Boleo kgatlhano le Modimo

Similar documents
GRADE 10 SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI PAMPIRI YA BORARO 4. NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION MADUO: 80. NAKO: 3 diura

THOTLOETSO. Dulang. 2 Ke itumetse tshokologong eno go ema fano gape, mme fa. 3 Jalo, fela ke batla go bua sena, motlhang ke fitlhang kwa

MADU A A PHUNYEGILENG

MADU A A PHUNYEGILENG

The$Management$of$Spinal$Pain$without$ Serious$Pathology$or$Neurological$Deficits$

Boitsholo jo bo itshekileng 01203_763_Chastity.indd 1 4/18/13 9:52 AM

Buka ya ka ya Tirogae (2)

Kereke Le Seemo Sa Yone

Bakaulengwe, go molemo go

tse di rileng tse di tshwanetseng go gakologelwa fa re uma mmidi.

baanelwa ba diteng; baanelwa ba thulaganyo; baanelwa ba ba sa itekanelang; le baanelwa ba ba itekanetseng.

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

O rata LovCash thata. YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga. Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana

Bukana e e dirilwe ka thotoetso ya batho ba lefatshe la America ka lenaneo la Presidents Emergency Plan for Aids Relief (PEPFAR) le U.

thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO

Mangoroo e anela ka ga mathata, rnangoroo

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

Bolemirui ba mofuta mongwe le mongwe. Nako e gorogile go tlhoma MOLEMIRUI WA NGWAGA. Bala Moteng: DIPHALANE Lekwalo la Grain SA la balemipotlana

PEGELO YA PHOLISI YA BOSETŠHABA YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO MEPHATO R-3

KGATISO 8 No 6 Diphalane Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Madiba Mop Manie

YBB e fentse sekgele gatlhano jaanong Badirammogo

PUSO YA DIKGAOLO MO BOTSWANA BUKANA YA LENANEO LA BONG

Government Gazette Staatskoerant

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

Bana beso ho phatlalla le lefatshe

LEFAPHA LA TEMOTHUO, JALO YA DIKGWA LE BODIRELATLHAPI REPHABOLIKI YA AFORIKABORWA

HLOMAMISO 1 HLOMAMISO

THUTO TSA SEKOLO SASABATA. Bophelo ba Abrahama

Alumni. Awards/Toekennings

Moapostola wa Bophelo. 16 Phupjane Hlakola Novena Prayer

Cambridge International Examinations Cambridge Ordinary Level

AFRICA BAKENG SA maafrika A LENG MONA MMOHO LE A LENG. THEHA DIKAMANO TSA SEJHABA SA maafrika BOEMONG BA

NWU JUNIE Gesels saam op. Johnson-broers besoek Fakulteit. RSG gesels met dr Mandie Uys. Partners in Education

DIKHOMIKI Sesotho TSE KOPANYANG DITJHABA Bahale ba Diphetoho

*16 22 Phato SABATHA MOTŠEARE OA MANTSIBOEA. Deut. 32:4; Ps. 28:1; Johanne 17; Johanne 15:1 5; Matt. 7:1 5; Matt. 5:23, 24; 18:15 18.

Kanegelo ya Nimirode: Re lebelela diphihlelelo tša gagwe ka lefsa

LETSHWAO LA SEBATA 1. Letshwao La Sebata

Moena Neville, le Moena Capps, le Moena Collins, le basebeletsi MOSEBETSI O TSWILENG MATSOHO 1

Setho se Ratehang sa Bohlokwa PHETOHELO HO MOKGATLO WA KGWEBO O TSAMAISWANG KE SEHLOPHA SA BATHO WA MANTLHA (PRIMARY CO-OPERATIVE)

UNIVERSITY OF SWAZILAND FINAL EXAMINATION PAPER- MAY 2012 SECOND LANGUAGE (SOUTHERN SOTHO) 1. ANSWER ALL THE QUESTIONS.

Boko le boitshwaro. The brain and the behaviour Sesotho B&W

KERNKONSEPTE / KEY CONCEPTS/ KAKANYOKGOLO

Melao ya Motheo ya Kgwebo ya Kopanelo ya Nestlé

Lesson Plans Gr. 1 Term 3 Sesotho

Drive your imagination. Happy birthday, Nal'ibali! Mahlohonolo a Letsatsi la Tswalo, Nal'ibali! Read with me. Every day. Bala le nna. Kamehla.

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE KREITI YA 12

Ge mofetoledi (1987: vii) a bolela ka ga puku yeo ya Kristeva, ore:

KEREITI 12 LOETSE 2012 SESOTHO PUO YA LAPENG PAMPIRI YA 2

Tataiso ya Melao ya Boitshwaro. Melao ya Boitshwaro. Matla a ho etsa kgwebo hantle

Letsatsi la Kotulo la selemo le selemo la. Ntshetsopele ya Molemi e kgahla NAMPO. Bala Ka Hare: PHUPU 2014

SESOTHO HOME LANGUAGE LESSON PLAN EXEMPLARS GRADE 3 TERM

The House rose to observe a moment of silence in honour of the late Makhaketla Leipa

ENNIAH MATEMANE LEKGANYANE

E.K.K. MATLALA: MONGWADI WA DITAODIŠO TŠA MATHOMO TŠA SEPEDI

Mmampodi twantshong ya mahola. Bala Ka Hare: MPHALANE Koranta ya Grain SA ya bahlahisi ba ntseng ba hola

PULA IMVULA. Jwalo ka ha ho etsahala bophelong ba. Sekgahla sa mycotoxin bophelong ba diphoofolo. Bala ka hare: Phato 2017

Feesprogram / Festival Programme

Published by Nalane ka Fezekile Futhwa PO Box 1452 Alberton 1450

@ NWU Inspireer tot innovasie

Academic Achievers Awards 2016

TO IMPROVE LIVESTOCK BOREHOLE DATABASE IN KGALAGADI DISTRICT COMMUNAL GRAZING AREA

ba habo, a tšelela a nyala moetsalibe, mosebeletsi oa lisèto, a rapela melingoana. A nyala Jesebele. Me e se molumeli.

Academic Achievers Awards. Toekennings vir Akademiese Presteerders Difoka tša Thuto tša Bao ba Atlegilego

41/2/9 Student Affairs Programs and Services General Correspondence, Box 1:

Moms are models! Bomma ke mehlala! Drive your imagination. Story Power. Bring it home. Tliša maatla a kanegelo ka gae.

Provincial Gazette Provinsiale Koerant Gazete ya Xifundzankulu Kuranta ya Profense Gazethe ya Vundu

Die afgelope tyd was baie moeilik

koranta eabasebetsi april 1974

AIDS. HELPLINE I oaoo I. We all have the power to prevent AIDS. Prevention is the cure

Government Gazette Staatskoerant

This text was narrated by Stephen Theseira ( ), Praya Lane, Malacca, 1981.

SSB/TRP/MDM 2009(54) Peer reviewed and revised

6. Temo ea lifate tsa litholoana

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 28 SEPTEMBER 1998 GENERAL NOTICE NOTICE 2496 OF 1998

Yarmouth County Registry of Deeds

L A S COLINA S PL A Z A

Visie, Waardes en Missie

VISIE, WAARDES EN MISSIE

FOR SALE EXQUISITE FAMILY HOME. Bracken House, Cosher, Kilmuckridge, Co Wexford

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 1 0 SEPTEMBER 1998 NOTICE 2275 OF 1998 GAUTENG PROVINCIAL LEGISLATURE

3. Los Angeles County Department of Public Works Attn: Gail Farber, Director of Public Works 900 South Fremont Avenue Alhambra, CA

P O U NDBRID GE GREE N

JAARVERSLAG 2013 Omslag_vir litho_finaal_5 Aug_converted.indd /08/05 10:40:00 AM

Ninigret Depot Industrial Land

FILED: NEW YORK COUNTY CLERK 08/09/ :42 PM INDEX NO /2015 NYSCEF DOC. NO. 62 RECEIVED NYSCEF: 08/09/2016

FOR SALE DOWNEY AVE

BOARD OF COUNTY COMMISSIONERS AGENDA ITEM SUMMARY

Expression 889. Manual. Stitches. Sewing Machine. + On/off switch + 4 step button hole + Stitch width control. Bukanayaditaelo Ibhukwa Lemiyalelo

Die Rektor en Visekanselier, prof.

City of Stockton Official Records in San Joaquin County Historical Society and Museum (Feb. 11, 2010)

Staff Report REZONING BOUNDARY OPTIONS FOR NEW DOWNTOWN GATEWAY COMMERCIAL ZONING. April 24, 2018

61 Knowling Mead, Tenby OFFERS IN REGION OF 170,000

23,510 SQ FT PROMINENT SHOREDITCH WAREHOUSE SPACE AVAILABLE TO LEASE AS A WHOLE. SPECIFICATION

Midtown. 3 UNIT Community TH ST REET SACRAMENTO, CA KELLY RIVETT t Senior Managing Director RE LIC #

For Lease. Retail, Office, Warehouse CONVENIENTLY LOCATED NEAR I-25 NORTH. Lease Rate $ $8.55/SF Modified Gross. Available

2507 BLADENSBURG ROAD NORTHEAST

b e a u t i f u l l y c r a f t e d h o m e s

for lease AVENUE SW CALGARY, ALBERTA Artist s Conceptual rendering John Fisher

Gedurende die hersiening van die Institusionele

2018 ADMISSION LIST AS AT 23 MAY 2018

Transcription:

"Ge batho bao ba bitswang ka leina la me, ba ka ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefathlego sa me le go sokologa mo ditselang tsa bona tsa bolotsana nna ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke ba itshwarele dibe tsa bona le go fodisa lefatshe la bona." 2 Ditirafalo 7:14 2

3

Boleo kgatlhano le Modimo Mo Afrika Borwa, jaaka naga tshotlhe tsa lefatshe, go na le tlhologelelo e tona mo dipelong tsa bana ba Modimo, go phela mo kgolaganong e e tsepameng/ tibileng le Modimo, e leng rre wa rona Morena wa rona Jesu Keresete. Bana ba Modimo ba le bantsi ba tlhagisa maikutlo a bona mabapi le go fokotsega ga morafe mo nageng ya gabo rona, jaaka go iponagatsa mo ntsifalong ya bosenyi, dintwa le meetlo ya boetsadibe. Batho bangwe ba nyema moko thata mo e bileng ba tlhoka kgatlhego mo nageng mme ba itlhophele go tlogela Afrika Borwa ba ye go ipatlela bonno kwa nageng tse di kwa ntle. Mo nakong e tshwanang le e, re tlhoka goitse Modimo yo re mo direlang, ka gonne tsotlhe di a kgonega le Morena. Modimo wa rona ke Morena yo o dirang mo go senang tshepo. Ga a ise a re tlogele, Kampo go re ikgatholosa, fela go ya ka lentswe la Modimo, O neile kereke ya gagwe tsela eo e tshwanetseng go mekamekana le maemo a a lebaganeng le Afrika Borwa jaaka, botlhoki, malwetse, boitaolo jalo le jalo. Selo se le sengwe seo Modimo o se tlhokang mo go rona ke go nna le tumelo, Ka gonne ntle le tumelo ga re kake ra kgatlha Modimo. Ka tumelo e e lekanang le peo ya masetete, dithaba di ka sutiswa. Modimo o nale tsela eo a dirang ka yona. O totobaditse mo lentsweng la gagwe gore, ga gona le sebe mo maphelong a rona, kampo ge setshaba se moleofela, ga a kake a araba dithapelo tsa rona le go re tshegofatsa. Tsela ya go atamela Modimo mo mabakeng a a jaana, kampo mo maemong a a tshwanang le a, ke go sokologa, kampo ga bakela maleo a rona. Morena o gaufi le pelo tseo di sekologang. Bothata boo re nang le bona mo nageng ya rona ke gore ga re tlhwe re itse gore re ka sokologa mo go eng gape. Re tlwaetse sebe mo e leng gore gare tlhwe re se lwantsha ka lentswe la Modimo, mme re neela mabaka le maipato mo go ikamaneng le dilo tseo Modimo o di tlhoileng, mme re be re solofela gore a nne gaufi le rona le ge re mositela kampo re mo leofela. Dintlha tseo Modimo o di beileng mabapi le go tlhoeka di totobetse, mme re tlhoka go iteba le go leba setšhaba sa rona jaaka Morena a ne a tla dira (re itlhatlhoba mmogo le setshaba ka lentswe lamorena) mme re sokologe pele gagwe. Bebele e tlhagisa phatlalatsa gore se o se tlhokegang gore motho a itshwarelwe dibe ke go sokologa kampo go itshola. Dibe tsa kgale tseo di iseng di ipobolwe di na le seabe kampo seo di se dirang mo go rona 4

le ka jeno. Gona le dibe tseo di nang le seo di se dirang gone le lefatshe le kgotlelege le gore Modimo a tlose boitlwelo botlhoko ba gagwe mo nageng. Dikarolo dile nne tsa sebe tseo re tlileng go dilebelela ke tshololo ya madi, go tlhoka maitsholo a mantle, kgolagano e e robegileng, le tirelo ya diseto (idolatry). Karolo nngwe le nngwe ya sebe e tlile go sekasekiswa le go naya dikao tsa gore go ka rapelwa jang mabapi le dibe tse. Tloso ya Tshiamololo/ Tlolo molao Lebaka la gore Morena Jesu a sotlakwe le go tsoga mo baswing ke gore tshokologo le tshwarelo ya dibe di rerelwe batho botlhe mo nageng tsotlhe (Luka 24:46,47). Paulo le baapostolo bangwe ba ne ba ntse ba le mo leotong go ya kwa Roma, kwa nageng nngwe kwa Efeso, thero ya go Paulo en e ya tlisa tshokologo e tona thata go Morena, batho ba ne ba tshuba dilo tsa bona tsa maselamose. (Ditiro 19:19) Se, se ne sa tlisa kgwetlho e tona thata mo morafeng le bao baneng ba ikgomaretse ka ditumelwana tsa bona. Tsela eo Modimo a tlisang batho go ena le go tlosa maleo a bona ke go sokologa. Mo Testamenteng ya kgale, batho ba Modimo bane ba tshwanelwa ke tlosa le pshatlaka dilo tsotlhe tseo di neng di kgopisa Modimo (Doiteronomio 12:2-4) gore batle ba kgone go rapela e na fela. O ne a ba tshepisa gore ge ba ka mo furalela o tla ba otlhaela go sa utlweng ga bona, le gore ba tshwanelwa ke go boela go ena, baikokobetse, ba rapele le go batla sefatlhego sa gagwe, le go sokologa mo ditselelng tsa bolotsana, Ena o tla utlwa a le kwa legodimong, a itshwarele dibe tsa bona le go fodisa naga ya bona (2 Ditirafalo 7:14) Mo testamenteng ya kgale Modimo one a naya morafe wa gagwe tsela ya go dira ditlhabelo go ba thusa ge ba mo leofetse le ge ba leofalane. Gangwe mo ngwageng Moperesiti yo Mogolo o ne a tlisa setlhabelo sa botlhokwa seo se bidiwang thuanyo. (Lefitiko 16) Madi a setlhabelo e ne ele go dira thuanyo ya tulo e e boitshepo (pele ga terone ya mohau) Ka baka la go sa tlhwekang ga bana ba Iseraele, le ditlotlo tsa maleo a bone otlhe. Ge moperesiti o mogolo a se na go kgatsha madi fapele ga Aletare, A ipobole dibe tsa morafe. Setlhabelo se se ne se dirwa gangwe fela mo ngwageng, se ne se dirwa go sireletsa batho mo boitshepong jwa modimo. 5

Mo go Bahebere 9:11: re buisa gore Morena Jesu o tlile jaaka moperesita o mogolo, mme a tsena felo ga boitshepo mo boemong jwa rona. Ga a ka a tla ka madi a dikwana le a dipholo fela otlile ka madi a gagwe. Ga go tlhokege gore a dire seo kgafetsa-kgafetsa fela o dirile gagwe fela. Madi a Morena Jesu a ne a bonatsa kgolagano e ntsha (1 Bakorinthe 11:26,27) mme ka madi a gagwe o dirile tsela ya go tlosa boleo (Baheberu 9:26). Madi a dipoo le dikwana ga a kake a tlhola a tlosa boleo, fela ke madi a Morena Jesu o ne a nna ka fa letsogong le lejang la Morena, mme a letlela manaba a gagwe go kokobediwa fa pele ga gagwe. (Baheberu 10:12,13). Baheberu 4:16: Ka moo he, a re atamelang sedulo sa bogosi sa bopelotlhomogi ka dipelo tse di phuthologileng gore re tle re amogele kutlwelo-botlhoko, re bone boitshwarelo, re tle re thusiwe ka nako ya teng. Madi a Morena jesu ao a ileng a kgatshwa kwa legodimong ke sesupo sa tshwarelo eo Modimo o e nayang batho ge ba tla mo go ena ka lebitso la Morena Jesu go tlisa tshokologo. Ga re kopa Modimo tshwarelo ya dibe mo testamenteng ya kgale. Modimo o utlwelela bopaki jwa madi a Morena jesu jaaka a re pakela fa pele ga setulo sagagwe. (Bahebera 12:24.) Ge dithapelo tsa rona tsa boikotlhao di tlisiwa fa pele ga Modimo (Tshenolo 8:3-5) modimo o a re emela le ditshepiso tsotlhe tsa kgolagano, go tswa ditshepisong tsa Modimo tse o dirileng kgolagano le Adamo, Noah, Abraham, Dafita, Solomone le ba bangwe, le ditshepiso tsa kgolagano entsha ka Morena Jesu, e nna tsa rona. E engwe ya disthepiso ke gore: ga re ka ikokobetse, ra rapela ra ba ta batla sefatlhego sa Modimo otla utlwa al e kwa legodimong a re tshwarela dibe tsa rona a be a fodise naga ya bo rona. 6

Tshololo ya madi Tiragalo ya ntlha ya tshololo ya madi mo Beibeleng ke mo Genesi 4; moo Kaine a ileng a bolaya morwarre wa gagwe. Sebe sa tshololo ya madi se ne sa atologa ipusulosetso (Genesi 4:23,24).Genesi 4:11.12 Jaanong o hutsitswe, o lekilwe mo nageng e e atlhomolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago. Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Modimo o ne a laela Moshe gore mmolai a a swe. (Doiteronomio 19:11 13). Ga gone go na le kgetse ya polao e e sa altholwang Modimo o ne a laela ba peresita ba ba mo motseng o o gaufi go atlhola kgetse (Doiteronomio 21). Lentswe la Modimo le ruta gore tshololo ngwe le ngwe ya madi e ka nna a batho, kampo a diphologolo a dira molato mo lefatsheng. Molato wa tshololo ya madi ke ditla morago tsa go direla Modimo ditlhabelo. Molato o a fetelela e bile o anama ka bonako. O ka ama mmolai, ba losika lwa gagwe, ditlogolo, ditlogolwana, motse oo a nnang mo go ona, morafe wa gaabo le lefatshe leo a nnang mo go lona. E rile fela morago ga merwalela Modimo a ntsha molao o o iletsang go ja le go nwa madi. Molao o o ne o santse o tlotliwa ke kereke ya kgolagano entsha. (Ditiro 15:20) Mo testamenteng e ntsha Morena Jesu o atolosa molao wa polao ka gore, kgalefo e e senang toka le tlhodio ka kgakalo ke mokgwa o o sa siamang fa pele ga Modimo jaaka polao. Tshololo ya madi ke molato fapele ga Modimo. 2 Dikgosi 24:4 le ka ntlha a madi a senang molato a Manase o neng a a tsholola, a tlatsa jerusalema madi a a senang molato, Morena a seke a rata go ba itshwarela. Jesaya 1:15 Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi. Jesaya 59:3 Gonne diatla tsa lona di itshokolotswe ka go tsholola madi le menwana ya lona ka tshiamololo; melomo ya lona e bua maaka, diteme tsa lona di buabua tse di sokameng. Mo go Diane, Morena a re o tlhoile diatla tse o di tshololang madi. (Diane 6:17) Mo go Joele 3:21 Morena are: Madi a bone ke tla a kaya a a se nang molato, le fa ke a bonye molato pele. Jesaya 26:21 Gonne bonang, Morena o tla akofa a tswa mo felong gagwe gore a beletse baagi ba lefatshe boikepo jwa bone. Foo lefatshe le tla bipolola madi a a mo go lone, le sa tlhole le bipa ba ba bolaetsweng mo go lone. 7

Afrika Borwa e rwele morwalo wa tshololo ya madi ka baka la madi a a senang molato a a ileng a tshololwa mo lefatsheng la rona. Ditlamorago tsa molato o wa tshololo ya madi di ka bonwa mo go oketsegeng ga ipuseletso, kgalefo mo gare ga batho ditsela tseo di sa lokang tsa batho le koketsego ya tlhokego ya dijo mo karolong e e rileng ya naga. Tsela ya go berekana le sebe se, ke gore re itebaganye le madi a Morena Jesu. Re dira seo ka go atamela setulo sa mohau sa Morena ka tsholofetso ya gore re na le Mmueledi kwa legodimong yo a re rapelelang. O ile a duela molato wa rona ka madi a gagwe, ka lebaka leo gago tlhokege madi a di poo kampo dipodi go kopa tshwarelo. Madi a Morena Jesu kwa aletareng kwa legodimong a re buelela. (Bahebera 12:24) Ka tsholofetso e, ya tshwarelo, le kgolagano re kgona go atamela morena re sokologe mo sebeng sa lefatshe la rona mme re amogele tshwarelo. Ga sebe se sa bakelwe ga se itshwarelwe. Le ge e ka nna nako e telele se diragetse ga se phimoge. Tsela ele nngwe fela ya go amogela tshwarelo ke go sokologa. Sebe seo se sa ipolelwang, le sa letso leo le fetileng, se santse se na le seabe le mo lelokong leo le latelang. Go go gakolola, re ipolela dibe pele, fela o seke wa kopela badimo tshwarelo. Ba nnile le chono ya go ka dira jalo fa pele ga modimo. Re rapela modimo gore a tlose molato mo nageng ya rona ka madi a Morena Jesu le go tlosa thogako e e tlileng ka molato wa tsholololo ya madi. Jaanong re ka kgona go gopotsa Modimo ka tshepiso ya gagwe go 2 Ditirafalo 7:14 mme fa morafe wa me o o bidiwang ka fa leineng lame o ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefatlhego same, ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke itshwarela boleo jwa bone, ke alafa lefatshe la bone. Dithapelo mabapi le molato wa tshololo ya madi (Malatsi 1-14) Dithapelo tse di latelang di ka dirisiwa letsatsi le letsatsi mo thapelong ya gago le mo ditlhopheng tsa thapelo. Letsatsi 1 Genesi 4:10: Mme Morena are: O dirileng? Lentswe la madi a monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung. Bahebere 12:24 le fa go Jesu, motsereganyi wa kgolagano entshwa, le fa mading a kgatsho a a buang go gaisa a Abele Morena re amogela molato wa rona wa tshololo ya madi mo nageng ya rona ya Afrika Borwa. Re ipobola gore madi a le bantsi a goeletsa kwa go wena go tswa mo 8

lefatsheng. Re sokologa mo lebakeng la gore re tladitse naga ya gabo rona ka madi. Re kopa go phepafadiwa ka madi a Morena Jesu le gore madi a Morena Jesu a tlise tshwarelo, phodiso le poelano mo lefatsheng la rona. Letsatsi 2 Lefitiko 17:11 Gonne botshelo jwa mmele bo mo mading; ke lo dumeletse go a dirisa mo aletareng fela gore lo dirilwe thuanyo. Modimo Ntate re amogela gore re ile ra se tseye botshelo tsiya, ra se botlotle re le baagi ba Afrika Borwa. Re kopa tshwarelo e bile re rapela gape gore o tsosolose mo go rona tlhompho ya botshelo le go tshwara batho jaaka dibopiwa tseo di tshotseng mowa wa bophelo. Letsatsi 3 Numeri 35:33 Lo seke lwa itshepolola lefatshe le lo leng mo go lone; gonne madi a a tshololwang a itshepolola lefatshe; mme lefatshe ga le na go direlwa thuanyo ya madi a a tshololetsweng mo go lone fa e se ka madi a yo o a tsholotseng. Moatlhodi wa bophelo, re rata go ipobola molato wa rona wa go tsholola madi pele ga gago, tshololo ya madi e e tlisitsweng ke dintwa, dipolaano le dikotsi tsa tsela. Re kopa boutlwelo botlhoko ba gago le tshwarelo ya sebe sa rona sa go kgotlela lefatshe. Re kopa gore dithapelo tsa rona o di amogele gore otle o fodise lefatshe la rona. Letsatsi 4 Lefitiko 17:10 Mongwe le mongwe wa Baiseraele le wa baeng ba ba lo agetseng yo o ka jang madi ke tla mo lebisa sefatlhego sa me ka bogale, ke mmolaya mo morafeng wa ga gabo. Dipesalome 16:4 Dipogo tsa bona ba ba ipatlelang medimo e sele di tla ntsifala. Ga nkitla ke e isetsa ditshupelo tsamadi, le eseng go bua maina a yona ka molomo wa me. Morena re tshwarele molato wa rona wa go nwa le go ja madi mo nageng ya rona, e ka nna ka go rapela medimo e sele, kampo tiro engwe le engwe ya setso. Letsatsi 5 Luka 11:50-51 Jalo madi a baporofeti botlhe a a tsholotsweng go tloga tlholegong ya lefatshe a busolosediwa losika lo, go simolola ka madi a ga Abele go tla mo mading a ga Sagaria yo o swetseng fa gare ga aletare le Tempele. Hosea 4:2 Ba a rogaka, ba a aka, ba a bolaya, ba a utswa, ba a akafala, ba a thuba matlo; mme molato wa polao o tlhatlaganye le molato wa polao. Morena re dumela le go amogela molato wa tshololo ya madi wa setshaba seo se fetileng ga o iswe o itshwarelwe, ka lebaka leo tshololo ya madi e bitsa tshololo e nngwe ya madi mo nageng ya rona. Re kopa wena Morena ka 9

boutlwelo botlhoko ba gago go robaganya kgolagano e ya tshololo ya madi mo nageng ya rona ka matla a madi a Morena Jesu. Letsatsi 6 Dipesalome 106:38 Ba tsholola madi a a se nang molato madi a bomorwaa-bona le bomorwadia-bona, ba ba tlhabela medimo ya diseto ya Bakanana; lefatshe la itshepololwa jalo ka polao eo. Morena re amogela le go ipona molato ka tshololo ya madi a o a senang molato mo di aletareng tsa mamone ka go bolaya bona bao ba iseng ba tsholwe (abortion). Re kopa gore boitshwarelo jwa gago bo fitlhelele naga ya Afrika Borwa ka go dumelela sebe sena. Re kopa mohau wa gago godimo ga setšhaba se. Letsatsi 7 Genesi 9:5 Mme madi a lona a e leng maphelo a lona ke tla a busolosetsa; ke tla a busolosetsa mo sebateng sengwe le sengwe le mo seatleng sa motho. Ke tla busolosetsa bophelo jwa motho mo seatleng sa motho-ka-ene. Morena o o boutlwelo botlhoko re kopa gore o etelele baeteledi pele ba rona go rwala maikarabelo mabapi le tshololo ya madi gape ore thuse go rwala maikarabelo ao re nang le ona mabapi le botshelo. Letsatsi 8 Baatlhodi 9:23,24 Modimo wa romela mowa o o bosula o o lwantshanyang Abimelege le beng ba Segeme, mo ba bileng ba direla Abimelege ka Boikanyologo; e le go re tshiamologo e e diretsweng bomorwa Jerubaale ba le 70 le polao ya bone e tle e wele mo go Abimelege morwa-rraabo yo o ba bolaileng; e be e wele mo go beng ba Segeme ba ba mo thusitseng go bolaya bomorwa-rraagwe. Mogolodi wa rona re kopa gore o tlose mowa mongwe le mongwe wa maikaelelo mo morafeng wa rona oo o ka dirang gore batho ba iposolosetse ka baka la tshololo ya madi. O buseleditse tshololo yotlhe ya madi ka Morena Jesu ge are swela sefapanong. Re kopa gore o tlise kgomotso le phodiso go bangwe ba rona bao ba latlhegetsweng ke bao ba ba ratang ka tshololo ya madi mo dintweng le dikgotlhang, o tlose le dipelong tsa rona kutlobotlhoko le letlhoo go bao ba re kgopisitseng gore o kgone go tshwarela. Letsatsi 9 Hesekiele 33:25 ke moo o ba ree ore: Morena Modimo o bua jaana o are: Lo ja nama e e nang le madi, lo tshololetsa matlho kwa medimong e e maila ya lona, lo tsholola madi. A lo gopola gore lo ka rua lefatshe? Dipesalome 24:1 Lefatshe ke la Morena le tshotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone. Modimo re ipobola 10

gore jaaka re le merafe e e farolo ganeng re lwela lefatshe mo nageng ya rona. Re amogela kajeno gore lefatshe ke la gago e bile ke wena molaodi wa lona. Re thuse gore taba ya lefatshe re dire sentle ka tshabo Modimo ka yona. (land issue) A puso ya gago e tle mo Afrika Borwa. Letsatsi 10 Genesi 4;10 12 Mme Morena are: O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung. Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tshololtsweng ke diatla tsa gago. Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Motsosolotsi wa dilo tsotlhe, re kopa gore o tlose thogako ya tshololo ya madi mo go Afrika Borwa, gore lefatshe le ntshetse batho dikuno tsa lona gape, o romele gape pula ya go sale gale le ya morago go ya ka ditshepiso tsa gago mo lentsweng lagago mo go 2 Ditirafalo 7:13, ka leina la Morena Jesu re kopa gore o tlose katlhoganyo eo e ka dirang gore batho ba se nnisege. Re neye kagiso ya gago mo morafeng. Letsatsi 11 Bahebere 9:22 Dilo tse di phepafadiwang ka madi ka fa molaong e batlile go nna tsotlhe, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo bope. Morena Modimo, re ipobola gore ga re letlelela tshololo ya madi mo nageng ya rona, kutlo botlhoko le lethoo le tlala dipelo tsa rona go bao ba re itlwisang botlhoko kgotsa bao ba bolaileng malapa a rona, mme go neng le go tshwarela, re letleletse boipoeletso. Re kgetha go tshwarela bao ba re itlwisitseng botlhoko jaaka O re tshwarela ka madi a Jesu. Letsatsi 12 Habakuku 2:12 A tatlhego wee ya yo o agang motse ka go tsholola madi, yo o bapalelang ntlo ya gagwe khumo ka tsietso gore a ikagele sentlha kwa godimo go ipoloka gore tatlhego e se mo wele. Daniele 9:8 Morena, se se re tshwanetseng le dikgosi tsa rona le dikgosana tsa rona le borraetsho ke difatlhego tse di tlhajwang ke ditlhong, ka gonne re go leofetse. Kgosi e e siameng re rata go ipobola gore, metse ele mentsi ya rona le diterotswana ga dia bonwa ka tsela e e siameng, mme e le ka bonokwane le tshololo ya madi. Ge e sale setšhaba se simologa dingwaga di le dintsi tseo di fitileng, bo rre le bo mme bao ba nang le tshusumetso ba dirisitse matla a bona go tshola madi. Re na le ditlhong ka sebe sa rona. Re kopa Morena o tlose le nyora la tshololo ya madi mo morafeng wa rona, mo diterotswaneng, 11

diteropong le mo motseng, mme o re neye motheo wa kgolagano le Morena wa rona Jesu Keresete le tshokologo. Letsatsi 13 Jesaya 1:15,16 Le fa lo tsholetsa mabogo, ke tla lo bipela matlho; le fa lo ka ntsifatsa dithapelo, ga nkitla ke lo utlwa; gonne diatla tsa lona di tletse madi. Tlhapang lo itsheke; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me, lo bake go dira tse molemo, batlang tshiamo, thusangyo o gateletsweng, siamisetsang lesiela, emelang motlholagadi mo tshekong. Joele 3:21 Madi a bone ke tla a kaya a a se nang molato, le fa ke a bonye molato pele. Mme Morena o tla agela ruri mo Sione. Morena o re tshepisitse gore o tla utlwa o le kwa legodimong ga re ikokobetsa, re batla sefatlhego sa gago, re sokologa mo ditseleng tsa rona tsa bolotsana. Re kopa gore o re utlwe Morena jaaka re rapela, o seka wa re fitlhela sefatlhego sa gago. Golola Afrika Borwa mo molatong otlhe wa tshololo ya madi, tshololo ya madi eo e dirilweng ke bo rremogolo khukhu, bao ba neng ba direla medimo, tshololo ya madi eo e tlisitsweng ke dipolaano, dikotsi, go bolaya bana ba ba iseng ba tsholwe, go ipolayaa, tlala le go tlhoka toka. Dumelela naga ya rona go amogela pholo, phepafatso, pholoso le tsosolotso. Amen. Letsatsi 14 Dipesalome 51:12 Modimo, mpopele pelo e e ithsekileng, o ntshwafatse mowa o otlhamameng mo teng ga me. Mopholosi re itumela mo matleng a leina la gago. O dira tsotlhe sentle. O kgosi ya kagiso le moemedi wa batlholagadi. Re ineela mo go wena. A leina la gago le galalediwe mo Afrika Borwa. A batho botlhe ba rorise le go tlotla leina la gago. Re itumelela go loka ga gago re opela ka boitumelo ka go loka ga gago. (Sekao sa thapelo eo e ka rapelwang kwa felong ga dintwa, mafelo a dikgotlhang, mafelo a ditlhabelo, ditliniki tsa go ntsha dimpa, mafelo a dikotsi jalo le jalo.) Morena re tla kwa go wena ka leina la Morena Jesu morwa wa gago go ya ka ditshepiso tseo di leng lentsweng la gago mo go Johane 16:23. A leina la gago le bakwe, o phagamisetswa godimo ga ditshegofatso tsotlhe le dithoriso! Wena o le esi o Morena, O dirile legodimo, le magodimo, lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, lewatle le tse di mo go lone, mme o diboloka tsotlhe.re a go tumisa Morena le baagi ba legodimo. Re amogela kejeno gore o Morena wa Marena, le gore ga go 12

ope yo o tshwanang nao. Ditiro 17:26,27 O dirile gore setšhaba sengwe le sengwe sa batho se tswe mo mading a le mangwe fela, ba age mo lefatsheng lotlhe; o tlhomamitse metlha ya bone e e beilweng pele le melelwane ya maago a bone gore ba batle Modimo, e tle e re gongwe ba o apaape, ba o bone; kana ga o kgakala le ope wa rona. O Morena yo o dirileng lefatshe leo re phelang mo go lona. O dirile setšhaba sa Afrika Borwa ka madi a le mangwe, o dirile gape le dinako tsa bona le melelwane ya foo ba nnang teng le gore ba tle ba go batle. Ka boikobo rona jaaka kereke ya Afrika Borwa re ineela mo go wena (Jakobo 4:6,7) le go oba mangole a rona go ikarabela, le go arabela morafe wa rona le setšhaba sa rona (Baroma 14:11,12). Re atlhotswe ke moa o o galalelang mabapi le sebe sa go tsholola madi mo Afrika Borwa, le katlholo mo nageng ya rona ka baka la sebe sa rona. Re elelelwa gore madi a bana ba bo rona ba le bantsi a goelela go wena go tswa Afrika Borwa,ruri re amogela molato wa rona wa tshololo ya madi. Re sokologa mo lebakeng la gore re tladitse Afrika Borwa ka madi. Re ya ipobola tota gore gare a tlotla botshelo mo Afrika Borwa. Tshololo ya madi mo nakeng e e fetileng: Morena re amogela le go ipobola gore molato wa madi a a tshologileng mo nakong e e fetileng ga aise o ipolelwe. Re a sokologa kajeno mo tshololong ya madi ka ntlha ya dintwa mo nageng ya rona. (ntwa mo magareng ga basweu le mathosa, Basweu le Masarwa, Masarwa le Mathosa, Matsonga le Mazulu, Basotho le Mazulu, Matebele le Batswana, Matebele le Bapedi jalo jalo, Bavenda le Bapedi, Anglo-Boer). Re rapela gore boutlwelo botlhoko kampo mohau wa gago o bonagale mo go rona. O robakaganye tswelelo ya madi le ipusolosetso mo setšhabeng ka matla a madi a Morena Jesu. Re kopa gore Morena otlise poelano magareng ga morafe mo nageng ya rona, mme o dumelele madi a Morena Jesu go tlisa poelano, go fodisa kutlobotlhoko, letlhoo le go sa tshepane. Re rata gape go ipobola gore re dumeletse maikutlo mangwe go kgotlhela molaetsa wa gore O mang, gape re dirise le Beibele go tokafatsa go tsholola ga rona madi. Re a ipolela Morena gore tse dingwe tsa difikantswe ga di rorise leina la gago. Rea kopa Morena re tshwarele. Tshololo ya madi ya kgotlhang: Morena Jesu lentswe la gago le re bolelela gore tshololo ya madi ka nako ya kagiso go tla tlisa 13

ipusolosetso. Re a ipolela Morena gore re ipona molato ka go tsholola madi ka nako ya kagiso mo nageng ya rona. Re tshwarele Morena ka nako tseo di sa siamang ka bao ba neng ba tshwanetse go tlisa kagiso, re tshwarele Morena. Re a kopa Morena re lebalele. Tshologo ya madi ka ntlha ya dintwa kwa dinageng tse dingwe: Morena re a ipobola gore rona jaaka ma Afrika Borwa re molato ka go tsholola madi kwa Namibia, Angola, Zimbabwe, Mozambique, Lesotho le dinaga tse di kwa Bokone Botlhaba ba Afrika le kwa Yuropa. Re rapelela gore molato o wa tshololo ya madi o tloswe le gore poelano e nne teng. Go tshologa ga madi ka ntlha ya go ipolaya le dipolao: Morena jaaka ma Afrika Borwa re rata go ipolela sebe sa go tshololwa ga madi ga diketekete tsa dipolao tseo di diregileng mo nageng ya rona. Re kopa gore o re tshwarele sebe sa go dumelela go fedisa mpa le ka go tsholola madi a a senang molato mo di aletareng tsa mammone ka go bolaya bana ba ba iseng ba tsholwe. Re sokologa mo kgalefong, letlhoo le botlha bo bo isang kwa dipolaong mo dipolaseng, le mo malapeng ka baka la semorafe. Tshologo ya madi ka ntlha ya dikotsi tsa tsela: Morena re ipolela sebe sa go tsholola madi a a senang molato ka ntlha ya dikotsi tsa tsela ka le baka la go kgweetsa botlhaswa, go tagilwe, go sa obamele melao ya tsela le ka mabaka a mangwe. Re a kopa Morena tlosa molato wa go tsholola madi mo lefatsheng la rona. Go dira ditlhabelo ka go tsholola madi: Ntate Mopholosi wa rona ka Morena Jesu, re amogela molato wa lefatshe la rona wa go tsholola madi a diphologolo le a batho ka nako ya go rapela medimo sele. (sataniseme,boloi, badimo le go rapela medimo eo e seng Modimo wa nnete). Re ipolela dibe kampo molato wa go tsholola madi kwa meletlong ya go rupa, meetlo ya ditso le go ja le go nwa madi ka tsela ya ditso. Morena re rapela ka leina la Morena Jesu gore o tlose thogako mo lefatsheng la rona le go bonagatsa boutlwelo botlhoko ba gago gore lefatshe le boe le ntshe dikuno tsa lona gape. Re kopa Morena go tlosa thogako ya go tlala le naga le go latelelela batho go nna mo lefatsheng leo o ba fileng lona. 14

Re lopa phepafatso ka madi a Morena Jesu, le gore madi a Morena Jesu kwa teroneng ya legodimo a re buelele rona Afrika Borwa yotlhe (Bahebere 12:24) gore naya tshwarelo, pholo le poelano mo lefatsheng la rona. Amen. Thobalano e e sa itlhekang / Sebe sathobalono Genesi wa borataro (6) o re bolelela ka tiragalo ya go sa itshekang mo Beibeleng. Le ge Beibele e sa totobatse gore tota go diragetseng pele ga morwalela, nngwe ya ditlamorago tsa thobalano eo e neng ya direga ke gore lefatshe lotlhe le ne le tletse dintwa. Go tlontlololwa ga motho ka ntlha ya thobalano eo e sa amogelegeng go tlhalosiwa sentle mo go Baroma 1. Ditlamorago ke gore batho baile ba tlhoya Modimo, mme katlholo (tema ya 2) ya tshwannwa ke gonna leso leo modimo o lo tsisitseng go maloko pele ga morwalela. Go sa itlhekeng jaaka sebe go tlhalosiwa mo go Lefitiko 18:6-23 e bile go akaretsa, ditiraglo tseo di sa amogelesegeng mo lelapeng kampo mo losikeng, go roballana ke nako ya mme ya mosese, bootswa, monna go robala le monna yo mongwe, le bootswa, kampo go rekisa mmele. Paulo o tlhalosa bootswa jaaka sebe kgatlhanong le mmele wa motho (1 Bakorinthe 6:18). Mo go Lefitiko 18 thobalelano eo e sa itlhekang e kaiwa jaaka engwe ya dilo tsoe di bakang gore batho ba latlhegelwe ke lefatshe la bona. Ditlamorago tse dingwe tsa thobalelano e e sa itshekang ke: botshelo jo bo khutswane, go latlhegelwa ke taolo mo dilong tsa se moa, go duma maatla, go tlhoka moa wa botlhanka kampo go direla, go tlhoka boikobo, le go duma thoballano eo e tlisang go gatelewa ke mademone. Morena Jesu mo go Mateo o bua jaana (Matheo 5:28)are: mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe. Ka lebaka leo ga se fela thobalelano e e sa itlhekang eo e re kgoltelang, re kgotlela gape mogopolo ya rona ka go lebelela ditshwantsho tsa thoballano. Mo go Bakorinthe Paulo o kgalemela kereke gore e seke ya letlelela thoballano eo e sa itlhekang mo magareng ga phuthego. Gape mo go Baroma wa ntlha o tlhalosa gore katlholo ga e ye go tlela fela ba ba dirang dilo tse mme le bao ba di dumelelang e tlile go ba tlela. Ga re lebelela Afrika Borwa ka tsela eo Beibele e buang ka teng ka thoballano e e sa itlhekang, re na le molato pele ga Modimo ka go dumelela sebe se go phatlalala le go kgotlela morafe wa ga bo rona. 15

Batho bao ba ka tlang fa pele ga Modimo go kopa phepafatso le go tsosolosiwa ga malapa a rona, manyalo le morafe ke bao ba nang le kgolagano le Modimo ka Morena Jesu Kresete bao ba latlhileng thobalelano e e itshekologileng matshelong a bona. Dithapelo mabapi le thobalelano e e sa tlhekang (Malatsi 15-21) (Dithapelo tse di latelang di ka dirisiwa letsatsi le letsatsi mo thapelong ya gago kampo mo setlhopheng sa thapelo.) Letsatsi 15 Lefitiko 18:16 O se ka wa nyala mosadi wa morwarraago; ke go mo roga. Morena re ipobola sebe sa thobalelano ya masika fa pele ga gago. Re a amogela gore ga re a tlotla ba masika a rona mabapi le thabalelano. Re rapelela tlhoekiso ya malapa, go fodisa maphelo a a gobetseng, le go tsosolosa tlhoeko ya thobalelano mo dikamanong tsa malapa. Re kopa gore o fodise megopolo ya rona eo e neng ya gobala. Letsatsi 16 - Lefitiko 18:20 O se ka wa ntsha ope wa bana ba gago go mo neela Mologe ka go mo ralatsa molelo, e se re gongwe wa itshepolola leina la Modimo wa gago. Mareko 10:12 Le mosadi, fa a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o senya nyalano. Matheo 5:27,28 Lo utlwile gore go tilwe: O se ka wa dira boaka. Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe. Morena re amogela le go ipobola gore Afrika Borwa e molato ka ga sebe sa bootswa. Re kopa tshwarelo ka go sa tshepagale le ge e ka nna ka mo dipelong tsa rona. Re a kopa Morena fodisa manyalo mo Afrika Borwa, re thuse go tshepagala ditshepisong tsa rona. Letsatsi 17 Lefitiko 18:22 O seke wa robala le monna jaaka go robalwa le mosadi. Ke se se ilegang. Baroma 1:26,27 Ka ntlha ya moo Modimo o ba neeletse mo dikeletsong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetotse o e seng wa tlholego. Fela jalo le banna ba tlogela go dira le mosadi ka fa mokgweng wa tlholego, ba tukelana ka dikgatlhego tsa bone, banna ba dira matlhabisa ditlhong le banna ba bangwe, ba amogela tuelo e tshwanetseng timelo ya bone mo go bona ka bosi. Morena re rata go 16

ipobola sebe sa Afrika Borwa sa monna a ratana le monna o mongwe le mosadi a ratana le mosadi o mongwe fa pele ga gago. Re tlhaloganya go ya ka Baroma 1 gore ke ka lebaka la gore re sa go galaletsa jaaka mmopi wa rona gore seno se be se direga. re kopa thswarelo go dira thobalelano e e seng ya tlhago go kgotsafatsa keletso tsa rona. Re kopa phodiso le tokololo ya bao ba tshwerweng ke sebe seno. Re a kopa Morena re buseletse go banna le basadi ba o ba tlholetseng kgalalelo ya gago. Letsatsi 18 Lefitiko 18:23 O seke wa ikopanya le seruiwa sepe go itshekologa ka sona; le mosadi a seke a ema fa pele ga seruiwa go kopana naso. Ke tlhakatlhakano e e boitshegang. Morena re kopa tshwarelo ya gago gore sebe seno se be se direga mo Afrika Borwa. Re tlhabiwa ke ditlhong ka tsela eo setšhaba sa rona se ganang melao ya gago. Re a kopa Morena golola morafe wa rona mo bokgobeng ba tirelo ya bosatanism. Re tshwarele Morena o golole batho ba rona mo bokgobeng bo.re rapela gore o kgaleme moa o mo setšhabeng sa rona,mme ore phepafatse mo thobalelanong ee sa tlhoekang. Letsatsi 19 Jeremia 3:2,3 O ne o ba nnela fa ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago. Mme le fa dipula di thibilwe le kgogolammoko e se teng, o ne o na le sefatlhego sa boaka; o ganne go tlhajwa ke ditlhong. Morena re amogela le go ipolela sebe sa bootswa mo go wena. Re kopa tshwarelo go rekisa mebele ya rona re be re kgotlhela tempele ya gago. Re kopa tokologo mo moeng o wa bootswa le tsosoloso ya bao baileng ba pateletsega kampo ba itlhophetseng go dira tiro eno, re rapelela go ipona molato ga bao ba dirisang banna le basadi go bona dipoelo tsa madi. Re kopa tshwarelo go nna pelo telele go bogela ditshwantsho tsa thobalelano. Re kopa Morena gore o re tlhoekise sebeng sa thobalelano e e sa amogelegeng, o tshele moa wa gago Morena mo go rona. Letsatsi 20 Dilelo 5:1,11,15 Gakologelwa, Morena tse di re tletseng! Leba o bone kgobego ya rona! Go tlotlolotswe basadi mo Sione le makgarebe mo metseng ga Juta. Boitumelo jwa dipelo tsa rona bo fedile; dipina di re fetogetse bohutsana. Morena dipelo tsa rona ga di sa na boitumelo ka le baka la go kata. Re amogela gore gago ope wa rona yo o ka phonyogang seno/ kampo yo o sireletsegileng kgatlhanong le seno. Re kopa tshwarelo go dumelela moa wa go duma go dira ka 17

tokologo, le kgwetlho ya rona go dira seo. Re a kopa Morena re golele, o senole ditiro tsa lefifi tseo di tlisang tlhakatlhakano mo bathong, ba naga ya rona. Re a kopa Morena tlisa phodiso go bao ba ileng ba leofa, le ba tlola molao, mme o ba tlise go lokeng le pholosong ka Morena Jesu. Letsatsi 21 Bahebere 10:22 A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa. Morena yo a galalelang, re tlhoka madi a morena Jesu gore phepafatsa meweng, le mebeleng, mo go sa tlhoekang ga thoballano e e sa tlhoekang. Re kopa Morena re tsosolose gonna monyadi yo o mmatlang. Re neela mebele ya rona go nna ditlhabelo tse phelang, tse itshepileng le tseo di go thabisang wena Morena o re mo rapelang. Re a kopa Morena tlosa thogako ya ntwa mo lefatsheng la rona eo e bakilweng ke thoballano eo e sa itshekang. Re thuse Morena go tlotla ka boikobo le go direlana ntle le go batla matla kampo bolaodi kwa ntle ga gago Morena. Tlisa mo go rona boutlwelo botlhoko ba gago mo lefatsheng le. (Sekao sa thapelo e o e ka rapelwang kwa mafelong a go diragalang thobalelano eo e sa dumelesegeng jaaka kwa mabenkeleng a batho ba ba tona, dibareng, mafelo a katako, le dihotele tsa bootswa, jalo jalo.) Morena re tla pele ga setulo sa gago sa mohau ka Morena Jesu Kereste Morwa wa gago. Re a go rapela jaaka Morena yo o galalelang, Modimo o o godimo ga medimo. Wena o le mongwe o a tshwanelwa go amogela tlotlo/thoriso. Lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo go wena le tlhoekile, ga gona go sa tlhoekang mo go wena. Go ya ka lentswe la gago, setshaba sa rona se na le molato wa thoballano e e sa tlhoekang. Jaaka mmele wa gago re amogela molato wa setšhaba mabapi le sebe seno. Re tlhkomologile go bua kgatlhanong le thobalelano e e ntseng jaana, mme gare a dira go go lekaneng go kgalema batho mabapi le sebe seno sa thobalelano. Re tlisa setshaba sa ga bo rona pele ga gago jaanong. Sebe sa go robalelana le masika: Re ipolela sebe sa thobalelano ya lesika. Re amogela gore maloko a malapa mo morafeng wa rona ga se gantsi ba tlotliwa mabapi le thobalelano. Re dumela gore tshobotsi ya 18

bona go wena jaaka Modimo e kgoreleditswe ka baka la sebe. Re kopa maphelo a a gobetseng, le tsosoloso ya thobalelano e e itshekileng mo malapeng. Re a kopa Morena fodisa megopolo le menagano ya rona eo e neng ya gobatswa ke tiragalo tse. Go sa tlotle nyalo: Motshepegi, wena o ilthalositseng jaaka Monna wa Iseraele, Monyadi yo a baakanyang molelto wa Monyadiwa wa gagwe. Re rata go ipolela gore Afrika Borwa e molato wa go tlontlolola nyalo mo setšhabeng sa rona. Re kopa tshwarelo ka go sa tshepagaleng ga borre le basadi, ba le bantsi, le ge e ka ba ka menagano ya bona e seng ka ditiro. Re a rapela Morena fodisa manyalo, mme o re thuse go tshepagala mo ditshepisong tseo re di dirileng. Thobaleelano kwa ntle ga lenyalo: Morena, wena yo o re fileng melelwane mabapi le kamano ya thobalelano. Morena re rata go ipolela sebe seno pele go wena jaaka sebe mo setšhabeng le moetlo o go le gantsi o amogelegang ka tlhaeletsano le mokgwa wa go phela wa sejwale jwale. Re kopa tshwarelo Morena gape re rapela gore setšhaba sa rona se ka itebaganya le lentswe la gago mabapi le go tlhoeka ga thobalelano pele le morago ga lenyalo. Thobalelano ya: monna le monna, le Mosadi le mosadi: Ntate, wena yo o ileng wa tlhola motho, monna le mosadi, re ipolela pele gago sebe seno, foo banna ba robalang le banna, basadi le basadi, selo se eleng gore wena Morena ga o ise o ke o se tshegofatse. Re tlhabilwa ke ditlhong ka tsela eo morafe wa rona o ikgatholositseng melao ya gago. Re tshwarele Morena go dumela dilo tseno go direga mo nageng ya rona. Re tshwarele Morena go sola bao ba neng ba dira dilo tse mme re sa ba rapelele, re sa ba thuse go bona tokologo mo go wena. Re fe Morena kutlwelobotlhoko le go tlhaloganya bao ba wetseng mo diatleng tsa o mobe. Re a rapela Morena gore batho ba lemoge dibe tsa bona, ba lemoge toka ya gago le katlholo, mme o phepafatse setshaba sarona mo sebeng sa thoballano e e sa tlhoekang. Bootswa/ thekiso ya mmele: Morena re amogela le go ipobola sebe sa bootswa mo go wena. Re kopa tshwarelo ka thekiso ya mebele eo e kgotlelang tempele ya gago. Re kopa go gololwa mo moeng o wa go rekisa mmele mme gape re kopa go tsosolosiwa ga bao ba neng ba pateletsega kampo ba itlhophela go dira ka mokgwa o, re rapelela le 19

bao ba dirisang banna le basadi go bona poelo tsa madi. Re rata go ipolela sebe sa go tsaya karolo mo go lebelleng ditshwantsho tsa maponapona mo di komputareng (cybersex) le go kgotlelela mefuta e e farologaneng ya thobalelano eo e tlisiwang ke tlhaeletsano. Re rapela Morena gore o re tlhatswe sebeng se sa thobalelano e e sa itlhekang mme o tshele moa wa gago o o galalelang mo go rona. Ditshwantsho tsa maponapona (Pornography): Morena re kopa gore o re tshwarele go dumelela menagano ya rona go kgotlelwa ke go bogela ditshwantso tse, tseo di fitlhelwang mo mabenkeleng, mo dividiong, le mo mafelong a maithabiso. Re kopa o re tshwarele sebe se Morena. Re kopa Morena o tlhatswe dikelello tsa rona le menagano ka madi a Morena Jesu, mme o dire menagano ya rona go obamela lentswe lagago. Re rapelela go kgoetlhwa ke moa o galalelang o o tla dirnag gore batho botlhe ba ba tsayang karolo mo ditiragalong ba gololosege bokgobeng bo ka leina la Morena Jesu, le gore mofuta o wa ditshwantsho gore o tlosiwe mo setshabeng sa rona. Katako: Morena re rata go ipolela sebe sa go sotliwa ka thobalelano le go kataka mo nageng ya rona. Re kopa Morena o re lebalele go dumelela moa wa go duma go dira ka tokologo mo go rona. Morena re kopa o re gololole mme o senole ditiro tsa lefifi tseo di dirang gore batho ba fetswe ke sebe. Morena re kopa o tlise pholo go bao ba ileng ba tlhagelwa ke mathata a a jaana, mme badiri ba ditiro tse ba ipone molato mme o ba tlise go lokeng le pholosong ka Keresete. Thobalelano ya monna/mosadi le seruiwa: Morena re ipobola sebe sa go robalelana le diphologolo. Morena re kopa gore o senole sebe se mme bao ba dirang sebe se ba ipone molato gore ba tle mogo wena go pholosiwa. Re kopa Morena o tlose thogako eno mo lefatsheng lena ka baka la sebe seno. Ditiro tsa thobalelano e tlhakaneng le boloi: Modimo Ntate re ipolela pele ga gago ditiro dile dintsi tsa bo satane le thoballano e e tlhakaneng le boloi tseo di diriwa ng ke ditlhopha tsa ditumelo tse di rileng. Re dumela gore ditiro dile dintsi tsa rona tsa setso di rotloetsa thobalelano e esa dumelegeng.re kopa gore o re tshwarele meetlo e eo e kgotlelang lefatshe le gore bao ba dirang dilotse ba sokologe.re rapela gore o golole batho ba Afrika Borwa mo go direleng satane le ditumelo di sele, tsa ditso tse difarologaneng 20

Morena yo o galalelang, re tlhoka madi a morena Jesu go tlhoekisa meoa ya rona le mebele mo go sa tlhoekang ka baka la thobalelano e e itshekologileng. Re a kopa Morena re tsosolose go nna monyadi oo o molebaletseng. Re neela mebele ya rona jaaka ditlhabelo tse di tshelang go go galaletsa. Re akopa Morena tlosa thogako ya sebe sa thobalelano mo go lefatsheng la rona. Re kopa gore Morena o re neye pholo mebeleng o be o re okeletse malatsi a rona a go phela. Re a kopa, gore rona jaaka mmele wa gago re nne gape le maatla a moa o o galalelang godimo ga ditulo tseo o re neileng tsona go di laola. Re thuse Morena gore re direlelane ka boikokobetso ntle le go duma maatla kwa ntle ga gago. Re rata go kopa Morena gore tlosa dithogako tsotlhe mo lefatsheng la rona ka baka la dibe tse, mme o busulose mohaui wa gago mo Afrika Borwa. Amen. Dikgolagano/Ditumelano tseo di robegileng / Gorobega ga digwerano, ditumelano Morena wa Beibele o itshenotse mo bathong jaaka Modimo wa kgolagano. Kwa go Adamo le Efa e ne ele Elohim, mmopi; kwa go Aborahame o tlhageletse jaaka Elshaddai, mothata yotlhe; kwa go Moshe a iketsise jaaka YHWH nna ena; mme kwa bofelong a itlhagisa jaaka mopholosi, Mesia, Morena Jesu Keresete. Modimo ga o ke o roba kgolagano ya gagwe le batho/motho, fela re bona Adamo le Efa jaaka baemedi ba batho ba roba kgolagano eo ba neng ba na le yona le modimo ka go tlhoka kutlo. Go tlhoka kutlo go go ne ga ba tsisetsa ditla morago tse di botlhoko moo re bonang ba tshwanetse go phela kwa ntle ga boleng teng ba Modimo le gore ba ikgobokanyetse tsotlhe tse ba ka nnang le tsona ka mofufutso wa phatla tsa bona. Nako engwe le ngwe ge Modimo a dira kgolagano le batho o ba okeletsa masego mme gape a ba itsise ka moo ba tshwanetseng go phela ka teng kampo melao ya gagwe. Gare ikgethela go dira se se fapaaneng le kgolagano ya rona le Modimo re ipiletsa thogako mme e tla nna le rona. Jaaka Modimo a tshepagala mo kgolaganong o a nang le yona le rona, o solofela gore le rona jaaka re dirile mo setshwantshong sa gagwe, re tshepagale kgolagano eo re e dirileng le ena. Mongwe le mongwe yo o nyetseng/nyetsweng o dirile kgolagano go phela le motho o bophelong botlhe ba bona. Tlhalano le go setshepagale go dira gore kgolagano e robege. Go na le kgolagano e e 21

sa bueng magareng ga mme le ntate gore ba tlhkomele bana ba bona. Go na le kgolagano gape e e sa buiwang magareng ga puso le baagi ba naga ya bona. Ge molao wa mo nageng o le letlhakoreng le ba bangwe o tlisa go tlhoka toka go ba bangwe, mme kgolagano e e a robega. Ditlamorago tsa kgolagano e e robilweng di totobetse mo Beibeleng. Lefatshe le hutsafetse, le swabile (Jesaya 24:5,6), naga e omeletse (Genesi 3:17) go ka nna le komelelo, ntwa le malwetse ka ntlha ya sebe se. Monakong ya Joshua (Joshua 9) Baiseraele ba ne ba dira kgolagano le morafe mongwe yo o neng o phela kwa Kanana, go re o ba dumelele go phela. Dingwaga dile kgolo a le mararo le masome a le robedi tse di latelang Saulo kgosi ya ntlha ya Iseraele a roba tumelano e Joshua a ileng a e dira. Ka baka la kgolagano e e ileng ya robiwa, Morena a tlisa tlala bofelong ba malatsi a go busa ga dafita, kwa Isiraele (2 Samuele 21). Ge dafita a botsolotsa Modimo ka seo, Morena a tlhalosa ga ele katlholo ka tshweetso ya puso e e fetileng ya Iseraele go roba kgolagano. Mo go Hezekia 14:13,21 Morena o tlhalosetsa moporofeti gore ga naga tswelela ka go se tshepagale (go roba kgolagano ya Modimo le motho), katlhanong le ena, gee ditlamorago di ka ba tse di masisi tsa go tshwana le dintwa, komelelo, ditshenyego tsa mafelo a go phelwang mogo one le malwetse.go ya ka seo Modimo o se senolang, re tlhoka go leba setshaba sa rona mme re tlhotlhomise seo se diragalang. A e ka ba gore Modimo o re tlogeletse katlholo ya gagwe ka go sa tshepagaleng ga rona go go tsweletseng mo Afrika Borwa. Re ke reng ka malwetse a a tshwanangle AIDS, cholera, malaria le malwetse a maoto le melomo? Modimo e sa ntse ele Modimo wa Beibele. Le ge re phela mo nakong ya mohau, re santse re tlhoka go atamela setilo sa bogosi re kopa mohau wa Morena. Mo setulong sa mohau re tla kopana le Morena Jesu yo a re buelelang, a re rapelelalang mabapi le sebe sa Afrika Borwa. A re kopeng morena go re tshololela boutlwelo botlhoko ba gagwe mabapi le kgolagano e e robegileng ya Afrika Borwa. Thapelo ya kgolagano e e robegileng (Malatsi 22-28) (Thapelo tse di latelang di ka rapelwa letsatsi le letsatsi mo thapelong ya gago kampo mo thapelong ya setlhopha.) 22

Letsatsi 22 Jesaya 24:5,6 Le itshepolotswe ke baagi balone, gonne ba tlodile ditaolo, ba fetola molao, ba roba kgolagano e e sa khutleng. Ke gona ka moo khutso e jang lefatshe, ba ba agileng mo go lone ba utlwa petso; ka moo baagi ba lefatshi ba a swa, go sadisiwa batho ba sa kae fela. Morena wa kgolagano re ipobola gore Afrika Borwa e molato ka go roba kgolagano le wena. Re tlotse molao wa gago ra tlhokomologa ditaelo tsa gago. Re kopa tshwarelo e bile re rapela gore o gopole kgolagano ya gago le rona ka Morena Jesu. Morena tlosa thogako e e tlileng mo go rona ka baka la go tlola molao wa gago. Letsatsi 23 Jeremia 3:1,2 Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme ene a mo tlogela, a nyalwa ke monna yo mongwe, a mosadi o ka boela gape kwa go ene? A lefatshe leo ga le kitla le itshekologa tota? Jaanong wena o dirile boaka le dinyatsi tse dintsi. A o are o boela kwa go nna? Go botsa Morena. Tsholeletsa matlho kwa dithabaneng tse di iphotlhereng, o bone gore ke fa kae, fa o sa tlotlolelwang teng? O ne o ba nnela fe ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago. Maleagi 2:16 Morena, Modimo wa Iseraele, a re: Ke tlhoile tlhalo le motlhadi yo o kgotlelang diaparo tsa gagwe ka tshiamololo Ka moo Morena wa masomosomo are: Itiseng ka ntlha ya mowa wa tumelo ya lona, mme lo se ka lwa dira ka boikanyologo!. Morena re ipobola le go amogela molato wa rona pele ga gago ka baka la ditlhalano mo nageng ya rona. Malapa a le mantsi a senyegile le go thubega le maphelo a senyegile ka lebaka la sebe se Morena. Re tshwarele sebe sa go ikgopola le go sa tshepagale mo go tsholeng kgolagano ya lenyalo le maikano ao re a dirileng. Re rapelela poelano mo manyalong, malapa a a thubegileng le dikamano tse di senyegileng le gore wena Morena o tlise pholo go bao ba utlwileng botlhoko ka lebaka la sebe seno. Re thuse Morena go tshepagala le go tlotlana, le go direlana re go ganetsana le meleko eo e tlang mo tseleng ya rona. Letsatsi 24 2 Samuele 21:1 Go kile ga bo go le tlala mo malatsing a ga Dafita dinyaga di le tharo tse di tlhomaganyeng. Jaanong ya re Dafita a botsa Morena, Morena are: Go na le molato w madi mo go Saule le ba lapa la gagwe; ka gonne o balaile Bagibeone. Joshua 9:15 Mme Joshua a dira kagiso nabo, a dira kgolagano nabo ya gore o tla ba lesa go phela. Le gona dikgosana tsa phuthego tsa ba ikanela jalo. Ntate o o kwa godimodimo, wena motsereganyi wa kgolagano entsha, 23

re rata go ipobola gore Afrika Borwa e molato wa go roba tumelano tseo di dirilweng le babangwe, tseo di iponatsang ka tshololo ya madi jaaka go ile ga diragala ka nako ya ga kgosi ya Saulo. Re kopa phepafatso ya gago re bile re kopa o tlose molato o mo go rona ka madi a morena Jesu. Morena re thuse go boelana le ba ba re leofetseng mme go tle pusetso ya tseo di neng di latlhegile mo go tlhokegang. Letsatsi 25 Jesaya 10:1,2 A tatlhego ya bona wee ba aba bayang melao e e sa siamang, le ya bakwaledi ba ba ntseng ba kwala tse di lapisang gor ba thibele tshiamelo ya ba ba kwa tlase, ba amogetse se se tshwanetseng bakaelelewi ba morafe wa me; gore batlholagadi e nne thopo ya bone, mme ba thukhuthe masiela. Luka 11:46 Mme Jesu a re: go latlhega le lona Baitse-molao! Ka gonne lo rwesa batho merwalo e e bokete go rwalwa, mme lona ka lose ga lo ame merwalo e, le fa ele ka monwana o lw mongwe fela. Diane 21:2 Tselanngwe le nngwe ya motho e tlhamaletse mo matlhong a gagwe, mme morena ene o sekseka dipelo. Molaodi wa magosi a lefatshe, re amogela le go ipobola gore Afrika Borwa e molato kamelao e e sasiamang, ya go gatelela batho, go lomeletsa ba ba dikobo dikhutswane ka ditokelo tsa bona, go tlhoka toka go simolola ka baagi ba ntlha, balaodi le magosi a setšhaba se. Re kopa tshwarelo Morena. Re kopa boutlwelo botlhoko ba gago morena le gore o etelele baeteledipele ba rona go dira ditshweetso tse di botlhale. Mo go Diane 21:1 wa re: pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena, o e isa gongwe legongwe kwa a ratang teng. Re a kopa Morena gore e be wena o supetsang dipelo tsa baetapele ba rona melao ya gago Letsatsi 26 Jeremia 22:13 A tatlhego ya gagwe wee yo o agang ntlo ya gagwe ka bokgopo le matlwana a gagwe a a tlhatlaganyneg ka tshiamololo, yo o direlwang ke mongwe-ka-ene lefela a sa mo nee tuelo y gagwe. Morena mogomotsi warona, re amogela le go ipobola sebe sago dirisa batlhoki ka tsela ya tshotlako, go ba duelela tlase le go badirisa gore re bone dipoelo. Re kopa gore o senole tshenyego yotlhe le ditiro tsa lefifi mo karolong tsa madi (chelete) le tsa ekonomi, o be o re thuse go rwala maikarabelo go bao ba tlhokang, ba dilang, dikhutsana le batlholagadi. Re ipobola gore go tlhokeng toka ka nako tsa bokgoba le tlala le kgatelelo tseo e nnileng ditlamorago tsa mokgwa wa go busa wa nako eo. Re a kopa Morena tlosa molato wa go tlhoka toka mme o re ete pele go tlisa toka mo e tlhokagalang. 24

Letsatsi 27 Hosea 4:1-3 Utlwang Lefoko la Morena, lona Baiseraele, Gonne Morena o na le kgang le baaagi ba lefatshe, Ka gore ga gona boammaruri le eseng lorato le kitso ya modimo mo lefatsheng. Ba arogaka, ba a aka ba abolaya, ba a u tswa, ba aa akafala, ba thuba matlo:mme molato wa polao otlhatlaganye le molato wa polao.ka ntlha ya moo le fatshe le tla hutsafala,monwe le mongwe yo o agileng mo go lone o tla swaba mmogo le diphologolo tsa naga le dinonyane tsa loapi ee,ditlhapi tsa lewatle le tsona di tla tlosiwa. Morena wa kgalalelo, re amogela le go ipobola molato wa go tlhoka tumelo, go tlhoka lerato, le gore rona jaaka naga gare go amogele jaaka modimo wa rona. Re ipolela melato ya go aka, go balayana, go utswa le bootswa jaaka ele tse di robileng kgolagano le wena le ba bangwe. Re ipolela go tlhoka bokgoni ga rona go ka fedisa bonokwane ka ntlha ya gore re go tlhokomogile ra ba ra tlhokomologa ditsela tsa gago. Re a kopa morena re tshwarele o be o fodise setshaba sa rona. Letsatsi 28 2 Ditirafalo 6:14 Are: Morena, Modimo wa Iseraele, kwa legodimong le mono lefatsheng ga gona modimo ope o o tshwanang nao. Wena o bolokela batlhanka ba gago kgolagano le bopelotlhomogi, fa ba tsamaya fa pele ga gago ka pelo yotlhe. Jeremia 31,33 Mme ke kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke yagore: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone, ke tla nna modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me. Morena a re jalo. 1 Bakorinthe 11:25-26 a ba a tsaya senwelo jalo morago ga selalelo a re: Senwelo se ke kgolagano e ntshwa ka madi ame. E ne e re fa lo nwa ka sona, lo dira jalo go nkgopola! gonne ka gale, fa lo ja senwelo se, lo a bo lo itsise loso lwa Morena, go ya a ba a tle. Morena re tla go wena ka leina la Morena Jesu bogatong ba batho ba Afrika Borwa, re go leboga gore o modimo o o bolokang kgolagano le boutlwelobotlhoko go batho bao ba go latelang ka dipelo tsa bona tsotlhe. Re leboga gore o re diretse kgolagano e entsha ka loso lwa Morena Jesu kwa sefapanong. Re kopa Morena gore o kwale molao wa gago dipelong le ditlhaloganyong tsa rona gore re tle re latele ditsela tsa gago mo lefatsheng le. Kopo ya rona e lebagane le tshepiso ya kgolagano e ntsha eo Morena Jesu a ileng a e dira boemong ba rona ge a ineela jaaka setlhabelo sa go gore re tshwarwelwe maleo a rona. (Sekao sa thapelo eo e ka rapelwang mo go ileng ga diragala go tlhoka toka, go robiwa ga kgolagano kampo ditlhalano jalo le jalo). 25