Bakaulengwe, go molemo go

Similar documents
The$Management$of$Spinal$Pain$without$ Serious$Pathology$or$Neurological$Deficits$

Boitsholo jo bo itshekileng 01203_763_Chastity.indd 1 4/18/13 9:52 AM

THOTLOETSO. Dulang. 2 Ke itumetse tshokologong eno go ema fano gape, mme fa. 3 Jalo, fela ke batla go bua sena, motlhang ke fitlhang kwa

GRADE 10 SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI PAMPIRI YA BORARO 4. NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION MADUO: 80. NAKO: 3 diura

MADU A A PHUNYEGILENG

MADU A A PHUNYEGILENG

Kereke Le Seemo Sa Yone

Buka ya ka ya Tirogae (2)

tse di rileng tse di tshwanetseng go gakologelwa fa re uma mmidi.

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

Bukana e e dirilwe ka thotoetso ya batho ba lefatshe la America ka lenaneo la Presidents Emergency Plan for Aids Relief (PEPFAR) le U.

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

Boleo kgatlhano le Modimo

O rata LovCash thata. YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga. Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana

PUSO YA DIKGAOLO MO BOTSWANA BUKANA YA LENANEO LA BONG

baanelwa ba diteng; baanelwa ba thulaganyo; baanelwa ba ba sa itekanelang; le baanelwa ba ba itekanetseng.

PEGELO YA PHOLISI YA BOSETŠHABA YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO MEPHATO R-3

Bolemirui ba mofuta mongwe le mongwe. Nako e gorogile go tlhoma MOLEMIRUI WA NGWAGA. Bala Moteng: DIPHALANE Lekwalo la Grain SA la balemipotlana

thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO

KGATISO 8 No 6 Diphalane Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Madiba Mop Manie

YBB e fentse sekgele gatlhano jaanong Badirammogo

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

Mangoroo e anela ka ga mathata, rnangoroo

Bana beso ho phatlalla le lefatshe

Government Gazette Staatskoerant

Alumni. Awards/Toekennings

LEFAPHA LA TEMOTHUO, JALO YA DIKGWA LE BODIRELATLHAPI REPHABOLIKI YA AFORIKABORWA

Moapostola wa Bophelo. 16 Phupjane Hlakola Novena Prayer

NWU JUNIE Gesels saam op. Johnson-broers besoek Fakulteit. RSG gesels met dr Mandie Uys. Partners in Education

LETSHWAO LA SEBATA 1. Letshwao La Sebata

HLOMAMISO 1 HLOMAMISO

Cambridge International Examinations Cambridge Ordinary Level

THUTO TSA SEKOLO SASABATA. Bophelo ba Abrahama

Moena Neville, le Moena Capps, le Moena Collins, le basebeletsi MOSEBETSI O TSWILENG MATSOHO 1

DIKHOMIKI Sesotho TSE KOPANYANG DITJHABA Bahale ba Diphetoho

Boko le boitshwaro. The brain and the behaviour Sesotho B&W

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE KREITI YA 12

*16 22 Phato SABATHA MOTŠEARE OA MANTSIBOEA. Deut. 32:4; Ps. 28:1; Johanne 17; Johanne 15:1 5; Matt. 7:1 5; Matt. 5:23, 24; 18:15 18.

KERNKONSEPTE / KEY CONCEPTS/ KAKANYOKGOLO

UNIVERSITY OF SWAZILAND FINAL EXAMINATION PAPER- MAY 2012 SECOND LANGUAGE (SOUTHERN SOTHO) 1. ANSWER ALL THE QUESTIONS.

E.K.K. MATLALA: MONGWADI WA DITAODIŠO TŠA MATHOMO TŠA SEPEDI

Setho se Ratehang sa Bohlokwa PHETOHELO HO MOKGATLO WA KGWEBO O TSAMAISWANG KE SEHLOPHA SA BATHO WA MANTLHA (PRIMARY CO-OPERATIVE)

Kanegelo ya Nimirode: Re lebelela diphihlelelo tša gagwe ka lefsa

SESOTHO HOME LANGUAGE LESSON PLAN EXEMPLARS GRADE 3 TERM

Ge mofetoledi (1987: vii) a bolela ka ga puku yeo ya Kristeva, ore:

Drive your imagination. Happy birthday, Nal'ibali! Mahlohonolo a Letsatsi la Tswalo, Nal'ibali! Read with me. Every day. Bala le nna. Kamehla.

Melao ya Motheo ya Kgwebo ya Kopanelo ya Nestlé

KEREITI 12 LOETSE 2012 SESOTHO PUO YA LAPENG PAMPIRI YA 2

AFRICA BAKENG SA maafrika A LENG MONA MMOHO LE A LENG. THEHA DIKAMANO TSA SEJHABA SA maafrika BOEMONG BA

Tataiso ya Melao ya Boitshwaro. Melao ya Boitshwaro. Matla a ho etsa kgwebo hantle

ENNIAH MATEMANE LEKGANYANE

The House rose to observe a moment of silence in honour of the late Makhaketla Leipa

Letsatsi la Kotulo la selemo le selemo la. Ntshetsopele ya Molemi e kgahla NAMPO. Bala Ka Hare: PHUPU 2014

@ NWU Inspireer tot innovasie

Lesson Plans Gr. 1 Term 3 Sesotho

Published by Nalane ka Fezekile Futhwa PO Box 1452 Alberton 1450

PULA IMVULA. Jwalo ka ha ho etsahala bophelong ba. Sekgahla sa mycotoxin bophelong ba diphoofolo. Bala ka hare: Phato 2017

TO IMPROVE LIVESTOCK BOREHOLE DATABASE IN KGALAGADI DISTRICT COMMUNAL GRAZING AREA

Mmampodi twantshong ya mahola. Bala Ka Hare: MPHALANE Koranta ya Grain SA ya bahlahisi ba ntseng ba hola

Feesprogram / Festival Programme

ba habo, a tšelela a nyala moetsalibe, mosebeletsi oa lisèto, a rapela melingoana. A nyala Jesebele. Me e se molumeli.

41/2/9 Student Affairs Programs and Services General Correspondence, Box 1:

Yarmouth County Registry of Deeds

Academic Achievers Awards. Toekennings vir Akademiese Presteerders Difoka tša Thuto tša Bao ba Atlegilego

Academic Achievers Awards 2016

Provincial Gazette Provinsiale Koerant Gazete ya Xifundzankulu Kuranta ya Profense Gazethe ya Vundu

Moms are models! Bomma ke mehlala! Drive your imagination. Story Power. Bring it home. Tliša maatla a kanegelo ka gae.

JAARVERSLAG 2013 Omslag_vir litho_finaal_5 Aug_converted.indd /08/05 10:40:00 AM

VISIE, WAARDES EN MISSIE

P O U NDBRID GE GREE N

6. Temo ea lifate tsa litholoana

Visie, Waardes en Missie

3. Los Angeles County Department of Public Works Attn: Gail Farber, Director of Public Works 900 South Fremont Avenue Alhambra, CA

2018 ADMISSION LIST AS AT 23 MAY 2018

L A S COLINA S PL A Z A

Die afgelope tyd was baie moeilik

FOR SALE EXQUISITE FAMILY HOME. Bracken House, Cosher, Kilmuckridge, Co Wexford

Ninigret Depot Industrial Land

Expression 889. Manual. Stitches. Sewing Machine. + On/off switch + 4 step button hole + Stitch width control. Bukanayaditaelo Ibhukwa Lemiyalelo

23,510 SQ FT PROMINENT SHOREDITCH WAREHOUSE SPACE AVAILABLE TO LEASE AS A WHOLE. SPECIFICATION

b e a u t i f u l l y c r a f t e d h o m e s

Koleke Ōlelo Hawai i o Ka Haka Ula O Ke elikōlani NĀ HA AWINA KĀLĀ HELE KULANUI, LĀ PALENA PAU: 15 Apelila 2016

koranta eabasebetsi april 1974

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 28 SEPTEMBER 1998 GENERAL NOTICE NOTICE 2496 OF 1998

This text was narrated by Stephen Theseira ( ), Praya Lane, Malacca, 1981.

Teaching Functional Life Skills to Children with Developmental Disabilities: Acquisition, Generalization, and Maintenance

Consideration of a Redevelopment Area Designation for the Study Area

LINCOLN COUNTY PLANNING & INSPECTIONS DEPARTMENT

45 Court Street New Haven, CT 06511

61 Knowling Mead, Tenby OFFERS IN REGION OF 170,000

AIDS. HELPLINE I oaoo I. We all have the power to prevent AIDS. Prevention is the cure

City of Stockton Official Records in San Joaquin County Historical Society and Museum (Feb. 11, 2010)

An outstanding development of modern family homes overlooking the Irish Sea with a backdrop of the majestic Mourne Mountains

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 1 0 SEPTEMBER 1998 NOTICE 2275 OF 1998 GAUTENG PROVINCIAL LEGISLATURE

FILED: NEW YORK COUNTY CLERK 08/09/ :42 PM INDEX NO /2015 NYSCEF DOC. NO. 62 RECEIVED NYSCEF: 08/09/2016

Rank Name Club Co untry S co re Unmarked Marked Wyndell Wilhelm - US A David W. Wearne - US A

Gedurende die hersiening van die Institusionele

2507 BLADENSBURG ROAD NORTHEAST

MANGAUNG ~ "" l: T ~'. M U.",.; I!"'... lit '( M,. I I< '~ M" '''''',.. A I 11 1"-', If-o<:CnTIA'... '''' T~F

SSB/TRP/MDM 2009(54) Peer reviewed and revised

Transcription:

MOLAETSA WA BOPORESIDENTE JWA NTLHA, NGWANATSELE 2015 Bakaulengwe, go molemo go nna le lona gape. Jaaka le itse, sale rele mmogo ka Moranang, re nnile le tatlhegelo ya ba Aposetolo bale bararo: Moporesidente Boyd K. Packer, Elder L. Tom Perry, le Elder Richard G. Scott. Ba boetse ko legaeng la bone ko legodimong. Reba tlhoafaletse. Rea lebogisa sekao sa ga Keresete jaaka lorato le dithuto tse di tlhotlheleditsweng tse ba dire tlogeletseng. Re amogela ka dipelo tsa rona Baaposetolo ba bashwa, Elder Ronald A. Rasband, Elder Gary E. Stevenson, le Elder Dale G. Renlund. Ba ke borre ba ba dirang tiro ya Morena ka bonatla. Ba a tshwanela go nna mo maemong a a botlhokwa a ba a bileditsweng. Mo bosheng, jaaka ke ntse ke bala ke bo ke akanya ka buka ya efangedi, temana nngwe tse pedi dine tsa nna mo go nna. Botlhe rea ba itse. Santlha se tswa mo thutong ya kwa Thabeng: A lesedi la gago le phatsime mo bathong, gore ba bone ditiro tsa gago tse di molemo, mme ba galaletse Rara wa rona yo o ko legodimong. 1 Temana ya bobedi e ntletse mo tlhaloganyong fa ke akanya gore Ka Moporesidente Thomas S. Monson Nna Sekao le Lesedi Jaaka fa re sala morago sekai sa Mmoloki, sa rona e tlaa nna tshono ya go nna lesedi mo matshelong a ba bangwe. ya ntlha e raya eng. Ele lekwalo lwa Moaposetolo Paulo go Timoti: Nna sekao sa maitshwaro, mo mafokong, mo puong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong, 2 Ke dumela gore temana ya bobedi e tlhalosa, ka botlalo, ka fa re ka fitlhelelang ya ntlha. Re nna sekao sa badumedi ka go tshela efangeli ya ga Jeso Keresete mo mafokong, ka puisanong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong, le mo Fa re dira jalo, lesedi la rona le tlaa bonesa gore le ba bangwe ba le bone. Mongwe le mongwe wa rona o tlile mo lefatsheng a filwe Lesedi la ga Keresete. Jaaka re sala morago sekao sa Mmoloki le go tshela jaaka a tshedile le jaaka ane a ruta, lesedi leo le tlaa galalela mo go rona le go supegetsa ba bangwe tsela. Moaposetolo Paulo ofa dikai tsa tumelo dile thataro, dikai tse di tlaa letlang gore lesedi la rona le galalele. A re di lebe ka nngwe le nngwe. Ke bua ka dikai tsa ntlha tse pedi mmogo eleng sekao mo mafokong le mo puisanong. Mafoko a rea dirisang aka tsholetsa le go kgatlha, kgotsa di ka nna kotsi le go nyenyafatsa. Mo lefatsheng malatsi ano gona le go tshameka ka leina la Modimo mo go feteletseng mo go lebegang go re dikologile gongwe le gongwe ko re go yang. Go thata goka tila go utlwa leina la Morena le dirisiwa motlhofo go sena kakanyo. Mafoko aa botlha a lebega ele one aa dirisiwang thata mo dithelebisheneng, di baesekopo, dibuka, le moopelo. Re emetswe ke dikgokgontsho le ditshwaelo tse di shakgetseng di sa batle kakgelo ya rona. A re buwe le ba bangwe ka lorato le tlotlo, mafoko ele aa phepa le go hema mafoko kgotsa dikakgelo tse di ka kgopisang. A re saleng morago sekai sa Mmoloki, yo o buileng ka kamogelo le bopelonomi fa a le mo bodireding jwa gagwe. Sekai se se latelang se Paulo a buileng ka sone ke mautlwelo botlhoko, se se tlhalosiwang ele lorato lo lo phepa la ga Keresete. 3 Ke a tshepha gore go na le bangwe magareng ga rona ba ba bodutu, ba ba lwalang, le ba ba tlhokang kgothatso. Sa rona ke sebaka sa go ba thusa le goba tsholetsa mewa. Mmoloki o tlisitse tshepho mo go ba ba senang tshepo le matla mo go ba ba bokowa. One a fodisa balwetse; O ne a dira gore digole di tsamaye, difofu di nne le pono, bosusu ba utlwe. O ne a tlisa baswi mo botshelong. Mo nakong yotlhe ya bodiredi jwa gagwe O ne ama ba ba neng ba tlhoka ka bopelotlhomogi Jaaka fa re etsa sekao sa gagwe, re segofatsa matshelo, go akaretsa le arona. Se se latelang, re tshwanetse ra nna sekao mo moweng. Mo go nna go raya gore re tshwanetse ra leka go nna le bopelontle, ditebogo, boitshwarelo, le thusano. Boleng jo bo tlaa refa mowa o o tlaa fetolang 1

matshelo a ba re tshelang le bona. Se e nnile sebaka mo dingwageng go ka amana le batho ba mowa o o ntseng jalo. Re itemogela maikutlo a a haphegileng fa rena le bone, maikutlo aa dirang gore re batle go amana le bone le go sala morago sekao sa bone. Lesedi la ga Keresete letswa ntlha tsotlhe go re thusa go nna le maikutlo a lorato. Go re supegetsa gore lesedi le le tswang mo moweng oo tshelang o lemogiwa ke ba bangwe, ke lo bolelela maitemogelo a ngwaga tse di fetileng. Ka nako eo, boeteledi pele jwa Kereke bo kopane le bagolwane ko Jerusalem go dira tumalano e Kereke eneng e tla nnang le dikago ko Jerusalem. Gore re kgone re bone diteseletso tse re di tlhokang, kereke ene ya dumalana gore kanamiso ya efangedi e tlaa se diragadiwe ke maloko ba ba direlang mo dikagong tseo. Morago ga tumalano eo e dirwa, mongwe wa bagolwane ba Iseraele, yoo neng a itse ka kereke le maloko a yone, o ne are o itse fa kereke e tlaa diragatsa tumalano ya go sa anamisa efangedi. Mme, o ne are, a lebanye le baithuti ba ba tlaa tsenang koo, rea go dira jang ka lesedi le le leng mo matlhong a bone? 4 A go nne le lesedi le le faphegileng mo go rona, gore le lemogwe le go amogelwa ke ba bangwe. Go nna sekao sa tumelo go raya gore re beye tshepho mo Moreneng le mafoko a Gagwe. Go raya gore re nna le go matlafatsa tumelo e e tlaa laolang dikakanyo tsa rona le ditiro tsa rona. Tumelo ya rona mo go Morena Jeso Keresete le Rara wa rona yoo ko Legodimong e tlaa rotloetsa tsotlhe tse re di dirang. Gareng ga tsietsego ya malatsi ano, ditumalano tsa maranyane, le mathata a re tshelang le one malatsi otlhe, go tshela ka tumelo e nna boremelelo jwa matshelo a rona. Tumelo le pelaelo ga di kake tsa nna mo tlhaloganyong ele nngwe ka nako ele nngwe, gonne e nngwe e tlaa phatlhalatsa enngwe. Ke boeletsa se kese boleletswe makgetho ale mmalwa gore re nne le tumelo e re e tlhokang, go botlhokwa gore re bale, re bo re akanye ka se re se balang mo lekwalong la tumelo. Puisano le Rara wa rona yoo ko Legodimong ka thapelo e botlhokwa. Re ka se itlhokomolose selo se, ka mmaba le ba a dirang nabo ba batla phatlha mo itshireletsong ya rona, le go iketla mo tumelong ya rona. Morena o ne are, Batlisisa ka kelotlhoko, rapela ka nako tsotlhe, o nne le tumelo, mme dilo tsotlhe di tlaa go siamela. 5 Sa bofelo, re tshwanetse ra nna phepa, go raya mo mmeleng, tlhaloganyo le mowa. Re a itse gore mebele ya rona ke tempele, e tshwanetse ya tshwarwa sentle le go tlotliwa. Ditlhaloganyo tsa rona di tshwanetse tsa nna di akantse tse di kgothatsang le tse di tlotlomatsang mme di kgatjwe mo go se se sa di siamelang. Gore re nne rena le Mowa oo Boitshepo ka nako tsotlhe, re tshwanetse ra tshela mo o tlaa amogelesegang. Bakaulengwe, go nna phepa go tla re leretse kagioso mo tlhaloganyo mme go tla re kgontsa go amogela O ne are, Go sego ba ba pelo di phepa: go nne ba tlaa bona Modimo. 6 Fa re supa sekao mo mafokong, mo puisanong, mo bopelotlhomoging, mo moweng, mo tumelong, le mo bophepeng, re ka nna lesedi la lefatshe. Nka le raya lotlhe, mme segolo jang banana, gore jaaka lefatshe le tsamaela kgakala le dithuto le melawana ye re e filweng ke Rara yoo ko Legodimong, re tlaa bonala mo bontsing ka re farologana le bona. Re tlaa bonala ka kapari ya rona ke e e siameng. Re tlaa farologana ka gore ga re dirise mafoko aa sa siamang le gore ga re tsee dilo tse di sa siamelang mebele ya rona. Re tlaa farologana ka gore re tila metlae e e sa siamang le go nyenyahatsa. Re tlaabo re farologana fa re sa tlatse tlhaloganyo tsa rona ka itloso bodutu e e nyenyahatsang ebile e koba moya oo boitshepo mo malwapeng a rona le mo matshelong a rona. Re tlaa bonala fa re tsaya ditshwetso tse di amang se se siameng ditshwetso tse di tsamaelanang le dithuto tsa efangedi. Dilo tse di dirang gore re farologane le lefatshe di re fa lesedi le moya o o galalelang mo lefatsheng le le oketsegang ka lefifi. Gantsi go thata go farologana le go ema ka nosi mo bontsing. Ke tlholego go nna le poifo ya gore ba bangwe ba tlaa akanyang kgotsa ba tlaa reng. Mafoko aa nametsang a dipesalema: Morena ke lesedi lame le poloko yame; ke tlaa boifa mang? Morena ke matla a botshelo jwame; ke tlaa boifa mang? 7 Fa re dira Keresete pinagare ya matshelo a rona, poifo ya rona e tlaa fetolwa ke go nna le tumelo e e tiileng. Botshelo ga boa re siamela rotlhe, mme nako tse dingwe dikgwetlho le bokete jo bo re lebanyeng bo kgona go re ketefalela, go bake gore lesedi la rona lesa galalele. Mme, ka thuso ya Rara yo o ko Legodimong, le thuso ya ba bangwe, reka nna le lesedi leo gape le le tlaa bonesang tsela e ree tsamayang gape le go tlisa lesedi le ba bangwe baka le tlhokang. Go supegetsa, Ke le bolelela mafoko a mmoki yo ke mo ratang a kea badileng lantlha dingwaga tse di fetileng: Ke kopane le motho kesa mo itse bosigo Yo lobone la gagwe le neng lesa tlhole le phatsima. Kene ka ema mme ka letlela gore a bonese Lobone lwa gagwe mo go lame. Sefefo sene sa tsoga se se neng sa tshikinya lefatshe. Fa diphefo di sena go feta Lobone lwame lo ne lo timile! Motho yo ke sa mo itseng a tla ko go nna Lobone lwa gagwe lo phatsima sentle! Abo a tshotse molelo o o botlhokwa Mme a tshuba lame! 8 2

Bakaulengwe, sebaka sa go galalela se re dikaganyeditse malatsi otlhe, mo diemong tse re iphitlhelang mo go tsone. Fa re sala morago sekao sa Mmoloki, sa rona e tlaa nna chono ya go nna lesedi mo matshelong a ba bangwe, eka tswa ele ba malwapa a rona le ditsala, badiri ka rona, ba re kopanang le bone, kgotsa bahiti ka tsela. Go lona lotlhe, Kare lo bana ba Modimo. Letswa ko mannong a gagwe gotla mo lefatsheng nakwana, go gakologelwa lorato le dithuto tse a re di fileng, le go letla lesedi la rona go phatsimela gore le ba bangwe ba le bone. Fa nako e e mo lefatsheng e fela, ga o dirile se o neng o tshwanetse go se dira, sa gago e tlaabo ela masego a go boela go nna le Ene goya goile. Mafoko a Mmoloki a tlosa matshwenyego: Ke lesedi la lefatshe: yo o tlaa ntshalang morago a kase tsamaye mo lefifing, mme o tlaa tsamaya mo leseding. 9 Ka ene ke fa bopaki. Ke Mmoloki wa rona, Mmueledi wa rona mo go Rara. Ke Sekao sa rona le maatla a rona. Ke lesedi le le phatsimang mo lefifing. 10 Gore rotlhe ba re utlwang lentswe la gagwe re dumele go mo sala morago, re nne lesedi le le bonesetsang lefatshe, ke thapelo yame ka leina le le boitshepo, la ga Morena Jeso Keresete, amen. DINTLHA 1. Matthew 5:16 2. 1 Timothy 4:12 3. Moronae 7:41 4. Bona James E. Faust, The Light in Their Eyes, Liahona, Nov. 2005, 20. 5. Dithuto le Dikgologano 90:24. 6. Mathaio 5:8. 7. Pesalema 27:1. 8. Lon Woodrum, Dipone, Mola o o tshubilweng, Oct. 1940, 17. 9. Johane 8:12. 10. Dithuto le Dikgologano 6:21. Dithuto tsa Nako ya Rona Gotswa ka Motsheganong 2015 go ya Phalane 2016, dithuto tsa Boperesiti jwa ga Malekheseteke le tsa Mokgatlho wa Thuso mo di Sontageng tsa bone di tshwanetse go baakanyediwa gotswa mo nngwe kgotsa dinngwe tsa dipuiso tse di neetsweng mo khonforenseng ya kakaretso ya Moranang 2016. Ka Phalane, dipuiso di ka tlhophiwa go tswa gongwe mo Moranang 2016 kgotsa khonforense ya kakaretso ya Phalane 2015. Boporesidente ba Lomapo le dikgaolo ba tshwanetse go tlhopha dipuiso tseo di tlaa dirisiwang mo mafelong a bone, kgotsa ba ka abela maikarabelo a go bobishopo le boporesidente ba makala. Dipuiso tse diteng ka dipuo tse di farologanyeng ko conference.lds.org. 2015 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/15. Tetla ya Thanolo: 6/15. Thanolo ya bo First Presidency Message, November 2015. Tswana. 12591 763 3

MOLAETSA WA THUTO YA KETELO, NGWANATSELE 2015 Bakaulengwe, Ke itumelela go bo kena le lona Sabata se sa komferense ya Kereke ya Morena. Ke ikutlwetse, jaaka le lona, Moya o o Boitshepo, ofa bopaki ka mafoko a nnete aa builweng abo a opelwa. Yame tiro gompino ke go oketsa keletso ya lona le maikaelelo a lona go amogela mpho e e tshepisitsweng rotlhe morago ga re kolobediwa. ka nako ya tlomamiso ya rona re utlwule mafoko a: Amogela Mowa o boitshepho 1 Gotswa nako eo, matshelo a rona ane a fetogela ruri. Re ka kgona, fa re tshela ka tsela e e tshwanetseng, ra nna le tshegofatso ya Mowa o Boitshepho, mme e seng nako dingwe, jaaka mo maitemogelong a tshwanang le a gompieno, nako tsotlhe, Lo a itse go tswa mo mafokong a thapelo ya selalelo ka fa tsholofelo e e diragaditsweng ka teng: Rara, Rraetsho wa bosakhutleng, re a go lopa ka leina la Morwao, Jeso Keresete, go segofatsa le go rekolola senkgwe se go mewa ya botlhe ba ba tla go tsayang, gore ba je mo segopotong sa mmele wa Morwao, Ka Moporesidente Henry B. Eyring Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha Mowa o o Boitshepo e nne Mopati Reka kgona, fa re tshela ka fa re tshwanetseng, go segofadiwa ka Mowa o o Boitshepho ka nako tsotlhe, eseng ga nakwana. ba supe go wena, Rara, Rraetsho wa bosakhutleng, gore ba ikaelela go tsaya leina la Morwao,ba mo gopole ka dinako tsotlhe le melawana e a e ba neetseng. Mme go tla tshepiso e e galalelang: Gore ba nne ka nako tsotlhe le Mowa wa gagwe D&C 20:77; go tsentswe kgatelelo. Go nna re na le Mowa o Boitshepho ke go nna le tlhotlheletso le ketapele ya Mowa o Boitshepho mo matshelong a rona. Re ka kgona go tsibosiwa ke Mowa o Boitshepho go sa raelesege go dira bosula. Ka lebaka leo, go motlhofo go bona gore ke eng batlhanka ba Morena ba leka go oketsa keletso ya rona ya go obamela Modimo fa phuthego e amogela selalelo. Fa re ja selalelo ka tumelo, mowa o o boitshepho o ka re sireletsa le ba re ba ratang mo ditekong tse di tlang kgapetsa. Mowa o o boitshepho o dira gore se se molemo se kgatlhise mme diteko di fokotsege. Seo ka bonosi se lekane go dira gore re amogele mowa o o boitshepho ka nako tsotlhe. Jaaka Mowa o o Boitshepho o re tiisa kgatlhanong le bosula, O re fa matla go itemogela nnete mo makeng. Nnete e e leng botlhokwa go fitisa e rurihatswa ke tshenolo e e tswang ko Modimong. Mabaka a rona a setho le Re tshela mo dinakong tse le matlhale a tshwanelang go farologanya nnete mo tsietsong. Morena o rutile Moaposetolo Tomase, yo a neng a batla sesupo sa gore Mmoloki o tsogile mo baswing ka go mo supetsa dintho, gore tshenolo ke yone sesupo: Jeso o ne are go ena, Tomase, ka gore o mpone, wa dumela: go sego yo o dumelang mme asa bona Johane 20:29 Nnete e e kaang tsela ya goya ko Modimong e rurifatswa ke Mowa o o Boitshepho. Ga re kake ra boela kwa sekgweeng ra bona Rara le Morwa ba bua le Joseph Smith. Ha gona bosupi jwa senama kgotsa ngangisano e utlwalang go ka netefatsa gore Elija o ne a tla jaaka go ne go solofeditswe go tla go neela dilotlolo tsa boperesita tse di tshotsweng di bo di dirisiwa gompieno ke moporofiti yo o tshelang, Thomas S. Monson. Netefatso ya boammaruri e tla ko go morwa kgotsa morwadia Modimo yo o nnilelng le tshwanelo ya go amogela Mowa o Boitshepho. Ka gonne go tlhoka nnete le maaka, di ka bewa pele ga rona nako nngwe le nngwe, re tlhoka tlhotlheletso ya Mowa wa Boammaaruri go re dibela mo dipakeng tsa ngoselo. Fa leloko la Bokopano jwa Baapostole ba ba Lesome le bobedi, George Q. Cannon a re kgothaditse go nna mo letsomong la Mowa gore 1

o nne le rona. o tshephisitse, le nna ke a tshephisa, gore fa re sala morago tsela e, re tla seke re tlhaele kitso ya boammaaruri, re tla seke re ngosele kgotsa go nna mo lefifing, mme le tumelo ya rona e tla matlafala, lethabo [la rona]... le tla penologa. 2 Re tlhokana le thuso ya Mowa o o Boitshepho ka lebaka le lengwe. Loso la mongwe yo re mo ratang le ka tla ka tshoganyetso. Ke bopaki jwa Mowa o o Boitshepho gore lorato lwa Rara yo o ko Legodimong le Mmoloki yo o tsogileng mo baswing lo lo re fang tsholofelo le kgomotso fa re latlhegelwa ke yo re mo ratang. bopaki joo bo tshwanetse jwa nna teng fa loso le diragala. Ka mabaka a a mantsi, re tloka go patiwa ke Mowa o o Boitshepho. Rea e eletsa, mme rea itse gore ga go motlhofo go ka e tshegetsa. Rotlhe re akanya, re buwa, le go dira dilo mo matshelong a malatsi otlhe tse di kgopisang mowa o o Boitshepho. Morena o re rutile gore Mowa o o boitshepho o tlaa nna mopati wa rona fa pelo tsa rona di tletse bopelotlhomogi le tshiamelo mo dikakanyong tsa rona di nne ka nako tsotlhe (bona D&C 121:45). Go nne ba ba sokolang ka melao e e ha go dingwana ba tlhoka go patiwa ke Mowa o o Boitshepho, ke ba fa kgothatso e. Gona le nako tse o utlwileng thotloetso ya Mowa o o Boitshepho. Go ka tswa go godiragaletse gompieno. O ka tsaya metsotso ya kgothatso jaaka peo ya tumelo e e tlhalositsweng ke Alma (bona Alma 32:28). Lema nngwe le nngwe. O ka dira seo ka tlhotlheletso e o e utlwileng. Tlhotlheletso ya konokono ke fa o itse se Moimo o batlang o se mo direla. Fa e le go ntsha ditsa bosome kgotsa go lekola tsala e latlhegetsweng, o tshwanetse wa dira jalo. E ka nna eng kgotsa eng, dira. Fa o supa go kgatlhegela go obamela, Mowa o tla go romelela maikutlo a se Modimo o eletsang o se mo direla. Fa o obamela, maikutlo go tswa mo Moweng a tlaa tla kgapetsa kgapetsa, rebo re nna gaufi le mowa o o boitshepho. Matla a gago go tlhopha se se siameng a tlaa oketsega. O ka itse fa maikutlo a go diragatsa atswa mo Moweng gona le maikaelelo a gago. Fa maikutlo a a lekana le se Mmoloki le baporofite le baaposetolo ba se buileng, oka tlhopha go obamela ona le tshepho. Mme Morena o tlaa romelela Mowa wa gagwe go go thusa. Sekai, fa o amogela maikutlo a go obamela sabata, bogolo jang fa go lebega gole thata, Modimo o tlaa romela mowa wa gagwe go go thusa. Thuso eo e tlile ko go ntate dingwaga tse di fetileng fa tiro ya gagwe ene ya mo isa Australia. One ale esi ka Tshipi, mme one a batla goja selalelo. One asa kgone go bona kitso epe ka phuthego ya Latter- Day Saints. Mme one a simolola go tsamaya. One a rapela mo marakanelong a ditsela go itse gore a tsamaye jang. Morago ga oura, o ne a ema a rapela gape. o ne a tlelwa ke maikutlo a go tsamaya mo mmileng mongwe. Mme o ne a utlwe moopelo otswa mo nngwe ya dikago e e gaufi. O ne a leba ka seokomela bagwe mme a bona batho ba ntse sentle gaufi le tafole e e khurumeditsweng ka letsela le le sweu le sejana sa selalelo. Jaanong, jaaka go lebega e kare ga se sepe mo go wena, mme ene ele sengwe mo go ene. O ne a itse gore thapelo ya selalelo e tlaa diragadiwa: Nna o mo gakologelwa le go obamela melawana e a e ba fileng; gore ba nne bana le mowa o o boitshepho D&C 20:77). E ke nngwe ya dikai tsa thapelo le mowa o o boitshepho o mmolelela se Modimo areng a se dire. O ne a e baya dingwaga, jaaka fa nna le wena re tlaa dira. O ne a seke a buwa ka semowa. O ne a dira dilo tse di nnye tsa Morena tse a neng a tlelwa ke kakanyo ya go di dira. Nako tse ditlhopha tsa Latter- day Saints ba kopa gore a buwe, o ne a dira jalo. O ne ase tsapa le fisang pelo le fa batho bale kgotsa 50 kgotsa a lapile. O ne aa fa bopaki ka Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho le ka baporofita fa mowa o mo gwetlha go dira jalo. Pitso ee kgolo e a nnileng le yone mo Kerekeng ene ele ya Bonneville Utah Stake high council, ye a neng a direla mo tshimong, le go ruta sekolo sa tshipi. Mo dingwageng, fa ane a tlhoka, Mowa o o Boitshepho one o nna ole teng go mo pata. Kene ka ema fa thoko ga ga ntate mo phapusing ya gagwe ko kokelong. Mme, ebong mosadi wa gagwe dingwaga tse 41, o ne ale mo bolaong. Rene ra moleba dioura. Rene ra bona ditsela tsa setlhabi di nyelela mo sefatlhegong sa gagwe. Menwana ya matsogo a gagwe, ye e neng e kopelegile, ye phuthologa. Matsogo a gagwe nna mo thoko ga gagwe. Ditlhabi tsa kankere tsa dingwaga dine di fela. Kene ka bona mo sefatlhegong sa gagwe tebego ya kagiso. O ne a hema mo go khutshwane, mme a tloga a neela mowa. Rene ra ema foo go bana gore aa o tlaa hema gape. Labofelo, Ntate a buwa ka lentswe le le ko tlase, Ngwana wa mosetsana o ile lwapeng. O ne a seka a lela. Seo ene ele ka gore Mowa o o Boitshepho o ne o mofile setshwantsho sa gore ke mang, gore o ne atswa kae, gore o ne a nnile eng, le gore o ne aya kae. Mowa one o file bopaki makgetho ale mantsi ka lorato lwa ga Rara wa Legodimo, ka Mmoloki yo oneng a fentse loso, le dithuto tsa tempele gore ba kopantswe le mosadi le lelwapa. Mowa o ne o mo tlhomamiseditse gore tshiamo ya gagwe le tumelo e tlaa mo dira gore a boele ko lwapeng le le ko legodimong ko a tlaa gokologelwang ke bana ba gagwe le go amogelwa ka tlotla. Go ntate, seo ene ele tsholofelo. Mowa o o Boitshepho o ne o dirile seo nnete. Jaanong, bangwe ba kare mafoko a gagwe le setshwantsho se se mo tlhologanyong ya gagwe ka lelwapa le le ko legodimong ene ele 2

dikakanyo fela, tsa motho a latlhegetswe. Mme o ne a itse nnete ka tsela e aneng a e itse. E ne ele motho wa tsa maranyane yo neng a batlisisa nnete ka lefatshe botshelo jwa gagwe jotlhe. O ne a dirisa didirisiwa tsa maranyane mo a neng a tlotlomadiwa ke badiri ka ene lefatshe ka bophara. Tse di ntsi tse a di dirileng mo go tsa chemistry di tlile ka go nona tlaloganyo ya gagwe e tsamaela ntlha tsotlhe le go dira ditekeletso. Mme o ne a sala mogago tsela e sele go itemogela nnete e e botlhokwa mo go ene le mo go rona. Fela ka Mowa o o Boitshepho reka bona batho le ditiragalo jaaka Modimo a di bona. Mpho eo ene ya tswelela ko kokelong morago ga go tlhokafalelwa ke mosadi. Rene ra phutha dilwana tsa ga mme ra di isa lwapeng. Ntate o ne a ema go leboga ba bongaka ba re neng re kopana le bona fa reya ko koloing. Ke. a gopola ke ikutlwa, ka tenego, gore re tsamaye re ye go nna nosi ka kutlobotlhoko ya rona. Ke a lemoga jaanong gore o bone fela dilo tse Mowa o Boithepho o neng o ka di mo kaeela. O ne a bona batho bao jaaka baengele ba ba rometsweng ke Modimo go tlhokomela moratiwa wa gagwe. Ba katswa ba ne ba ipona jaaka baitseanape ba booki, mme Rre o ne a ba lebogela thuso ya bone mo boemong jwa ga Keresete. Tlhotlheletso ya Mowa o Boitshepho ya tswelela le ene fa a goroga kwa legaeng la batsadi bame. Ra bua metsotsonya mo phapusing ya boiketlo. Rre a kopa go ya fa phapusing ya gagwe ya borobalo e gaufi. Morago ga metsotsonyana, a boela mo phapusing ya boiketlo. O ne a na le monyenyo o kgatlhisang. A tsamaela fa go rona a buela kwa tlase a re, Ke ne ke tshwenyegile gore Mildred o tla goroga kwa lefatsheng la semowa a le nosi Ke ne ke ithaya kere o tla timela mo mmudubudung. A bua ka lethabo, ke rapetse gone fela jaanong. Ke a itse gore Mildred o siame. Mme o ne a le teng go mo kgatlhantsha. Ke gakologelwa ke nyenya fa a bua jalo, ke gopola nkuku, maoto a gagwe a makhutshwane, a itlhaganetse mo gare ga mmudubudu go tlhomamisa gore o teng go amogela ngwetsi ya gagwe fa e goroga. Jaanong, lengwe la mabaka a gore rre a kope a bo a fiwa kgomotso eo ke ka gore o ne a ntse a rapela ka tumelo go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe. O ne a tlwaetse go nna le ddikarabo tse di tlang mo pelong ya gagwe go mo fa kgomotso le go mo supetsa tsela. Mo godimo ga go tlwaeleng go rapela, o ne a itse dikwalo le mafoko a baporofiti ba ba tshelang. Jaanong o ne a lemoga goseba ga Mowa mo a go tlwaetseng, o o ka tswang o o utlwile gompieno. Go patiwa ke Mowa go ne go mo gomoditse ga bo ga bo kaela. Ga mo fetola ka ntata ya Setlhabelo sa ga Jeso Keresete. Fa re amogela tshephiso ya go nna le Mowa nako tsotlhe, Mmoloki o ka re fa tlotso e e tlhokafalang go nna le le botshelo jo bo sa khutleng, mpho e kgolo mo go tsotlhe tsa Modimo (bona D&C 14:7). Le gakologelwa mafoko a Mmoloki: Jaanong se ke molao: Ikotlhaele dibe, lotlhe mo lefatsheng, mme letle go nna le kolobediwe ka leina lame, gore le rekololwe ke Mowa o o Boitshepho, gore lo eme lo le phepa fa pele game ka letsatsi la bofelo (3 Nefi 27:20). Melawana eo etla ka tshepiso e e tswang ko go Morena: Mme jaanong, ammaa ruri, ammaa ruri, kea lo raya, baya tshepho ya gago mo Moweng o o isang ko go direng tshiamo, go tsamaya ka boikokobetso, go atlhola ka tshiamo; se ke Mowa wame. Ammaa ruri, ammaa ruri, kea lo raya, ke tlaa lo naya Mowa wame, o o tlaa sedimosetsang tlhaloganyo tsa lona, o tlaa tlatsa mowa wa gago ka boitumelo (D&C 11:12 13). Ke fa bopaki gore Morena Modimo oa tshela, gore Jeso Keresete yo o tsogileng mo baswing o eteletse Kereke ya gagwe, gore Moporesidente Thomas S. Monson o tshotse dinotlele tsotlhe tsa boperesita, le tshenolo e e tswang mo Moweng o o Boitshepho e kaya The Church of Jesus Christ of Latter- day Saints le maloko a yone. Ke tswelela ke fa bopaki mo go lona gore bo rre ba ba buileng le lona tsatsi jeno ke basipi ba Morena Jeso Keresete, maloko a BaAposetolo ba le Lesome le bobedi, ba biditswe ke Modimo. Kea itse gore Moporesidente Monson o ne a eteletswe ke Mowa o o Boitshepho go ba bitsa. Fa o ba reetsa le bopaki jwa bona, Moya oo Boitshepo o tlaa go rurifaletsa se ke se le bolelelang. Ba biditswe ke Modimo. Ke ba eme nokeng le go ba rata ebile kea itse gore Morena oa ba rata ebile o tlaa ba tshegetsa mo tirong ya bone. Ke dira ka leina la Morana Jeso Keresete, amen. DINTLHA 1. Bona Handbook 2: Administering the Church (2010), 20.3.10. 2. Bona George Q. Cannon, in Minutes of a Conference, Millennial Star, May 2, 1863, 275 76. 2015 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/15. Tetla ya Thanolo: 6/15. Thanolo ya bo Visiting Teaching Message, November 2015. Tswana. 12591 763 3