong e le mong gae kgotsa moeng a nne tsebe ntlha mo tikologong ya gagwe a be a itse gore o tota a ikutlwa jang ka yona. Go nna malala a laotswe ke ga mongwe le mongwe gore rotlhe re bolokesege mo tshotlakong. Go dintlhana di le mmalwa tse barutwana ba ka di elang tlhoko go nna podi matseba nako le nako fa ba tsamaya bosigo le motshegare. Tsamaya le tsala kgotsa setlhotshwana sa barutwana go bolola le go goroga go tswa kwa sekolong. Gakologelwa gore bobedi bo bolaya noga; se nne mophelanosi. O se ka wa amogela go ka tsholediwa dinao ke ope yo o sa mo itseng kgotsa pelo ya gago e sa weleng ka ena. Itlhokomolose dikarolo tsa tikologo ya sekolo sa lona kwa go leng batho ba ka tlala seatla bogolosegolo fa sekolo se tswile. Se utswane ka matlho le motho yo o itseng gore ga o batle go nkgisana magwafe nae. Se abele ope dinomoro tsa gago tsa mogala yo o sa batleng le go lora a go leleditse. Se abe le fa e le dinomoro tsa mogala tsa tsala ya gago ntle le tetla ya gagwe. Tila go itewa ke phefo le borrabodipa ba kwa sekolong. Fa ba go tsenya lesukusuku loma mogolo mongwe yo o mo tshepang tsebe ka ponyo ya leitlho. Se otlololele dino, dineo kgotsa ditsholofetso tsa motho yo o sa mo kgoreng letsogo. Se dire maitemogelo a gago a tshotlako ya thobalano pipinapipe. [E rulagantswe go tswa go: A handbook for learners on how to prevent sexual abuse, DBE] PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 8 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 KAROLO YA C: TIRISO YA PUO POTSO 3 Sekaseka papatso e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. BONAKO JO BO FETISANG SESEPA SA DIATLA E NTSHA % DI LE 99.9 TSA DITWATSI MO METSOTSWANENG E LE 10 FELA [Bona, Lwetse 2014] 3.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Sesepa se se bapadiwang se, se totile go lwantsha ditwatsi mo karolong efe ya mmele? A B C D Maoto Diatla Mokotla Sefatlhego (1) 3.2 Tiriso ya tlhagiso e e reng 'Bonako jo bo Fetisang', e senola puo efe ya maikutlo? (2) 3.3 Letshwao le '%' le emetse eng? (1) 3.4 Nopola sekao sa nyenyefatso go tswa mo papatsong. (1) 3.5 Naya polelwanakalatlhaodi e e dirisitsweng mo papatsong. (1) 3.6 Lebaka la go tlhagisa tshupanako mo papatsong e ke lefe? (2)

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 9 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 3.7 Go latela papatso e, a go na le kgonagalo ya gore ditwatsi di se ka tsa tswa le fa o dirisa sesepa sa 'Lifebuoy'? (2) [10] POTSO 4 Sekaseka khathunu e e fa tlase, mme morago o arabe dipotso. MOAPARO WA SEKOLO SE SEGOLWANE?! AKANYA FELA FA MOTHO A APARA DIAPARO TSE DI TSHWANANG LETSATSI LE LETSATSI! TSALA O BONE KAE SEKIPA SEO? 1 2 3 [Inthanete] 4.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Maikutlo a basimane mabapi le moaparo wa sekolo mo khathunung e ke afe? A B C D Ba kgatlhegela moaparo wa sekolo. Ga ba kgatlhegele moaparo wa sekolo. Ba rata moaparo wa sekolo. Ba ipela ka moaparo wa sekolo. (1) 4.2 Naya lelatodi la letlhaodi: Se segolwane (1) 4.3 Bolela gore polelo e e latelang e mo pakeng efe? Tsala, o bone kae sekipa seo? (1)

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 10 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 4.4 Nopola sekao sa lebotsi go tswa mo khathunung. (1) 4.5 Tiriso ya matshwao a puiso jaaka a dirisitswe mo polelong e e latelang, e kaya eng? Moaparo wa sekolo se segolwane?! (2) 4.6 A mokgwa o basimane ba ba apereng ka ona, ke o o amogelesegang mo sekolong? Tshegetsa karabo ka lebaka. (2) 4.7 Tlhagisa maikutlo a gago mabapi le tshwaelo ya mosimane wa 2. (2) [10] POTSO 5 Buisa temana e e latelang, mme morago o arabe dipotso. 1 2 Moselekatse o ne a ralala naga yotlhe ya Aforikaborwa, a bolaya, a phatlhalatsa e bile a ikgapela. Batlhabani ba gagwe ba ba pelodithata ba ne ba le bantsho ba fifetse e ka re ba itshasitse tsholo. E ne e re fa letsatsi le thusumela, ga bo go utlwala selelo sa ngwana le sa mosadi. Marumo a ne a ja motho, motho a wela kwa. Madi a pumpunyega jaaka metsi a motswedi dipula di nele, e le diphororo. E re fa go le makgaphilakgaphila jaana selelo se khurumetse motse otlhe. Ba ba lesego ba ba neng ba tle ba falole ditlhaselo ba ne ba siela mo dikgageng, ba fete ba ithe golwe, ba etse dipela di bone ntšwa. Madi a ne a tlalatlala le naga, tlhaga e tlhoka go talafala, mme e hibila ka madi a bana ba batho. Manong a maphatshwa a ne a phaphasela mo godimo ga loapi a lebile dinama tsa ditoto tsa batho. Bophokojwe le bophiri ba ne ba ja ba bo ba itlhoboge. Dikgomo tse tota e neng e le tsona tse di lotlhanyang ditšhaba, di ne di gapiwa pele, di isiwa kwa go thibeletsweng teng. Dintwa tsa maloba di ne di le setlhogo, e bile di le thata. [Segarona, Mophato wa 10, JW Snyman le ba bangwe] 5 10 15 5.1 Naya leetsi la lefoko le le ntshofaditsweng mo moleng 3. (1) 5.2 Fetolela leina 'ditoto' mo bongweng, mme o le dirise jaaka sedirwa mo polelong e o e itlhametseng. (mola 12) (2) 5.3 Kwala lekaelagongwe la lefoko le le ntshofaditsweng mo moleng 7. (1) 5.4 Kgaoganya leinatswako 'pelodithata' ka dipopego tsa puo (dikarolopuo) tse le bopilweng ka tsona. (mola 2) (2) 5.5 Fetolela polelo e e thaletsweng go nna ya pakatlang. (mela 7 le 8) (1)

Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 11 DBE/Tlhakole Mopitlwe 2016 5.6 Nopola polelwanakutu ya polelopate e e thaletsweng mo temaneng. (mela 7 le 8) (1) 5.7 Polelo e e ntshofaditsweng ke mofuta ofe wa polelo? (mela 14 le 15) (1) 5.8 Naya lefoko le leetsi 'thuu!' le bopilweng go tswa mo go lona. (1) [10] PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: PALOGOTLHE: 30 70