O rata LovCash thata. YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga. Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana

Similar documents
GRADE 10 SETSWANA PUOTLALELETSO YA BOBEDI PAMPIRI YA BORARO 4. NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATION MADUO: 80. NAKO: 3 diura

YBB e fentse sekgele gatlhano jaanong Badirammogo

Buka ya ka ya Tirogae (2)

The$Management$of$Spinal$Pain$without$ Serious$Pathology$or$Neurological$Deficits$

KGATISO 8 No 6 Diphalane Lekwalodikgang la Badirammogo ba YBB Madiba Mop Manie

tse di rileng tse di tshwanetseng go gakologelwa fa re uma mmidi.

Bukana e e dirilwe ka thotoetso ya batho ba lefatshe la America ka lenaneo la Presidents Emergency Plan for Aids Relief (PEPFAR) le U.

THOTLOETSO. Dulang. 2 Ke itumetse tshokologong eno go ema fano gape, mme fa. 3 Jalo, fela ke batla go bua sena, motlhang ke fitlhang kwa

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12

PUSO YA DIKGAOLO MO BOTSWANA BUKANA YA LENANEO LA BONG

MADU A A PHUNYEGILENG

PEGELO YA PHOLISI YA BOSETŠHABA YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO MEPHATO R-3

thuto Lefapha la Thuto REPHABOLIKI YA AFERIKA BORWA Pegelo ya Kharikhulamo ya Bosetπhaba Kereiti (Tsela ya go Ithuta ya Kakaretso) DIPUO

Bolemirui ba mofuta mongwe le mongwe. Nako e gorogile go tlhoma MOLEMIRUI WA NGWAGA. Bala Moteng: DIPHALANE Lekwalo la Grain SA la balemipotlana

MADU A A PHUNYEGILENG

baanelwa ba diteng; baanelwa ba thulaganyo; baanelwa ba ba sa itekanelang; le baanelwa ba ba itekanetseng.

Kereke Le Seemo Sa Yone

Alumni. Awards/Toekennings

Bakaulengwe, go molemo go

Boitsholo jo bo itshekileng 01203_763_Chastity.indd 1 4/18/13 9:52 AM

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

Government Gazette Staatskoerant

Boleo kgatlhano le Modimo

NWU JUNIE Gesels saam op. Johnson-broers besoek Fakulteit. RSG gesels met dr Mandie Uys. Partners in Education

Mangoroo e anela ka ga mathata, rnangoroo

UNIVERSITY OF CAMBRIDGE INTERNATIONAL EXAMINATIONS General Certificate of Education Ordinary Level

LEFAPHA LA TEMOTHUO, JALO YA DIKGWA LE BODIRELATLHAPI REPHABOLIKI YA AFORIKABORWA

Cambridge International Examinations Cambridge Ordinary Level

KERNKONSEPTE / KEY CONCEPTS/ KAKANYOKGOLO

Bana beso ho phatlalla le lefatshe

Lesson Plans Gr. 1 Term 3 Sesotho

Boko le boitshwaro. The brain and the behaviour Sesotho B&W

@ NWU Inspireer tot innovasie

Setho se Ratehang sa Bohlokwa PHETOHELO HO MOKGATLO WA KGWEBO O TSAMAISWANG KE SEHLOPHA SA BATHO WA MANTLHA (PRIMARY CO-OPERATIVE)

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE KREITI YA 12

UNIVERSITY OF SWAZILAND FINAL EXAMINATION PAPER- MAY 2012 SECOND LANGUAGE (SOUTHERN SOTHO) 1. ANSWER ALL THE QUESTIONS.

Melao ya Motheo ya Kgwebo ya Kopanelo ya Nestlé

DIKHOMIKI Sesotho TSE KOPANYANG DITJHABA Bahale ba Diphetoho

Tataiso ya Melao ya Boitshwaro. Melao ya Boitshwaro. Matla a ho etsa kgwebo hantle

SESOTHO HOME LANGUAGE LESSON PLAN EXEMPLARS GRADE 3 TERM

*16 22 Phato SABATHA MOTŠEARE OA MANTSIBOEA. Deut. 32:4; Ps. 28:1; Johanne 17; Johanne 15:1 5; Matt. 7:1 5; Matt. 5:23, 24; 18:15 18.

Moapostola wa Bophelo. 16 Phupjane Hlakola Novena Prayer

Letsatsi la Kotulo la selemo le selemo la. Ntshetsopele ya Molemi e kgahla NAMPO. Bala Ka Hare: PHUPU 2014

THUTO TSA SEKOLO SASABATA. Bophelo ba Abrahama

KEREITI 12 LOETSE 2012 SESOTHO PUO YA LAPENG PAMPIRI YA 2

Ge mofetoledi (1987: vii) a bolela ka ga puku yeo ya Kristeva, ore:

E.K.K. MATLALA: MONGWADI WA DITAODIŠO TŠA MATHOMO TŠA SEPEDI

LETSHWAO LA SEBATA 1. Letshwao La Sebata

Kanegelo ya Nimirode: Re lebelela diphihlelelo tša gagwe ka lefsa

Academic Achievers Awards 2016

ENNIAH MATEMANE LEKGANYANE

AFRICA BAKENG SA maafrika A LENG MONA MMOHO LE A LENG. THEHA DIKAMANO TSA SEJHABA SA maafrika BOEMONG BA

Drive your imagination. Happy birthday, Nal'ibali! Mahlohonolo a Letsatsi la Tswalo, Nal'ibali! Read with me. Every day. Bala le nna. Kamehla.

PULA IMVULA. Jwalo ka ha ho etsahala bophelong ba. Sekgahla sa mycotoxin bophelong ba diphoofolo. Bala ka hare: Phato 2017

Visie, Waardes en Missie

HLOMAMISO 1 HLOMAMISO

Moena Neville, le Moena Capps, le Moena Collins, le basebeletsi MOSEBETSI O TSWILENG MATSOHO 1

Academic Achievers Awards. Toekennings vir Akademiese Presteerders Difoka tša Thuto tša Bao ba Atlegilego

Mmampodi twantshong ya mahola. Bala Ka Hare: MPHALANE Koranta ya Grain SA ya bahlahisi ba ntseng ba hola

The House rose to observe a moment of silence in honour of the late Makhaketla Leipa

Published by Nalane ka Fezekile Futhwa PO Box 1452 Alberton 1450

VISIE, WAARDES EN MISSIE

TO IMPROVE LIVESTOCK BOREHOLE DATABASE IN KGALAGADI DISTRICT COMMUNAL GRAZING AREA

Government Gazette Staatskoerant

Provincial Gazette Provinsiale Koerant Gazete ya Xifundzankulu Kuranta ya Profense Gazethe ya Vundu

JAARVERSLAG 2013 Omslag_vir litho_finaal_5 Aug_converted.indd /08/05 10:40:00 AM

Feesprogram / Festival Programme

DOWNLOAD OR READ : LOUIS BOTHA 39 S WAR THE SOUTH WEST AFRICA CAMPAIGN PDF EBOOK EPUB MOBI

Moms are models! Bomma ke mehlala! Drive your imagination. Story Power. Bring it home. Tliša maatla a kanegelo ka gae.

Gold Results. Daily Entry Surname Name Class Number

41/2/9 Student Affairs Programs and Services General Correspondence, Box 1:

UNIVERSITY GALA DINNER PROGRAMME DIRECTOR: Prof. S. Mashego and Dr M. Setlalentoa 20 OCTOBER 2014

Gedurende die hersiening van die Institusionele

Annex B. Notification and Registration Public Participation Material

Mr Jeremiah Madiba CHIEF EXECUTIVE OFFICER

Bowls Gauteng North 2017/8 / Perfect Delivery Men Pairs

1. BIOGRAPHICAL SKETCH

INTERNATIONAL CONFERENCE 2-4 APRIL 2007 THEME: NATIONAL AND INTERNATIONAL PERSPECTIVES ON LEARNER CONDUCT

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 1 0 SEPTEMBER 1998 NOTICE 2275 OF 1998 GAUTENG PROVINCIAL LEGISLATURE

This text was narrated by Stephen Theseira ( ), Praya Lane, Malacca, 1981.

Alles aan die UV is in rep en roer vir die

ART ARCHIVES - SOUTH AFRICA. Edin CURRIE-WOOD Paintings, graphics

Die afgelope tyd was baie moeilik

ba habo, a tšelela a nyala moetsalibe, mosebeletsi oa lisèto, a rapela melingoana. A nyala Jesebele. Me e se molumeli.

: Warrenton High School (Northern Cape, South Africa)

Selling price Verkoopprys: R2,50 Other countries Buitelands: R3,25 PRETORIA, 28 SEPTEMBER 1998 GENERAL NOTICE NOTICE 2496 OF 1998

SSB/TRP/MDM 2009(54) Peer reviewed and revised

L A S COLINA S PL A Z A

Yarmouth County Registry of Deeds

Government Gazette Staatskoerant

CROSS TRANSFER DATABASE AS AT 11/01/2012

1 E M Tolken vs F Tolken Sequestration 17838/17. 2 H S Mellet & 1 other Sequestration 15531/17

AIDS. HELPLINE I oaoo I. We all have the power to prevent AIDS. Prevention is the cure

The STRICKER Families in South Africa

6. Temo ea lifate tsa litholoana

Curriculum Vitae. 1. General information. 2. Qualifications. Year obtained: Year obtained: Leisure and Recreation Management

Descendants of Rudolph Otteni

CURRICULUM VITAE ANTON JOHANNES ROODT

Biltmore on Lone Star in Alamo Ranch Medical and Professional Office Suites for Sale or Lease

S A N A A OFFICIALS & PROVINCES

Transcription:

eish! KGATISO 7 No 6 Diphalane 2013 Lekwalodikgang la YBB Patlisiso e e tlhomologile ya HIV go thusa bomme le bana O rata LovCash thata YBB e tlhagisa Motseleganyi wa Ngwaga

Kaedi 2 Repisa dithapo gannye go feta 3 Molaetsa go tswa go motlatsa-mokanseliri Eish! badiri-ka-rona ba aba ka bopelotshweu! 4 Botsogo jwa gago bo botlhokwa thata mo go rona 5 Go thusa ka kamano e e siameng fa gare ga mme le ngwana 7 Mop Rantao ke 'modisa' yo moša wa go ruta le go ithuta Matlotlo a diatshe: dikgolo di sa ntse di tla 8 O ntshitse ga tshwene go le go kae? 10 Mop Rikus o itse se se rotloetsang baithuti 12 Dikgang tsa khamphase: Mafikeng 13 Dikgang tsa khamphase: Potchefstroom 14 Dikgang tsa khamphase: Khutlotharo ya Lekwa 15 Bomankge Bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone 16 Bafenyi ke 17 Fa ke ka bo ke le ntsi mo leboteng... 18 Badiri-ka-rona Mop Shikha o dirisa LovCaSh 19 Go tshwaraganela kgetsi ya tsie go thusa porofense Re batla go utlwa go tswa go lona Romela dikakanyo kampo ditshitshinyo ka ga Eish! go marelize.santana@nwu.ac.za Tsebe ya pele: Mop Shikha Vyas-Doorgapersad o dumela gore motho o fodisiwa ke lorato, kutlwelobotlhoko le kabelano. Bala go feta ka ga porojeke ya gagwe ya tirelo ya setshaba mo ts.18. Bošeng jaana mohumagatsana Nelia Engelbrecht, leloko la setlhopha sa botseleganyi sa Eish!, o ne a ikgapela awate ya Foramo ya Dikgatiso tsa SA ya Motseleganyi wa Ngwaga. Ke nako ya go dirisa mmedia wa botsalano Kokomana Z e leng kokomana ya ntlha e e neng ya re fa e belegwa e bo e gorogela mo thekenolojing e tla tloga e tlala ka diphaposiborutelo kwa yunibesiting. Mme leina la puo ya kwa gae e e buiwang ke kokomana eno ke mmedia wa botsalano. Ka ntlha ya seno, ba "ithuta" ka mokgwa o sele: ka tirisanommogo le go abelana dikgopolo tse di farologaneng. Gore mokgwa o o tlwaelegileng wa go ruta o se ka wa nyelela mo yunibesiting, diyunibesiti di tla tshwanelwa ke go fetoga go ya ka maemo le go amogela mokgwa wa kokomana eno. Seno e ne e le sengwe sa ditlhogo tsa konokono tse go neng ga tlotlwa ka tsone mo khonferenseng ya Mmedia wa Botsalano ya Amabhubhesi ya Thutogodimo, e e neng ya tshwarelwa kwa Sunninghill, Johannesburg ka di 29 le 30 Phatwe 2013. Ngaka Naomi du Plessis wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa e ne e le mongwe wa dibui kwa khonferenseng. Puo ya gagwe e ne e bua thata ka tsela e a dirisang didirisiwa tse dinnye tsa seatla ka gone go buisana le baithuti ba gagwe, le ka fa a dirileng gore dithuto tse a ba tlhatlhelelang tsone di golagane le se kokomana eno ya baša e se ratang, e leng go dirisa inthanete, mmedia wa botsalano le tirisanommogo. Tsela e e di gaisang tsotlhe ya go ama pelo ya baithuti ba gago ke gore o bo o le kwa ba le gone mme seo se akaretsa go dirisa didirisiwa tsa mmedia wa botsalano. Ka jalo go botlhokwa thata go tlhama thulaganyo ya mmedia wa botsalano mo teng ga legoro la gago kgotsa lefapha la gago. Baemedi ba magoro a Molao, ba Boenjenere le ba Disaense tsa Pholo ba ne ba le teng mo khonferenseng eno, fela jaaka maloko a setlhopha sa webo kwa Ofising ya Setheo. Fa o tlhoka thuso ka go tlhama thulaganyo ya mmedia wa botsalano go e dirisa mo yuniting ya gago ya kgwebo, romela imeile go Rre Cobus Steenkamp (Mmenejara wa Webo: Kgatelopele ya Setheo) mo atereseng ya cobus.steenkamp@nwu. ac.za go bona tshedimosetso go ya pele. Setlhopha sa Batseleganyi: Nelia Engelbrecht le Marelize Santana, Louis Jacobs, Phenyo Mokgothu, Pertunia Thulo, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse, Elmarie Cronje, Rolien Roos, Sharon W Dzwairo. Diphetolelo: Willie Cloete, Johan Zerwick, Peter Mekgwe, Solomon Khunou, Marietjie Delport, Wilna Liebenberg. Baakanyetsi le popo ya ditsebe: Graphikos. Bagatisi: Platinum Press. Ditshwantsho: Maclez Studios, Nelia Engelbrecht, Pertunia Thulo, Phenyo Mokgothu, Kiewiet Scheppel, Annette Willemse. Katuni: Mynderd Vosloo. Go ka botsa gape / Kwalelano: Nelia Engelbrecht Mogala (018) 299 4937 Lebokoso la poso 260. Eish! e bopiwa mme e gatisiwa ka Setswana, Seesimane le ka Seaferikanse ke Lefapha la Merero ya Korporatifi le Kamano ka mo Ofising ya Setheo ya YBB. Fa o ka tlhoka dikhopi tse dingwe gape, ka kopo, ikopantse le Nelia Engelbrecht. 2

GO TSWA GO MOTSELEGANYI MOLAETSA GO TSWA GO MOTLATSAMOKANSELIRI Kotara ya bofelo ya 2013 e gorogile mme ngwaga wa dithuto o gagabela bokhutlong. Ikhutseng go sekae mme lo itumelela go buisa kgatiso e nngwe gape ya Eish! Fa thulaganyo ya mananethuto e ntse e gagabela kwa ditlhatlhobong tsa makgaolakgang, re tshwaregile mo setheong mono go dira dithulaganyo tsa bofelo tsa bajete le go dira Thulaganyo ya Setheo ya 2014. Re setse re dirile tshwetso ya gore 2014 e tlile go nna ngwaga wa go fitlhelela mekgele yotlhe e re neng re ipeetse yone, mme ga go pelaelo gore go tlile go nna le thulaganyo e nngwe gape ya go tlhoma mekgele ka fa tlase ga motlatsa-mokanseliri yo moša. Pego ya go itshekatsheka e e di gogang kwa pele mo dinageng tsotlhe ya YBB e e rulaganyeditsweng ngwaga o o tlang, e gatetse pele sentle, mme ke kgatlhwa thata ke tsela e setheo sa rona se godileng ka yone le go tokafala ka yone. Komiti ya Lekgotla le yone e tshwaregile thata ka thulaganyo ya go tlhomiwa ga motlatsa-mokanseliri le mokwadisi wa mo setheong, ebile re solofela gore thulaganyo eno e tla wediwa kwa kopanong ya Lekgotla ka Ngwanaatsele go tlhomamisa gore diphetogo di tsenngwa kwantle ga dikgoreletsi dipe. Ke lebogela mongwe le mongwe wa lona tiro ya gagwe ya ka natla e bile ke lo eleletsa masego mo karolong ya bofelo ya 2013. Salang sentle Eish!, badiri-ka-rona ba aba ka bopelotshweu! Mo tokololong eno ya Eish! re bua ka mowa wa go aba ka bopelotshweu o badiri ba YBB ba nang le one. Buisa mo ts 10 le 11 ka fa Mop Rikus Fick a ratang baithuti thata ka gone, segolobogolo ba ba jewang ke bodutu e bile ba lwala mo maikutlong. Modini yono wa merero ya baithuti wa Khamphase ya Potchefstroom, yo o kileng a bo a le mo Legorong la Thutabomodimo, o feditse dingwaga di le 18 a le moruti. Mme ga se ene fela moruti yo go buiwang ka ene mo kgatisong eno. Mop Rantoa Letsoa, e leng Motlatsa-Moreketoro yo o sa tswang go tlhomiwa: wa go ruta le go ithuta, yo le ene a leng mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o tlhalosa mo ts 7 ka fa a neng a disa dinku ka gone fa a ne a le ngwana mme moragonyana a tlhokomela letsomane la gagwe (phuthego ya gagwe) e le moruti kgotsa "modisa" wa batho ba gagwe. Keletso ya gagwe e kgolo ke gore bana botlhe le ba ba kwa dipolasing le ba ba leng mo metseng e mennye ya selegae ba nne le tshono ya go ithuta. Seno se re naya bosupi jwa go rata batho le go amega ka bone ka tsela ya mmatota. LovCaSh, e e neng ya simolola ka Ngwaniatseele 2012 ke Mop Prof Shikha, le ke basadi ba bangwe ba babedi, e thusa batho ba ba tlhokileng lesego, segolobogolo mo tikologong ya Khutlotharo ya Lekwa. Senthara ya Dipatlisiso ka Boitekanelo Jwa Diphologolo mo Khamphaseng ya Mafikeng le yone e a thusa go katisa balemirui ba ba nang le diruiwa gaufi le khamphase. Ba tshwarela balemirui diseminara kgwedi le kgwedi le go tokafatsa kitso ya bone ka diruiwa tsa temothuo le go tlhokomela pholo ya diphologolo. Mo kgatisong e e latelang ya Eish! re tlile go bua ka Keresemose paka ya go abelana dimpho. Mme go a itumedisa go bona gore go aba ka bopelotshweu ga badiri ba YBB ga go dirwe ka paka ya meletlo fela. Ba na le mowa wa go aba dimpho mo tsamaong ngwaga otlhe. Ka tsela e e tshwanang, Mop Shikha Vyas-Doorgapersad o amega ka batho ba ba bogang. Buisa go le gontsi ka porojeke ya gagwe e a e dirang mo baaging, e e bidiwang Heal Humanity: Letsholo la Lerato, Tlhokomelo le Kabalano, kgotsa Love, Care and Share, LovCaSh, mo ts 18. Buisang ka boitumelo, Nelia le setlhopha sa Eish! 3

Botsogo jwa gago bo botlhokwa thata mo go rona Ka thuso ya batlamela ka ditirelo ba babedi ba pholo le ba boitekanelo ba ba tswang kwa ntle, Lefapha la Tsa Badiri jaanong le kgona go naya badiri botlhe ba YBB ditirelo tse di botoka le tse dintsi go feta tsa pele tsa pholo le boitekanelo. Go ya ka Rre Victor Mothobi, Mokaedi- Mogolo: wa Lefapha la Tsa Badiri, batlamela ka ditireolo bano ba ne ba tlhophetswe go tlamela badiri ka mananeo a mantsinyana le ditirelo go ema boitekanelo jwa bone nokeng mo maikutlong, mo mmeleng le ka tsela ya seporofešenale le go ba thusa go ntsha bokgoni jotlhe jwa bone mo tirong. Ditirelo tse di oketsegileng Lenaneo la YBB la pholo le boitekanelo, le jaanong le bidiwang Wellness4U, le ne la simololwa bošeng jaana mme le ne le akaretsa Lenaneo la go Thusa Badiri mmogo le la ditharabololo tsa Go Boloka Tekatekano fa Gare ga Tiro le Botshelo. Lenaneo la go Thusa Badiri kgotsa Employee Assistance Programme (EAP) EAP ke tirelo ya mahala ya sephiri e e diretsweng go golaganya badiri ba YBB le malapa a bone le baporofešenale ba ba nang le maitemogelo ba ba nayang batho kgakololo gore ba ba thuse ka mathata a botho, a lelapa le a a amanang le tiro. Le fa EAP e emela Employee Assistance Programme, e solegela dimmenejara molemo ka tsela e e solegelang badiri molemo ka yone. Gape EAP ke sedirisiwa sa botsamaisi se se tla go thusang go rarabolola mathata a botsamaisi, mathata a tiro le maemo a mefuta e e farologaneng a o sa tlhomamisegeng gore o ka a rarabolola jang. Badiri ba ka ikgolaganya le maloko a EAP fa ba bona go tshwanela ka tsholofelo ya gore go ikgolaganya ga bone le maloko ao go tla bolokwa e le khupamarama. Direkoto tsotlhe tsa EAP le ditirelo tsa teng di bolokwa e le khupamarama mme molao o sireletsa le badiri gore ba se ka ba tlhaolwa ka maina. Tshedimosetso ya poraefete e o e bolelelang mokhanselara wa gago e tla bolokwa e le khupamarama, ntle le fa o saena foromo ya go dira tumelelo ya go senolwa ga yone kgotsa fa molao o batla gore e senolwe. Wena le ba lelapa la gago lo ka newa kgakololo ka matshwenyego a a jaaka a: HIV le AIDS Kgakololo ka tsa ditšhelete Kgakololo ka tsa semolao Dikgang tsa lelapa Go tshwenyega thata mo maikutlong Go tshwenyega thata mo tlhaloganyong Tiriso e e sa siamang ya diokobatsi. Mathata a a amanang le tiro Ka thuso ya EAP dimmenejara le baokamedi ba badiri ba tla kgona go thuswa ka dikumo tse di farologaneng, didirisiwa tsa setlhopha sa botsamaisi le ditirelo tsa go newa kgakololo gore go tokafadiwe mokgwa wa go dirwa ga tiro, go rarabololwe mathata a a amanang le tiro le go rarabolola matshwenyego a a amanang le mokgwa wa go dirwa ga tiro wa badiri, mathata a botho. Ditharabololo tsa Go Boloka Tekatekano fa Gare ga Tiro le Botshelo Mo godimo ga ditirelo tsa EAP, Wellness4U gape e tlamela ka ditharabololo tsa Go Boloka Tekatekano fa Gare ga Tiro le Botshelo. Seno se tla tlamela badiri ka ditirelo tse di jaaka: go thusa lelapa la bone lotlhe ka maemo a tshoganyetso a tsa kalafi, maemo a tshoganyetso kwa gae kgotsa mo tseleng go thusa bana ba bone ka tiro ya kwa gae ya sekolo go boloka mo e ka nnang 20% ya madi fa ba reka dikumo tse di farologaneng le go direlwa ditirelo thulaganyo ya go tsaya maeto le go duelela marobalo ka diphokoletso-tlhwatlhwa Jang, kae le gone leng? "Fa e sa lenaneo leno le simololwa ka kgwedi ya Lwetse, go tshwarwa mananeo a a farologaneng a go tlamela ka tshedimosetso mo diyuniting tse nne tsa kgwebo go ruta badiri ba rona ka Wellness4U," go bolela jalo Mohumagatsana Helen Mogorosi, Mokaedi: wa Tlhabololo ya Bokgoni Jwa Badiri mo Tirong. Go ya ka Helen, maloko a badiri a itumeletse thata thulaganyo e ntšha eno. Gape a e tsaya e le e e tsenyang boleng mo ditirelong tse ba ntseng ba di direlwa. "Re itumetse thata ka ntlha ya go tsenngwa ga tirelo eno mo ditirelong tse dingwe tse re nang le tsone e bile re dumela gore e tla re thusa rotlhe fela go boloka tekatekano botoka fa gare ga tiro le botshelo jwa rona," o bolela jalo. "Badiri ba rona ke maloko a a botlhokwa thata a a atlegisang YBB ya rona e bile re itumelela go dira gore lo bone mesola e e lo tshwanetseng". Ke tshwanetse go dira eng jaanong? Tsela e o ka dirisang ditirelo tsa Wellness4U ka yone ke e: Leletsa nomore ya go bona thuso ka mogala mahala ya diura tse 24 ka letsatsi, malatsi a le supa ka beke 0800 000 119 Leba interanete ya YBB mo atereseng ya https://tdrpl-lnx1.nwu.ac.za/wellness4u Batho ba tla direlwa ditirelo tse di rategang thata tse di latelang: Go dira dikopo tsa ID le tsa phaseporoto Dikopo tsa go newa lekwalotetla la go kgweetsa kwa dinageng di sele Go ntšhafadiwa ga dilaesense tsa go kgweetsa Go ntšhafatsa laesense ya koloi, ya leteroko, ya kharabene le ya sekuta 4

Go thusa ka kamano e e siameng fa gare ga mme le ngwana Mo setšhabeng sa gompieno se se nang le malapa a mantsi a a thubegileng le mathata a a etegediwang ke HIV, motlhatlheledi-mogolo le moalafa malwetse a tlhaloganyo le maikutlo wa YBB o dira patlisiso e e botlhokwa thata e kwa bofelong e tla tokafatsang matshelo a malapa a a amilweng ke HIV. Rre Ruan Spies wa Sekolo sa Dithuto ka Malwetse a Tlhaloganyo le Maikutlo Mmogo le Boitshwaro mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o ne a newa basari e e melediwang mathe ya gerata ya bongaka go tswa kwa Yunibesiting ya Vrije kwa Amsterdam kwa Netherlands ka ntlha ya patlisiso eno e e simolotsweng ke ene. Ruan o ne a tlhophiwa mo gare ga badirakopo ba le bantsi, mo go bontshang gore patlisiso ya gagwe e a amogelesega mo nageng ya rona le kwa dinaga di sele. Boikaelelo jwa patlisiso ya gagwe ka bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bakwang ke HIV mo go bommabana le ka fa bo amang kamano fa gare ga mme le ngwana wa gagwe ka gone, ke go thusa bommabana ba ba nang le HIV go tokafatsa kamano fa gare ga bone le bana ba bone. DIPALO TSE DI BOITSHEGANG Seno se botlhokwa thata ka gonne palo e e boitshegang ya batho ba le 5.26 milione mo Aforikaborwa ba na le HIV. E aname thata fa gare ga makgarebe a bontsi jwa one a nang le bana. Ruan a re go ka direga gore 15% ya batho ba ba nang le HIV ba nne le bolwetse jwa tlhaloganyo. Seno se raya gore go tla nna le dinako tse ka tsone ba latlhegelwang ke tlhaloganyo. "Mofuta ono wa go latlhegelwa ke tlhaloganyo o farologana le malwetse a mangwe a tlhaloganyo mme o bakwa ke go nna le matshwenyego a gore go tla diregang ka bana fa molwetse a tlhokafala." O ne a etela maokelo a le marataro le ditliliniki di le robongwe kwa Bokone Bophirima, Gauteng le kwa KwaZulu-Natal. Batho ba le 86 ba ne ba nna le seabe mo patlisisong eno. Patlisiso ya gagwe e dirwa mo basading bao tlhatlhobo e supileng gore ba na le bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bakwang ke HIV, segolobogolo bomme bao bana ba bone ba leng fa gare ga dingwaga tse pedi le tse robedi. botlhokwa thata ka go nne e dira gore ngwana a gole sentle e bile e rotloetsa batsadi go tlhokomela ngwana mo mmeleng le mo maikutlong. Tsela e motlhokomedi wa ngwana a tlamelang ngwana ka dilo tse a di tlhokang ka yone e supa mokgwa wa kamano e ba nang le yone e e tla nnang botlhokwa moragonyana mo tseleng e ngwana a tlileng go gola ka yone. A re maikaelelo a mangwe a patlisiso ya gagwe a amana le go emana nokeng ga ga mme le batho ba bangwe le seabe se ba nang le sone. "Gape ke leba maitemogelo a basadi ba nnileng le one ka HIV. Go botlhokwa go itse gore poifo ya bone, go nyonywa ga bone le go sa engwe nokeng ga bone go ba ama jang," o bolela jalo. PATLISISO E E BOTLHOKWA Go ya ka moeteledipele wa patlisiso ya gagwe, e leng Mop Esmé van Rensburg, e leng moporofesammogo yo gape e leng moithuta-tlhaloganyo, wa Khamphase ya Potchefstroom, Ruan ke ene fela Mo-Aforikaborwa yo o katiseditsweng go dira diteko tsa go bona kamano fa gare ga mme le ngwana. "Re dumela gore kwa bofelong o tla katisa baithuta-tlhaloganyo ba bangwe mo tirong eno gore ba thuse ka go naya ba bangwe kgakololo le go ba oka." Mop Esmé a re botlhokwa jwa patlisiso ya ga Ruan bo bontshiwa ka ditsela tse pedi. Sa ntlha bo thusa ka patlisiso e e amanang le HIV mme sa bobedi bo thusa batho go tlhaloganya ka botlalo kamano fa gare ga batsadi le bana. "Go na le patlisiso e ntsi ka HIV mme ga go na e ntsi go le Rre Ruan Spies, motlhatlheledi-mogolo yo e leng moalafa malwetse a tlhaloganyo le maikutlo wa Sekolo sa Dithuto ka Malwetse a Tlhaloganyo le Maikutlo Mmogo le Boitshwaro, wa Khamphase ya Potchefstroom, le moeteledipele wa gagwe wa patlisiso mo nageng ya rona, e leng Mop Esmé van Rensburg, moporofesa-mmogo le moithuta-tlhaloganyo. kalo e e kopanyang dipatlisiso ka HIV le kamano fa gare ga batsadi le bana." o bolela jalo. TSHEDIMOSETSO E E FELETSENG: Mop Esmé a re ke 30% ya bana fela mo Aforikaborwa ba ba leng lesego go gola ba na le batsadi ka bobedi mo matshelong a bone. Seno ke ka ntlha ya dintsho tse di bakwang ke HIV, tlhalo le batsadi ba ba tshwanelwang ke go fudugela go sele go ya go bereka. Go ya ka ene go sa kgone go nna le kamano le batsadi mo setšhabeng go etegetsa go itshwara ga bone ka tsela e e tla ba tsenyang mathata a tlhaloganyo. Go na le batho ba bantsi ba ba tlhokang thuso mme setšhaba ga se kgone go ba thusa botlhe; leo ke lone lebaka la go bo patlisiso ka ga seno e leng botlhokwa thata. Go na le kgonego e e menaganeng garataro ya gore bana ba ba bogang matswela a go sa nne le kamano le batsadi ba nne le mathata a tlhaloganyo." Seno se baka phetogo e e sa siamang e e anamang go tswa kokomaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe. "Ka sekai, fa go na le bana ba le babedi mo lelapeng ba ba nang le mathata a tlhaloganyo, mongwe le mongwe wa bone o tlile go a fetisetsa kwa baneng ba gagwe, bana bao le bone ba tla a fetisetsa mo baneng ba bone mme seno e bo e nna modikologo o o tswelelang pele o o sa feleng." A re patlisiso ya ga Ruan e botlhokwa fela thata. "E re thusa go tlhaloganya le go tlhama dikgatotharabololo tsa go emisa phetogo eno e e sa siamang e e bakwang ke go tlhokega ga kamano fa gare ga batsadi le bana." KAMANO FA GARE GA MME LE NGWANA "Ke lebile kamano fa gare ga bomme bano le bana ba bone. Kgopolo ya kamano fa gare ga bone ke sekai sa tsela e batho ba itshwarang ka yone le kgopolo ya thutotlhagelelo." Ruan a re kgopolo ya kamano e e siameng fa gare ga batsadi le bana e 5

Kokoano ka ga tsietso le boferefere Ditiragalo tsa bošeng jaana tsa tsietso le boferefere di dirile gore setlhopha sa YBB sa Boruni Jwa mo Teng ga Setheo se tshware kokoano ya tsietso le boferefere. Ka boikaelelo jwa bone jwa go sa letle boferefere ka gope, setlhopha se ne sa bua le Eish! ka mamena a a ka felelang ka boitshwaro jo bo sa siamang le go felela ka matlhotlhapelo le go tlhabisiwa ditlhong ga batlolamolao. Ikakanye fela o utlwa go ntshiwa ga katlholo go twe: "O Molato!" Motho o lemoga ka bonako gone fela foo gore o senyegelwa ke tiro, rekoto epe fela e ntle e a neng a na le yone e senyegetse ruri ka ntlha ya bokebekwa jwa gagwe. Ga go sepe se se ka dirwang; go setse fela maloko a lelapa a a swabileng nko go feta molomo, badiri-ka-ene ba ba salang ba gakgametse, isagwe e e sa tlhomamisegeng le kgonego ya go isiwa kgolegelong. P: Ke bomang ba ba tshwanetseng go nna ba ntshitse matlho dinameng ka ntlha ya tsietso?? K: Ope fela mo setlhopheng sa botsamaisi kgotsa mo maemong a go okamela badiri o tshwanetse go itse ka botlalo se se diregang mo lefapheng la gagwe. Ga a a tshwanela go saena sepe a sa itse gore o saenela eng. Boikarabelo bo sala le mongwe le mongwe, badiri le dimmenejara ka go tshwana. P: Motsietsi o lebega jang? K: Motsietsi gantsi ke monna kgotsa mosadi yo o tlhadilweng yo o nang le bana. Gantsi ke ba dingwaga di le 36 le tse 45 e bile ke ba ba dirang ka madi mo tirong. Mo makgetlong a mantsi ba mo maemong a a kwa godimo a botsamaisi kgotsa ba dira ditiro tse di amanang le madi tsa batho ba ba ikanngwang thata. Gape gantsi ke badiri ba ba feditseng lobaka ba direla setlamo dingwaga di feta 10. Ba tlhaloganya ditsamaiso le dithulaganyo e bile ba dirisana le batsietsi ba bangwe. P: Ke eng se se dirang gore batho e nne batsietsi? K: Go na le mabaka a mantsi, a a akaretsang mathata, go tlhoka le bopelotshetlha. Tshono, maikaelelo le go sa itse go laola dilo go baka boitshwaro jono. Mo makgetlong a a fetileng batsietsi ba ne ba tlhalosa gore ba dira jalo ka ntlha ya bana ba bone kgotsa molekane wa bone yo o lwalang. P: Batsietsi ba nyenyefatsa jang bomasisi jwa se ba se dirang? K: Ba ipolelela gore ba a ikadima le gore ba tla busa sepe se ba se tsayang. Mme gantsi ga ba buse mme go ise go ye kae ba a tshwarwa ka ntlha ya go bo ba se kile ba tlogela mokgwa oo. P: Ke matshwao afe a tlhagiso a dimmenejara di tshwanetseng go a lemoga? K: Lengwe la matshwao ke go dirisa madi go feta selekanyo mo tirong nngwe e e rileng kgotsa go dirisa madi a a fetang a a bajetetsweng. A mangwe ke fa badiri ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo thata go sa itsiwe gore jang fa go lejwa salari ya bone kgotsa fa ba tlhoka madi ka tsela e e utlwisang botlhoko. Matshwao a mangwe a tlhagiso ke fa ditokomane di sa felela kgotsa go na le tse dingwe tse di nyelelang kgotsa tse di senngwang. Diphetogo dipe, mmogo le ditokomane tse di sa felelang kgotsa tshupa-tuelo le ditokomane tse di dirwang ka Word kgotsa ka Excel kgotsa tse di kwadilweng ka seatla di tshwanetse go sekasekwa ka kelotlhoko. Dimmenejara di tshwanetse go nna kelotlhoko ka batho ba ba se keng ba tsaya malatsi a khunologo kgotsa ba sa batle gore badiri-ka-bone ba lebe tiro ya bone. Badiri ba ba laolang mafapha a mantsi, ka sekai go laola go dirwa ga tiro le go okamela badiri, le bone ba mo kotsing. Batsietsi gantsi ba botlhaswa kgotsa ga ba laole madi sentle e bile ga ba boloke direkoto tsa gore madi a dirisitswe jang kwa bokhutlong jwa kgwedi gore ba se ka ba tshwarwa. P: Go ka tsewa dikgato dife tsa go fedisa tsietso le boferefere? K: Go botlhokwa gore dimmenejara le baokamedi ba badiri ba sekaseke ka fa madi a dirisitsweng ka gone le go sekaseka ditokomane. Fa o saenetse go rekwa ga sengwe kgotsa go fuduswa ga sengwe, di sekaseke gape go tlhomamisa gore e le ruri dithoto tseo kgotsa ditirelo tseo tota di dirilwe. P: Ke eng se dimmenejara le badiri ba tshwanetseng go se ela tlhoko thata? K: Dituelo tse di dirwang ka eleketeroniki di tshwanetse go sekasekwa ka kelotlhoko go tlhomamisa gore dintlha tsa banka ke tsone. Bosupi jwa gore go duetswe bo ka nna jwa fetolwa. Ditshono tse dingwe tsa go tsietsa ke tsa go fudusa madi le go tlhokomela madi a a dirisediwang go tlhokomela dilo tsa tiro. Tlhomamisa gore matlha a ditshupa-tuelo gantsi a tsamaisana le go fudusiwa ga madi ao. Le ka motlha ga go na seipato sa tsietso kgotsa sa tiro ya boferefere. Go sa kgathalasege gore lebaka la teng ke eng, seno ga se amogelwe le ka motlha! Bodirelo ka ga tsietso Kokoano e e neng e tshwerwe ka 3 Diphalane e ne e le ya dimmenejara le badiri, mme e ne e bua ka tsela ya go tlhaola batho ba ba tsietsang le ba ba tsweledisetsang seno pele, mekgwa ya go lemoga motho yo e ka nnang motsietsi, kgotsa ditlamorago le tsela ya go thibela seno. Setlhopha sa boruni jwa mo teng ga setheo se tshwaragane le go batlisisa dikgetsi di le mmalwa ga jaanong e bile se rotloetsa dimmenejara le badiri gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng le go bega mekgwa epe fela ya go sa dirweng ga dilo ka mokgwa o o tshwanetseng. 6

Mop Rantoa ke 'modisa' yo moša wa go ruta le go ithuta Fa a ne a sa ntse a le mosimanyana, Mop Rantoa Letšosa o ne a disa letsomane la dinku; moragonyana, fa a sena go nna moruti yo o tlhomamisitsweng, phuthego ya gagwe ya nna letsomane la gagwe. Gompieno, motlatsa-moreketoro yo o sa tswang go tlhomiwa wa Khamphase ya Potchefstroom ke "modisa" wa yone wa go ruta le go ithuta. Mop Rantao, yo o sa leng a ntse a le mo maemong ano go simolola ka 1 Lwetse 2013, o ikaeletse go tlisa diphetogo mo matshelong a batho. A re keletso ya gagwe ke go bona bana botlhe ba bannye ba nna le tshono ya go ithuta, tota le ba ba leng mo dipolasing le mo ditoropong tse dinnye le mo metsaneng. "Ka thuso ya thekenoloji ya segompieno ruri seno se tla kgonega," o bolela jalo. Mop Rantao o belegetswe kwa Fauresmith kwa Foreisetata ka1969, koo a goletseng gone jaaka mosimanyana wa modisa "Morena o nthutile gore o dira ka dinku mo bodireding. Pesalema 23 e re ruta gore Morena ke Modisa le gore o tla nkaela. Johane 10 yone e re ruta gore modisa yo o dirang tiro ya gagwe o tsamaya fa pele ga dinku gore di mo sale morago. Mme gompieno o tshwanetse go kgorometsa le go tlhaba dinku go le gonnye ka setlhabi, ka gonne nngwe le nngwe e batla o tsaya tsela ya yone." Fa a sena go wetsa materiki kwa Hoërskool Thaba Nchu ka 1988, o ne a dira tiro ya go nna matšhikilane, mme moragonyana a nna tlelereke mo boamogelong, pele a simolola dithuto tsa gagwe tsa Thutabomodimo. Mop Rantoa o simolotse dithuto tsa gagwe kwa Sekolong sa Thutabomodimo kwa Hammanskraal sa Reformed Churches of South Africa (RCSA) mme a wetsa dikerii ya gagwe kwa Yunibesiting ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete. O ne a wetsa PhD ya gagwe ya Go Lekwa ga Bokgoni jwa Gagwe jwa Tiro ya Thutabomodimo ka 2002, mme a nna motho montsho wa ntlha go nna motlatsa-moreketoro kwa Sekolong sa Thutabomodimo sa RCSA ka 2010. Mop Rantao o tsaya marapo go tswa mo go Mop Mariëtte Lowes, yo o tlileng go rola tiro kwa bokhutlong jwa 2014. O ne a tlhomiwa pele ga nako go tlhomamisa gore maikarabelo a fetisediwa mo go ene kwa ntle ga mathata epe. Mop Rantoa Letšosa a re re tshwanetse go nna seoposengwe gore re se ka ra bona pharologano fa gare ga bantsho le basweu. "Fa Modimo a batla go ntirisa gore ke tlise diphetogo, go raya gore ke sedirisiwa fela mo seatleng sa Gagwe." Photograph: Mario van de Wall Matlotlo a diatshe: dikgolo di sa ntse di tla Ka 1932, go ne go na le 6 fela mo tekanyetsokabong ya madi ya ngwaga le ngwaga go reka diatshe; mme go sa ntse go ntse jalo, go kokoanngwa ga diatshe tsa YBB go oketsegile ka diatshe tse di fitlhang go di le sekete. Tse di kokoantsweng tsa tsone, e leng tiro e e simolotsweng ke Yunibesiti ya Potchefstroom ya Pele ya Thutogodimo ya Sekeresete, di kgona go bonwa ke batho botlhe. Go kwadilwe buka ka tsone mme dingwe tsa diatshe tseno di ne di atleegilwe kwa pontshong ya diatshe gore di bonwe ke botlhe. Buka ya, NWU Art Collection: Looking back while moving forward, e ne ya gololwa ka di 15 Phatwe 2013 kwa dipontshong tsa tsone kwa Tshingwaneng ya Dimela le kwa lefelong la dipontsho la diatshe la YBB gaufi le laeborari mo Khamphaseng ya Potchefstroom. Jaaka fa leina la buka le kaya, diatshe tse di kokoantsweng tsa YBB di akaretsa diatshe tsa bogologolo le tse dintšhwa. Dingwe tsa diatshe tsa bogologolo di akaretsa tse di dirilweng ke bataki ba ba jaaka Pierneef, Maggie Laubser, Bettie Cilliers-Barnard and Jo Roos. Diatshe tsa segompieno tse di kokoantsweng ke tse di dirilweng ke Pauline Gutter, Stompie Selibe, Barbara Wildenboer, Diane Victor le Gordon Froud. Mo gare ga tsone, gape go na le tse di dirilweng ke bataki ba dinaga di sele ba ba jaaka Paul Boulitreau, Christophe Miralles le Fabien Claude. Buka e e buang ka go kokoanngwa ga tsone gape e na le diathikele tse di dirilweng ke bomankge ba le mmalwa ba diatshe, go akaretsa le maloko a badiri a YBB jaaka Mohumagatsana Moya Goosen, Mohumagatsana Louisemarie Combrink le Rre Steven Bosch. Kwantle ga go gatisa buka le go tshwara dipontsho tsa go dira gore batho botlhe ba bone diatshe, yunibesiti e solofela gore gape e tla tlhama ditšhono tsa patlisiso malebana le tiro eno. "Kgonego ya go dira patlisiso e tla nna kgato e e molemo tota ya lefelo la rona la dipontsho la thuto," go bolela jalo Mohumagatsana Christina Naurattel, motlhokomedi wa lefelo la dipontsho tsa diatshe. Mop Jaco Pienaar, mokaedi wa yuniti ya patlisiso ya Workwell mo Khamphaseng ya Potchefstroom, o lebile bontle jwa nngwe ya diatshe tse di kokoantsweng mo YBB. 7

Wena o ntshitse ga Labotlhano wa di 6 tsa Lwetse e ne e le Letsatsi la go Ikaparela Fela gape. Ka setlhogo se se reng "Ntsha ga tshwene", maloko a badiri mo YBB yotlhe a ne a tsaya karolo ka pelo yotlhe go ema nokeng letsholo leno la ngwaga le ngwaga la Lekgotla la Bosetšhaba la Batho ba ba Nang le Bogole mo Mmeleng mo Aforikaborwa. Ofisi ya Setheo e ne ya ikuela go badiri ba khamphase ya Mafikeng, Potchefstroom le ba Khutlotharo ya Lekwa go bona gore ke bafe ba ba neng ba ka ntsha ga tshwene go feta ba bangwe botlhe. Dingwe tse re di ratang go di gaisa tsotlhe ke tseno! (Re lo lebogela go bo lo ile lwa tsibogela seno ka bontsi jo bo seng kana ka sepe le go tsaya karolo go 'botlhe ba ba ntshitseng ga tshwene', tsweetswee lebang tsebe ya facebook ya Ofisi ya Setheo Ditlhaeletsano tsa Setheo tsa YBB.) t Ngaka Tumi Mzini wa Sekolo sa Disaense tsa Motheo o bontsha gore go a kgonega go kopanya tiro le motshameko segolobogolo ka letsatsi le le kgethegileng jaaka Letsatsi la go Ikaparela Fela. Mohumagatsana Salamina Tsupa le Mohumagatsana Paulinah Moroke ba letsholo la go ntsha ga tshwene la mmala o o pinki la Laeborari ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa. u p Bagerika ba tshwere taolo! Setlhopha sa SGI-SA mo Legorong la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso le etsa setlhopha sa Bagerika go tswa go motseletsele o o rategang thata wa thelebišene wa The Big Bang Theory. Go tswa ka fa molemeng ke Rre Martin Booth, Rre March Pretorius, Mohumagatsana Diane-Lee Suku, Rre Pieter de Villiers le Rre Malan den Heijer. Khamphase ya Mafikeng e keteka Letsatsi la go Ikaparela Fela ka tlhagafalo e kgolo! Badiri le baithuti ba kgabisitse khamphase ka moaparo wa bone wa 'go ntsha ga tshwene'. 8

tshwene go le go kae? Badiri go tswa kwa ofising ya Modini: Disaense tsa Thuto tsa Khamphase ya Potchefstroom di Ipelela Letsatsi la go Ikaparela Fela ka setaele. Go tswa ka fa molemeng ke Rre Corné de Wee, Mohumagatsana Lize dos Santos, Mohumagatsana Jana Jacobs, Mohumagatsana Dalena van Heerden le Mohumagatsana Audrey Jacobs. q t Yuniti ya baithuti ba ba nang le bogole mo Khamphaseng ya Potchefstroom e ne ya keteka Letsatsi la go Ikaparela Fela ka Tiragalo e e monate e e direlwang mo letsatsing. Fano re bona Mop Nic Kotze yo o Nayang Baithuti Kgakololo le Mohumagatsana Blanch Carolus go tswa kwa yuniting eo. Go ntsha ga tshwene ka mmidi! Rre Rudi van der Merwe wa Go Nna le Seabe mo Baaging mo Ofising ya Setheo o dira mo masimong ka Letsatsi la go Ikaparela Fela. q p Rre Greg Roberts wa Dituediso tsa Baithuti le Bakoloti le Mohumagatsana Marelize de Lange wa lefapha la Ditšhelete, maloko a badiri ao ka bobedi a tswang kwa Khamphaseng ya Potchefstroom, jaaka ka metlha a iketleeleditse go ijesa monate. p Rre Karl van der Merwe (ka fa molemeng) le Rre Jéan Raath wa Senthara ya Thekenoloji ya Tshedimosetso mo Ofising ya Setheo ba bontsha bokgoni jwa bone ba apere di sumo suit. p Batoloki ba Lefapha la Dipuo la Setheo ba bontsha gore ba kgotsofaletse se ba se dirileng. Go tswa ka fa molemeng ke Mohumagatsana Charitty Tabane, Rre Basil Rabie, Mohumagatsana Maria Arangies, Rre Byron Green le Mohumagatsana Claire Vorster. 9

Mop Rikus o itse se se Mo motseletseleng wa rona o o ka ga badini ba YBB, Eish! e ne ya etela Mop Rikus Fick, Modini wa Merero ya Baithuti kwa Khamphaseng ya Potchefstroom mme ya bua le moithutabomodimo yo o ineetseng mo baithuting yono, ka ditoro tsa gagwe ka khamphase le ka go rata ga gagwe diatshe. Mop Rikus o kile a bo e le moruti mme o bua puo e e motlhofo. Ke puo e e tlhaloganngwang ke baithuti. Go bonala sentle fela ka bonako gore mokaedi yono wa mo nakong e e fetileng wa Sekolo sa Dithuto Tsa Baebele le wa Dipuo tsa Bogologolo o tlhaloganya baithuti e bile o amega fela thata ka se ba batlang go se dira. "Baithuti ba tshwanetse go nna le didikirii tsa bone le go itumelela nako ya bone mo khamphaseng. Ba tshwanetse go boloka tekatekano sentle fa gare ga akatemi le botshelo jwa bone." Seno se sobokanya sentle maikaelelo a ga Mop Rikus: go tlhomamisa gore mo isagweng baithuti ba tla gakologelwa nako ya bone mo khamphaseng jaaka nngwe dinako tse di mosola thata mo matshelong a bone. BODIREDI BO GODISA GO TLHALOGANYA GA MOTHO DILO A re o ne a amega thata ka baša ka nako ya fa a ne a le morutabana kwa Gimnasium ya Potchefstroom. Mme le fa go ntse jalo, o ithutile mo ngwageng wa gagwe wa bo 18 e le moruti gore ke eng se se rotloetsang baša. Mop Rikus Fick, Modini wa Merero ya Baithuti, a re diatshe di dira gore motho a lebe kgakala. Ke lone lebaka la go bo a taka boalo jwa naga jo bo tshwanang le jono. "Ga ke ise ke tsamaye ke dirise bathusi go botsa dipotso le dikarabo ka ga bodumedi jwa rona, go botlhokwa gore ke dire le baša, go simolola ba sa le bannye go fitlha ba tshwara mophato wa materiki. Go ne go ntse jaaka e kete ke setse ke ba itse fa ba ne ba tla mo go nna, segolobogolo mo ngwageng wa ntlha morago ga materiki." Mop Rikus o amegile thata ka baša ba ba dikobo-di-magetleng, e bile o gatelela botlhokwa jwa thulaganyo e e siameng ya go ba ema nokeng. "Ka bonako fela fa mongwe a na le bothata, bo tshwanetse go lejwa le go rarabololwa. Baithuti ba ba tshabelwang ke mathata gantsi ke ba ba jewang ke bodutu." Mop Rikus a re o amega thata ka boitumelo jwa batho ba a nang le maikarabelo a go ba tlhokomela. Le fa a rata go dira dilo ka thulaganyo, ga se motho yo o sa fetofetogeng e bile baithuti ba a itse gore ba ka tla kwa go ene nako nngwe le nngwe. KE ENG SE SE LENG BOTLHOKWA MO BAITHUTING? Mop Rikus a re moya wa kutlwano o botlhokwa mo baithuting botlhe. "Ke lone lebaka la go bo baithuti ba ba nnang kwa dihoseteleng tsa yunibesiti ba rata dihosetele tsa bone thata jaana. Bangwe ba rata dihosetele tsa bone thata go feta yunibesiti," o bolela jalo. O dumela gore eno ke nngwe ya dinonofo tse dintle thata tse Khamphase ya Potchefstroom e nang le tsone, e mo go yone baithuti ba nnang le tshono ya go nna karolo ya botshelo jo bo tlhanaselang jwa hosetele. Mo maemong a gagwe, ga go motlhofo go le kalo go lemoga ka fa baithuti ba ikutlwang ka gone. Baithuti ba segompieno ba dirisa thekenoloji, go akaretsa le dikhomphiutha, diselulafouno le mmedia wa bot- 10

rotloetsang baithuti Dilo tse di kgatlhang ka mop Rikus: Dijo tse ke di ratang go feta tse dingwe: Kheri, peso-nama le kuku e e tsentsweng moutlwalo wa tšhisi Maloko a lelapa la ga oorafick ke, Mop Rikus (ka kwa mojeng) le Anna Fick, morwaabone, Jaco, le ngwetsi ya bone e leng Liné. salano, go tlhalosa maikutlo a bone, mme ba dira jalo ka dinako tsotlhe. "Baithuti ba tlhotlhelediwa ke tikologo e ba leng mo go yone kgotsa maemo mo teng ga magae a bone. Bangwe ba utlwa botlhoko thata mme fa o tlhaloganya boemo jo ba goletseng mo go jone, o ka kgona go nna le seabe se se botlhokwa sa go ba kaela go ya isagweng." Mop Rikus a re go gatelela botlhokwa jwa go nna le mekgwa e e siameng, baithuti le bone ba tlhaloganya seabe sa bone mo baaging e bile ba ititaya sehuba gore ba batla go atlega. BOMANKGE BA EMA BAITHUTI NOKENG O motlotlo ka maloko a badiri a a nang le bokgoni a a dirang gore baithuti ba nne le botsogo jo bo siameng ka go leba dikarolo tsotlhe tsa ditirelo tsa kemonokeng. "Senthara ya Pholo, Yuniti ya Baithuti ba ba Nang le Bogole le Tirelo ya go Tlamela ka Tshedimosetso, Ditirelo Tsa Tshireletso le Tsamaiso ya Tsa Akatemi, mmogo le ditirelo tse dingwe tsa kemonokeng, di na le maloko a badiri a a nang le bokgoni jo bo seng kana ka sepe ba ba thusang baithuti go ntsha bokgoni jotlhe jwa bone." Gape o buelela batlhokomedi ba dihosetele ba ba dirang tiro e e boima ka bopelotlhomogi. "Merero ya Setso, Diatshe Tsa PUK le metshameko yotlhe ya YBB di naya baithuti tshono e e molemo ya go tshela botshelo ka botlalo. Mo go tseno, e e rategang thata ke moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Talente wa PUK e leng tiragalo e e botlhokwa e e tlhagisang maungo a mantsi," Mop Rikus o bolela jalo. "O botlhokwa thata ka gonne o rotloetsa phetogo e e mosola." GO KA NNA MOLEMO GO NNA LE DIHO- SETELE TSE DI OKETSEGILENG Selo se a ka ratang go bona se direga mo Khamphaseng ya Potchefstroom ke go nna le dihosetele tse di lekaneng gore botlhe ba nne mo go tsone. "Ruri go tlhokega dihosetele tse di oketsegileng gore baithuti ba ba batlang go utlwa gore botshelo jwa hosetele bo ntse jang ba kgone go bo utlwa. "Gape nka rata go bona setso le mafelo a metshameko a a tshwanang le a maemo a a kwa godimo mo lefatsheng. Ke eletsa gore baithuti ba nne le tshono go ya pele ya go dirisa bokgoni jwa bone jwa go tlhama le go nna le seabe mo metshamekong." O NA LE KITSO KA DIATSHE Mop Rikus o rata diatshe mo go maswe e bile ke motaki ka boene. "Go na le batho ba le bantsi ba ba se keng ba leba kwa godimo. Letsatsi le letsatsi fa ke leba kwa ntle ka fensetere ke bona ka fa batho ba tsamayang ka gone ba lebile fa fatshe ba kobile ditlhogo." Mop Rikus a re ke lone lebaka la go bo a rata go taka boalo jwa naga. "Ke dumela gore ka go leba ditshwantsho tse di takilweng tsa boalo jwa naga, motho o tlhotlheletsega go leba ka kwa ga jone. Go dira gore motho a lebe kgakala. Ke rata go taka boalo jwa naga jwa Aforikaborwa gore batho ba lebe kwa Buka e ke e ratang go feta tse dingwe: Dintlha ka tsa botshelo jwa ba bangwe. Ke natefeletswe thata ke go buisa tse di buwang ka Tchaikovsky le Sibelius. Mmino o ke o ratang go feta e mengwe: Ke tshameka sebintsolo mme ke rata mmino wa tlelasiki thata. Phologotswana ya mo gae e ke e ratang go di feta tsotlhe: Grex, ntšha ya me ya modisa. Leina la yone le raya 'letsomane' ka Selatine. Lefelo la malatsi a boikhutso le ke le ratang go feta a mangwe: Kwa losing lwa lewatle. Se ke sa ntseng ke batla go se dira letsatsi lengwe: Ke batla go tsaya loeto go ralala Namibia. Maloko a lelapa la me: Ke nyetse Anna mme re na le morwa a le mongwe, Jaco, yo o nang le dikirii ya masetase ya Botsamaisi Jwa Tikologo mme ga jaanong jaana o direla Anglo American. Jaco o nyetse Liné. Malatsi a me a bongwana: Ke goletse kwa polasing gaufi le Brits. Lelapa la rona e ne e le balemirui ba motlhape wa dikgomo le masimo. godimo go bona ka fa boalo jwa rona jwa naga bo leng bontle ka gone." Go lebega e kete Mop Rikus ga se mankge wa diatshe fela mme gape ke mankge wa go nna motho yo o kutlwelobotlhoko. Go tlhaloganya batho ka tsela e e boteng le go ba utlwela botlhoko ke bosupi jwa seo. 11

DIKGANG tsa Khamphase YA MAFIKENG Mop Nicolene o tlile go dira go tlala seatla Mop Nicolene Barkhuizen, mmenejara wa lenaneo kwa Lefapheng la Bolaodi Jwa Badiri ba Diintaseteri, e ne e le mongwe wa ba batlhano ba ba fitlhileng kwa makgaolakgannyeng mo setlhopheng sa go direla setšhaba le go direla batho ka bongwe sa Diawate tsa DHL Rising Star. Ka kakaretso, go ne ga dirwa kitsiso ka ba le 49 ba ba fitlhileng kwa makgaolakgannyeng mo makaleng otlhe a kgwebo a le 11, mme makgaolakgang a ne a tlile go tshwarwa ka di 15 Phatwe kwa Monte Casino kwa Johannesburg. Le fa Mop Nicolene a se kile a newa awate kwa bokhutlong, o tsaya go fitlha kwa makgaolakgannyeng e le phitlhelelo e e seng kana ka sepe. "Mo go nna, go nna mo gare ga ba ba fitlhileng kwa makgaolakgannyeng go tshwana le go nna mofenyi," o bolela jalo. Go ya ka Mohumagatsana Suzy Boucher, mokhuduthamaga-mogolo wa HCI Africa le yo e leng mogakolodi gape e le leloko la Diawate tsa 2013 DHL Rising Star, go ne go rotloetsa tota go amogela ditsenelo-kgaisano go tswa go baša ba le bantsi ba ba nang le ditalente mo ditheong tsotlhe tsa kgwebo. Boikaelelo-kakaretso jwa Diawate tsa Rising Star ke go tlhaola le go akgola baeteledipele ba ba botlana ba ka moso ba ba nang le thotloetso le ba ba matlhagatlhaga. Batsayakarolo ba ne ba atlholwa go ya ka mekgwa e e farologaneng ya bokgoni jwa bone, go akaretsa le go sa dire ga bone ba le bosi, tiro ya bone e e gatelang pele ka dinako tsotlhe le go ithuta le go ruta batho bokgoni jwa tiro. Badiri ba keteka kgwedi ya Basadi ka Setaele Monna o a atlega ka go bo a engwe nokeng ke mosadi... Mosadi o a atlega ka go bo a engwe nokeng ke monna yo o bogale." Mop Mashudu Davhana-Maselesele, Motlatsa-Moreketoro: Lefapha la Akatemi le Patlisiso le ne la dira motlae ono fa le ne le eme badiri ba basadi ka lefoko mo moletlong wa bošeng jaana wa go keteka Kgwedi ya Basadi. Ka nako ya dijo tse di kgethegileng tsa motshegare, badiri-ka-rona ba basadi ba ne ba nna le tshono ya go tlhaba kgobe ka mmutlwa le go tentiwa ke badiri-ka-bone ba banna, ba ba neng ba apare dikhiba mme ba dira ditiro tsotlhe go simolola ka go naya batho manno go fitlha ka go aba dijo mo ditafoleng. Mohumagatsana Susan van Rooyen, mookamedi wa thulaganyo ka tsa baithuti ba nako e e fetileng wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano, le Mohumagatsana Felly Motsamai, wa Senthara ya Tlhabololo ya Tsa Akatemi, ba ikgantshetsa botlhe ka dilo tsa bone ka nako ya dijo tsa motshegare tsa Kgwedi ya Basadi. Khamphase e tswa letsholo la go thusa balemirui ba ba mo tikologong Senthara ya Dipatlisiso ka Boitekanelo Jwa Diphologolo e tswa letsholo ga jaanong jaana la go thusa balemirui ba ba sa ntseng ba fatlhoga. Letsholo leno ke la go thusa balemirui ba ba sa ntseng ba fatlhoga mo tikologong ya 30 km ya khamphase, e leng tikologo e e omeletseng go sekae e e nang le diruiwa tsa temothuto tse di dirisediwang thata tiro ya bolemirui. Maikaelelomagolo a letsholo leno ke go tlhomelela balemirui ka kitso ya diruiwa tsa temothuo, go tokafatsa tsela ya go tlhokomela diruiwa le go itse gore ke dife tse balemirui ba ka di dirisang mo temong. Gape balemirui ba katisediwa go tshwara motlhape o itekanetse, go akaretsa le go o enta, go ntsha dikgofa mo letlalong le mo teng ga mala a tsone, go di tsadisa le go dirisa tsela ya konokono ya go di tlhokomela. Baithuti ba ngwaga wa bofelo ba serutwa sa Boitekanelo Jwa Diphologolo ba tshwaregile ka tlhagafalo mo porojekeng eno ya go tlisa tlhabololo mo baaging, ba ba ruta thuto ya go rarabolola mathata le go ba katisa ka tlhamalalo ka go ba dirisa tiro eo ya go a rarabolola. Senthara eno, ka go dirisana mmogo le Lefapha la Temothuo le la Tlhabololo ya Metseselegae la Bokone Bophirima, e etela balemirui mo baaging beke le beke. Porojeke eno e etleediwa ka madi ke Emthunzini Trust ka go dirisa Santam lobaka lwa digwaga di le tharo (go fitlha ka 2015). Mop Mashudu Davhana-Maselesele, Motlatsa- Moreketoro: wa Akatemi le Patlisiso (ka fa molemeng) le Mop Nicolene Barkhuizen ba motlotlo go bontsha awate e Mop Mashudu a e amogetseng fa a sena go fitlha kwa makgaolakgannyeng. 12

DIKGANG tsa Khamphase YA potchefstroom Patlisiso e tlhoma mogopolo mo go bommemogolo le borremogolo Ba ba akgolang ga basadi ba ba etelelang pele mo go tsa thuto go tswa ka fa molemeng ke Mop Mariëtte Lowes, Motlatsa-Moreketoro: wa Go ruta le Go Ithuta, Ngaka Semane Molotlegi, Mohumagadi Sandra Yssel, wa Lefapha la Thuto la Bokone Bophirima le Katiso: wa Kgaolo ya Kenneth Kaunda, Mop Robert Balfour le Mop Marlene Verhoef, Mogakolodi-Mogolo wa Ofisi ya motlatsa-mokanseliri. Letsatsi la basadi le ketekwa segosi Go nna teng ga ga Ngaka Semane Molotlegi, mohumagadi wa Royal Bafokeng, go ne ga dira gore Letsatsi la Basadi e nne le le kgethegileng le go feta mo basading ba badirika-rona ba ba neng ba le teng mo moletlong wa Legoro la Disaense Tsa Thuto wa go akgolwa ga basadi ba ba etelelang pele mo go tsa thuto ka di 8 Phatwe 2013. Mo puong ya gagwe e e bulang, Mop Robert Balfour, modini wa legoro, o ne a tlhomolola seabe se se botlhokwa se basadi ba nnileng le sone sa go tlisa diphetogo mo Aforikaborwa. O ne a tlotla ka mogwanto o o sa lebalesegeng wa 1956 wa basadi ba le 20 000 wa go ya kwa Union Buildings kwa Pretoria mme a akgolela E re ka dibuka-thuto tse di buang ka puisano fa gare ga ditso tse di farologaneng gantsi di kwalwa ke bakwadi ba Ba-Amerika, Ba-India kgotsa ba Australia, baakatemi ba babedi ba Sekolo sa Dithuto Tsa Puisano ba ne ba swetsa ka gore ba kwale ya Aforikaborwa. Bošeng jaana Mop Paul Schutte, mokaedi wa sekolo, le Rre GP van Rheede van Oudtshoorn, ba ne ba golola kgatiso ya Aforikaborwa ya setlhogo se se reng Experiencing Intercultural Communication. E na le dikai, tiriso mmogo le ditshitshinyo tse di tshwanelang mo Aforikaborwa le kwa dinageng di sele. GP a re kgopolo e e botlhokwa ya go leba dilo basadi bopelokgale le boikemisetso jwa bone. Ngaka Molotlegi, mmaagwe Kgosi Leruo Molotlegi, Mokanseliri wa YBB, a re bomme ke bone ba ntlha bao ba tshwanetseng go ruta bana ba bone, mme a ba kopa gore ba rute bana ba bone ka mathata a go tshwarwa ga banna le basadi "Rona jaaka bommaabana re bopa semelo sa bana ba rona le go bopa ditlhaloganyo tsa bone tse dinnye ka ditsela tse di farologaneng. Go ba ruta ga rona mekgwa e mentle mo setšhabeng go tshwanetse ga amana thata le go ba ruta ka tsela ya go tshwarwa ga banna le basadi. Nako e gorogile jaanong ya go ruta bana ba rona gore banna le basadi ba a lekana." Puisano fa Gare ga Ditso Tse di Farologaneng e akaretsa le ya Aforikaborwa e ne ya bolokwa mo mokwalong wa ntlha le go e tlhabololwa. "Baithuti ba tla solegelwa molemo thata ka gonne mokgwa wa bone wa puisano ga o a tlhokomologiwa. Re tsaya seno e le tsela e e molemo thata ya go tsweledisetsa pele patlisiso ka puisano fa gare ga ditso tse di farologaneng mo Aforikaborwa." Go ya ka Mop Paul go ne go se motlhofo go boloka tekatekano fa gare ga tsela e dilo di lejwang ka yone kwa dinageng di sele le mo nageng ya rona. "Le fa go ntse jalo, re ne re ka atlega go dira gore Aforikaborwa le yone e nne le puisano e e kgonang go dirwa ka molomo le ka tsela e e seng ya ka molomo le go nna le ditso tse di farologaneng. Puisano e e amanang le go tlisa phetogo mo loagong e tsewa tsia e leng selo se se iseng se ke se dirwe mo bukeng e e kwadilweng ke moithuti wa pele ga kalogo." Mop Paul Schutte (ka fa molemeng) le Rre GP van Rheede van Oudtshoorn ba sa tswa go golola buka ya bone e ntšha e e tlotlang ka Puisano fa Gare ga Ditso Tse di Farologaneng mo Aforikaborwa. Senthara ya Dipatlisiso ka Bana, Baša le Malapa kwa Wellington e golotse patlisiso e e kgatlhang tota ka maitemogelo a bommemogolo le borremogolo ba ba tlhokomelang ditlogolo tsa bone. Boemo jono bo a gola lefatshe ka bophara mme mo Aforikaborwa, ga go ise go dirwe patlisiso ka bommemogolo le borremogolo ba basweu ba ba tlhokomelang ditlogolo tsa bone mo mafelong a setoropo. Mohumagatsana Susan Brink, moithuti wa masetase ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mohumagatsana Issie Jacobs, yo e leng motlhatlheledi, o fitlhetse gore diphetogo tsa loago le tsa mo malapeng di pateletsa bommemogolo le borremogolo go sikara boikarabelo jwa go tlhokomela ditlogolo tsa bone. Mabaka a seno a ka akaretsa go swa ga batsadi, tlhalo, go sa kgone go tlhokomela bana ga batsadi ka ntlha ya bolwetse jo bo tsayang nako e telele, tiriso e e sa siamang ya diokobatsi le go nwa bojalwa kgotsa go ima ga baša. Ntlha nngwe ya botlhokwa e e neng ya bonwa mo patlisisong eno ke gore bommemogolo le borremogolo ba iphitlhela ba na le maikarabelo a a thulanang a go tlhokomela ditlogolo le go diragatsa maikarabelo a a lebeletsweng mo go bone a setso. Seno se felela ka go patelesega ga bone go emisetsa batsadi ba ditlogolo ka go tlhokomela ditlogolo tseo. Go diragatsa maikarabelo ano a botsadi go utlwalela bommemogolo le borremogolo go ama kamano e e fa gare ga bone jaaka mmemogolo le rremogolo e bile go ba feletsa madi. Gape bommemogolo le borremogolo ba mekamekana le go tlhoka maitseo ga bana e bile ba tshwanelwa ke go ba kaela jaaka batsadi le go batla thuso ya baporofešenale ya go ba tlhomelela le go ba ema nokeng. 13

DIKGANG tsa Khamphase YA KHUTLOTHARO YA LEKWA Bajeremane ba ka re ruta ka tsa go tlhoka tiro Nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo go di gaisa tsotlhe mo Aforikaborwa ke go tlhoka tiro ga baša. Go sa kgathalasege matsholo a a jaaka a setheo sa dikholetšhe tsa thuto e e oketsegileng le katiso le disenthara tsa mafapha a badiri, naga ya rona e palelwa ke go rarabolola mathata a go tlhoka ditiro. Bošeng jaana Mokgatlho wa Konrad Adenauer o ne wa laletsa baemedi botlhe bao o dirisanang le bone go tsaya loetothuto go ya kwa Jeremane go ya go ithuta ka ditharabololo tse go neng ga dirisiwa tsone koo tsa go thibela le go lwantsha go tlhoka ditiro ga baša. Mo gare ga ba ba neng ba laleditswe, go ne go na le Rre Krister Janse van Rensburg, moithuti wa Masetase mo lefelong la go dira patlisiso mo Legorong la Dithuto ka Mekgwa ya Batho. Go ya ka ene, re tshwanetse go ithuta go le gontsi go tswa mo Bajeremaneng. Ba tlhamile tsamaiso e e mosola thata ya go thusa baša ba ba sa berekeng ba ba jaaka ba ba sa fetsang sekolo, ba ba nang le bogole le ba ba neng ba sena madi a go ya yunibesiting. Puso ya Jeremane gape e dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go mekamekana le go tlhoka ditiro ka kakaretso. Seno se akaretsa ditirelo tse di farologaneng go simolola ka go thusa ba ba batlang ditiro go fitlha ka mananeo a katiso le a go ba ruta bokgoni jwa tiro. Thuso eno, e e patilweng ke tsamaiso ya go thuswa ga baagi ka madi a a tswang kwa pusong, e itshupile e le 'lefelo la botshabelo' la batho ba ba sa kgonang go bona ditiro. Mosadi o tsepame fela jaaka lefika Bošeng jaana khamphase e ile ya keteka Letsatsi la Basadi le go leboga le go akgolela basadi seabe sa bone mo setšhabeng. Ka thuso ya dithaka tsa bone go tswa kwa lefapheng la Go newa Kgakololo ga Baithuti le go ba Tlhomelela ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Ngaka Saneth Dreyer, mosadi mongwe le mongwe yo e leng leloko la badiri le moithuti o ne a newa lefikanyana le le nang le molaetsa o o reng 'O Lefika'. Seno se ne se dirwa jaana e le segopotso sa mogwanto wa basadi ka 1956 go ya go dira dikhuduego kgatlhanong le melao ya dipasa. Ka nako ya mogwanto oo basadi ba ne ba opela pina ya go dira ditshupetso e e neng e tlhametswe mogwanto oo: Wathint'Abafazi Wathint'imbokodo! (Fa o kgoma mosadi, o kgoma lefika). Baakatemi ba Sekolo sa Disaense Tsa Motheo mo Legorong la Dithuto ka Mekgwa ya Batho ba kwadile buka e e bakwang ke batho botlhe jaaka tshupiso ya dirutwa tse di farologaneng ya Bolaodi Jwa Setšhaba mo kontinenteng ya Aforika. kgatiso ya setlhogo se se reng, Public Administration in Africa: Performance and Challenges, e na le diathikele tse di kwadilweng ke bakanoki ba ba eteletseng pele ba kgaolo ya rona e bile ba tlhatlhoba go raraana ga tsela ya go busa ka go dirisa tsela e dilo di lejwang ka yone mo Aforika. Dinaga tse di jaaka Aforikaborwa, Congo, Uganda, Nigeria, Gha- Mohumagatsana Magdel van Rensburg (ka fa molemeng) le Mohumagatsana Kinga Siejek wa lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano ba bontsha botlhe mafika a bone. Buka e tlotla ka Bolaodi jwa Setšhaba mo Aforika na, Mauritius le Botswana di tlhatlhobiwa go ya ka ditlhogo tse di farologaneng, go akaretsa le tsa bokolone, go lwela diphetogo, lehuma, ikonomi, go newa taolo, go tlamela ka madi, metswedi ya dikgang le boemo jwa tsone jwa sepolotiki. Mathata a a jaaka lehuma le go gana go naya batho dikumo tse ba di tlhokang kgotsa go tlhokega ga dikumo tseo e leng mathata a segolobogolo badiri ba dipholisi ba ba sa ntseng ba fatlhoga mo Aforika ba lebaneng le one a tlotlwa mo bukeng eno, e go ya pele e tlotlang ka dikarolo tsa diphetogo tse di mosola mo pusong. Batseleganyi go tswa ka fa molemeng ke Mop Shikha Vyas-Doorgapersad, Ngaka Lukamba-Muhiya Tshombe le Mop Ernest Peprah Ababio. Go ya ka Krister, Jeremane e etelela pele ka go tlhoma sekao, segolobogolo ka tsela e e katisetsang batho tiro ya diatla ka yone e e ratwang ke baša. "Ga go kgonege gore baša botlhe ba kgone go ya yunibesiting fela gore ba kgone go bona ditiro, e bile mafelo a le mantsi a ditiro tota a tlhoka bataki le bategeniki. Re tshwanetse go akaretsa mefuta e mentsinyana ya ditiro tsa diatla tse baša ba di katisediwang go dira gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokwang ke ikonomi ya rona," o oketsa jalo. 14

Bomankge bano ba YBB ba itse se ba buang ka sone Ka metlha maloko a YBB a abelana bokgoni jwa one le badiri ka bone fa go tlhaga tshono ya go dira jalo fa ba neetse dipuo kgotsa fa ba botsolotswa ke ba metswedi ya dikgang. Mo motseletseleng ono wa rona o o tswelelang pele, re eletsa gore babadi ba rona ba buise dinopolo tse di latelang Baitseanape ba YBB Go sa kwale dikgatiso tse dintsi go raya gore batho, segolobogolo bana, ga ba tlhole ba bona kgotsa ba utlwa tlotlofoko ya bone. Ga o nne le maitemogelo ka se o se kwalang, mme boboko ga bo se bone, mme ka ntlha ya puo e e dirisiwang mo diselulafounong, go dirisiwa ditlhaka tse di seng dintsi thata go boloka madi mme thutapuo le mopeleto di bo di sa dirisiwe sentle. Gape go na le kgolagano fa gare ga go kwala le tsela e motho a ntseng ka yone fa bana ba sa tlhole ba kwala, ngwana o tlola dikgato di le mmalwa tse a tshwanetseng go feta ka tsone mo kgolong ya gagwe. Mop Elda de Waal, wa Sekolo sa Disaense Tsa Thuto, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa Bana ga ba gole sentle fa ba sa kwale, Rapport, 3 Augustus 2013 Go sa tlhomamisegeng ka tsela e [go dira gore dikopo tsa National Student Financial Aid Scheme (NSFAS) di tlileng go dirwa ka yone go tswa mo lefapheng le le lengwe fela] seno se tlileng go dira ka yone mo ngwageng ono go dira gore go nne thata go tlhomamisetsa baithuti gore re tla kgona go ba thusa. YBB e itumelela go dirisana mmogo le NSFAS ka gonne boemo jwa ditšhelete jwa baithuti ba ka moso mo isagweng bo tlile go sekasekwa mmogo le Lefapha la Merero ya Selegae le Lefapha la Ditirelo Tsa Lekgetho la Aforikaborwa, mme re sa ntse re sa tlhomamisege gore gotlhe gono go tlile go dirwa jang. Mo nakong e e fetileng thulaganyo ya go dira dikopo (ya di NSFAS tsa YBB) e ne ya bulwa ka Motsheganong mme ya tswalwa ka kgwedi ya Diphalane. Jaanong e simolola fela ka kgwedi ya Lwetse. Rre Danie Hefer, wa Lefapha la Ditirelo Tsa Kemonokeng ka Madi, wa Khamphase ya Potchefstroom Sekema sa Dibasari: Students will struggle, Rapport, 27 Julie 2013 O se ka wa nna moithuti wa seporofešenale! Baithuti ba seporofešenale ba kgarakgatshega mo yunibesiting dingwaga di le nne go fitlha go tse robedi, ba sa falole dikhoso le dimmojulu. Moithuti yo o ntseng jalo mo ditheong tsa thutogodimo mo nageng yotlhe o thiba ditshono tsa go ithuta ga baša ba bangwe ba ba batlang go ithuta. Mop Thanyani Mariba, Moreketoro: wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa Moporofesa: Wetsa dithuto tsa gago ka nako e e beilweng, Daily Sun (KZN), 8 Augustus 2013. Go a tshwenya go bona gore go santse go na le barutabana ba bantsi jaana ba ba iseng ba tshwanelege sentle, ka gonne boleng jwa thuto e bana ba e rutwang bo ama karolo nngwe le nngwe ya kgolo ya bone. Go na le dilo tse di bakang seno fa barutabana ba katisiwa go ya pele ba ba setseng ba tlhomilwe mo dikolong Dilo tseo di ka tswa di akaretsa gore a ba rotloetsega go oketsa dithutego tsa bone, gore a ba na le batho bao ba ba emang nokeng, le gore a go na le ba ba tshwanelegang bao ba ka ba emisetsang mo dikolong tsa bone ba ba ka sikarang maikarabelo a tiro ya bone mo ditlelaseng. Mohumagatsana Hannelie du Preez, wa Dithuto Tsa Sekolo sa Thuto, Khamphase ya Potchefstroom Dipelaelo tsa gore a go tla dirwa botoka mo dikolong, Volksblad, 13 Augustus 2013 Morago ga go buisana le bakantoro kwa lefapheng la thuto la Bokone Bophirima ga go bonale go na le thulaganyo e e dirilweng ya go simolola go ruta puo ya boraro mo dikolong. Ke akanya gore porojeke ya go buisa dipuo tse di farologaneng (jaaka e Lefapha la Dipuo la YBB le e dirisang ka katlego mo dikolong di le supa kwa Bokone Bophirima), e ka nna mokgwa o o siameng tota wa go simolola go ruta dipuo tsa Se-Aforika. Re leka go bua le lefapha ka ga seno. Rre Johan Zerwick, Lefapha la Dipuo la Setheo le Sekolo sa Thuto ka Mekgwa ya Batho, Khamphase ya Potchefstroom Dikolo tsa BB ga di ise di siamele go ruta ka puo ya boraro, Beeld, 16 Augustus 2013 15

Mme bafenyi ke. Re akgola badiri-mmogo ba ba latelang ba mongwe le mongwe wa bone a ikgapetseng mpho ya kgwebo: Ofisi ya Setheo: Mohumagatsana Frieda Fiellis, mothusi-mogolo wa tsamaiso, wa Go Abalana Tshedimosetso ya Thekenoloji le ba Bangwe le Kemonokeng ya Tlhamoseša Khamphase ya Mafikeng: Mohumagatsana Tlotlo Segotso, motlhatlheledi wa Thuthuka, wa Sekolo sa Bobalamatlotlo Khamphase ya Potchefstroom: Mohumagatsana Luché Cloete, mothusi ka tsa tsamaiso, wa Lefapha la Go Maketa le Ditlhaeletsano Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: Mohumagatsana Nombulelo Khumalo, mothusi ka tsa tsamaiso, Ofisi ya Motlatsa- Moreketoro: wa Akatemi, Boleng le Thulaganyo Re batla go leboga botlhe ba ba nnileng le seabe.fa e le gore o ne o se lesego go le go kalo lekgetlo la ntlha, tshono e nngwe ke eno ya go nna le seabe mo kgaisanong e e kgatlhang: Fenya! Fenya!Fenya! O ka fenya dimpho tsa korporatifi, batla fela dikarabo tse di 10! 5. 1. Tlhaola dinepe tse mme fa dinomoro tsa ditsebe tsa teng. 3. 2. 6. Lenaneo la YBB la pholo le boitekanelo le bidiwa eng jaanong? 7. Setlhogo sa patlisiso ya ga Rre Ruan Spies ka HIV sa reng? 8. Motlatsa-Moreketoro yo moša ke mang: wa Go Ruta le go Ithuta mo Khamphaseng ya Potchefstroom? 9. Leina le le reng Grex, la ntša ya ga Mop Rikus Fick, Modini: Merero ya Baithuti, le raya eng ka Seesemane? 10. Ke baakatemi bafe ba bararo ba Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ba ba kwadileng buka ka Bolaodi Jwa Setšhaba mo Aforika? Romela dikarabo tsa gago kwa go: Poso: Marelize Santana, Lebokoso la poso ya ka mo teng 260 Eposo: Marelize.Santana@nwu.ac.za mme kwala Eish! ka mo bolokong ya diteng. Se lebalego kwala nomoro ya gago ya bodirammogo, setlhogo, maina, sefane, le lefapha le khamphase tsa gago. 4. Dikarabo tsa ntlha tse di siameng go tswa mo Khamphaseng e nngwe le e nngwe tse di tla gogiwang di tla fa moikwadisi mpho! 16

Lester Rika Leona Esmé Vincent Kiewiet Jacob Elbie Fa ke ka bo ke le ntsi mo leboteng... Mo pegong e khutshwane eno ya motseletsele wa rona wa gore maloko a badiri a ikutlwa jang ka dikgang tse di rileng, mongwe le mongwe wa bone o eletsa e kete a ka bo a le ntsi mo leboteng. Potso e re neng ra e botsa e ne e re: fa o ne o ka kotama jaaka ntsi mo leboteng, o ne o tla kotama mo leboteng la ga mang mme goreng? Lester Mpolokeng, mmenejara-mogolo wa Ofisi ya Moreketo, wa Khamphase ya Mafikeng: "Fa ke ka bo ke le ntsi, ke ne ke tla kotama mo leboteng la motlatsa-moreketoro: wa Go Ruta le go Ithuta, Mop Mashudu Maselesele. Ke modiri yo o dirang ka natla yo o leng matlhaga-tlhaga ka dinako tsotlhe. O etelela pele ka go tlhoma sekao e bile o tlhoma mekgele. Ke akanya gore ke tla kgona go ithuta go le gontsi ka go nna fela le go mo leba fa a bereka." Rika Huyser, motegeniki-mogolo wa laboratori: ya Disaense Tsa Thutatshelo, kwa Khamphaseng ya Mafikeng: "Go na le mabota a le mantsi a ke ka ratang go kotama mo go one. Mme go na le dipota dingwe tse ke se kitlang ke rata go kotama mo go tsone mme di akaretsa dipota tsotlhe tsa ntlo ya rona. E re ka monna wa me a goletse kwa dipolasing le bananyana ba me ba babedi, re na le didirisiwa di le mmalwa tsa go bolaya dintsi ka go di itaya ka tsone, go simolola ka tse di tlwaelegileng tsa letlalo tsa mebala e e farologaneng go fitlha ka tse di ša tsa polasetiki tsa dipopego tse di farologaneng, go akaretsa le tsa dipopego tsa digwagwa, diatla, dintša jj. Nnyaa, ope ga a a tshwanela go batla go nna ntsi e e kotamang mo dipoteng tsa rona. Ga go kitla go nna le nako ya go utlwa sepe fa e se modumo o mogolo o o reng WHAM!" Leona Cain, mothusi ka tsa tsamaiso, wa Ofisi ya Setheo: "Nka rata go kotama mo leboteng la modiragatsi, la mokaedi le la mokwadi wa filimi Tyler Perry. Nka rata go bona gore ke eng se se mo tlhotlheletsang go kwala mefuta ya difilimi tse a di kwalang. O kwala ka botshelo jwa malapa, seabe sa borre, banna, bomme le basadi. Gantsi go na le sengwe se motho a ithutang sone mo filiming ya gagwe. Ke rata difilimi tsa gagwe ka gonne motho a ka ithuta sengwe mo go tsone. Gongwe ga se fela mmogedi yo o ithutang sengwe mo go difiliming tsa gagwe mme motho a ka fetisetsa thuto eo mo baneng ba gagwe kgotsa mo go ba bangwe ba a ba ratang." Esmé Labuschagne, wa Lefapha la Tsa Badiri, Ofisi ya Setheo: "Ke nyoretswe kitso, mme ke lone lebaka la go bo go kotama mo leboteng jaaka ntsi go sa ntekane. Nka rata go romela lesomo lotlhe la dintsi gore di mpeye mo leseding ka dilo tsotlhe tse di diregang mo lefatsheng. Ntsi ya ntlha e mo tseleng go ya kwa ga Kgosana William le Mosadi wa Gagwe Kate. Ga ke bolo go ipotsa gore go diregang ka lesea la bone mo phaposing. Dintsi tse dingwe di santse di tshwanetse go tla go mpegela, ka jalo fa o bona ntsi mo leboteng la gago, e ka tswa e le nngwe ya tse di ntlisetsang molaetsa." Vincent Eastes, mmenejara mo Ofising ya Moreketoro, wa Khamphase ya Potchefstroom: "Fa ke ka bo ke le ntsi mo leboteng, ke ne ke tla rata go nna mo leboteng la ntlo ya Poresidente wa Pele e leng Paul Kruger. Ke ne ke tla rata go utlwa gore o suba kae dimilione tsa Kruger letlotlo le go tweng le ne le fitlhilwe kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Bobedi ya Maburu." Kiewiet Scheppel, motlhankedi wa tsa puisano wa tsa bobegadikgang, wa Lefapha la Go Maketa le Tlhaeletsano, wa Khamphase ya Potchefstroom: "Nka rata go nna ntsi mo leboteng la Poresidente wa Pele Nelson Mandela. Nka rata go itse gore tota ke motho yo o ntseng jang. Go na le dipego tse dintsi tse di sa tshwaneng mme ka batla go itse e e boammaaruri. Mme tota, nna ga ke akanye gore nka rata go nna ntsi. Nka tloga ka silwa ke mongwe." Rre Jacob Simango, Mokaedi wa: Merero ya Baithuti, wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: "Ke tla itumelela thata go kotama mo leboteng la Mosireletsi wa Setšhaba, e leng Mohumagadi Thuli Madonsela. Ke kgatlhwa ke tsela e a dirang tiro ya gagwe ka yone. Ke motlhankedi wa puso yo a ineetseng mo tirong ya gagwe. Naga ya rona, Aforika le lefatshe lotlhe di tlhoka batho ba ba oketsegileng ba ba tshwanang le ene go busetsa tolamo le go nyeletsa ditiro tsa boferefere. Go senyega ga boitsholo kwa ditheong tsa thešiari go ka baakanngwa fela ka dikgatotharabololo tse di tshwanang le tse a di buelelang. Jaaka motho yo o dumelang mo kgannyeng ya go ikobelwa ga melao e bile ke le modiri ka tsa merero ya baithuti, ke rotloediwa ke ene e bile ke dirisa mokgwa wa gagwe wa go dira tiro mo tirong ya me ya letsatsi le letsatsi le ya mekgwa ya go laola botshelo jwa baithuti." Elbie Steyn, mokwadisi wa mo khamphaseng, Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa: "Ke batla go kotama mo leboteng la ga Neels Vermeulen, e leng mokaedi wa lefapha la tsamaiso ya tsa akatemi mo khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. Ke akanya gore fa ke dira jalo ke tla kgona go itse sentle maloko a a farologaneng a khamphase le go tshega ka one a sa itse. Dikgang dipe tse di ngomolang pelo le ditsholofetso tsa baithuti ba dithuto tsa bone di kgaodisitsweng ruri di tla ntedisa. Ke batla go ikutlwela ka ditsebe tsa me gore Einstein yo mmotlana yo o sa amogelwang mo setheong a reng ene le batsadi ba gagwe ka ditsholofetso tsa bone tse di lolea tsa ka fa mosimane kgotsa mosetsana wa bone yo mmotlana a tlileng go dira ka natla ka gone mo dithutong tsa gagwe fa a ka newa tshono. Gape ke batla go itse gore ke eng fa batlhatlheledi bangwe ba sa batle go tlhatlhelela ditlelase ka 08h0 ka Mantaga kgotsa morago ga 12h00 ka Labotlhano." 17

BATHO BA RONA Mop Shikha Vyas-Doorgapersad o dirisa LovCaSh Batho ba ba dirang kwa YBB ba na le ditalente tse dintsi le dilo tse e seng tsa tiro tse ba di kgatlhegelang. Mo karolong eno ya motseletsele wa rona, Eish! e etela mongwe yo o amegang thata ka batho ba ba bogang. Moano wa botshelo wa ga Mop Shikha Vyas-Doorgapersad, Moporofesa- Mmogo: wa Bolaodi Jwa Botsamaisi Jwa Puso le Tsamaiso kwa Sekolong sa Disaense Tsa Motheo mo Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ke Go fodisa batho ka lorato, tlhokomelo le go tlhakanela dilo le bone. O tshela botshelo jwa gagwe ka tsela e a e ratang ya go tokafatsa botshelo jwa batho botlhe ka porojeke ya gagwe e a e direlang kwa gae ya tirelo-setšhaba, ya Heal Humanity: a Love, Care and Share initiative (LovCaSh). "Go tsamaelwa ke dilo sentle ga baagi ba rona go ntse go tlhokomologilwe. Batho ba maemo a a farologaneng ba tlhoka go thuswa ke ba bangwe ka bonako-nako," Mop Shikha o bolela jalo. "Letsholo la LovCaSh le thusa batho ba ba tlhokang thuso ya ka bonako ba ba tlhokang dilo fela tsa motheo tse di jaaka dijo, pholo e e siameng le boitumelo." Mop Shikha, mmogo le mme le ngwana wa gagwe e leng Elsa and Rika Kleynhans, ke bone ba theileng LovCaSh. Ba tlhomile letsholo leno ka Ngwanaitseele 2012 gore ba kgone go tlhaola malapa a a tlhokang thuso. Ba dira seno ka thuso ya mekgatlho e e mo loagong, ditlamo, maloko a baagi le ditsala tsa ba ba tlhokang thuso ka potlako. A re nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo ke go etleediwa ka madi gore re kgone go ba ema nokeng. "Re leboga thata motho mongwe le mongwe le dikgwebo tse di emang LovCash nokeng." Mop Shikha a re o itumeletse thata tirisanommogo e ntsha le sekolo sa tantshe, sa Dance Fusion, kwa Alberton. Ka go dirisana mmogo le sone, ba solofela gore ba tla kgona go koleka madi a le mantsi thata a a tlhokegang. Le fa LovCaSh e sa ntse e simolola, e setse e dirile diporojeke di le mmalwa tsa go thusa batlhoki. Bošeng jaana, ba ne ba etela legae la bagodi la Kowa Pienaar Tehuis kwa Elspark go ya go itumedisa le go naya dimpho banni ba teng ba le 62 ba ba nang le bogole e bile ba le bokoa. Mongwe le mongwe wa bone o ne a newa dilwana tsa ka fa botlhapelong, dimonamone tse di boruma, dibisikiti le dimpho tse dingwe tse di farologaneng. Mop Shikha ke mosadi wa senatla yo o rutegileng yo ka metlha a leng boikokobetso le go amega ka ba bangwe. O na le Masetase ya Tsamaiso, Masetase ya Filosofi kgotsa Master of Philosophy (MPhil) le ya Filosofi ya Bongaka kgotsa Doctor of Philosophy (PhD) mo tirong ya Bolaodi Jwa Setšhaba. O simolotse dithuto tsa gagwe kwa India mme a tla mo Aforikaborwa ka Moranang 2001 mme a nna leloko la Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ka Ferikgong 2007. Fa a sa koleke madi, e leng tiro e e tlisetsang bahumanegi boitumelo le go ba ema nokeng, kgotsa a sa dire ka natla kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa, o a bo a na le monna wa gagwe yo a mo ratang, e leng Annish, le go tlhokomela morwadie e leng Apsara (9). t Mop Shikha Vyas-Doorgapersad a na le bana mo loetong lwa LovCaSh lwa go ya kwa Kowa Pienaar Tehuis kwa Elspark. *Fa o itse ka modiri-ka-rona mongwe yo o dirang sengwe ka tsela e e gakgamatsang tota kgotsa e e kgatlhang fa a se mo yunibesiting, tsweetswee romelela Marelize Santana tshedimosetso kwa atereseng ya marelize.santana@nwu.ac.za. 18

Go tshwaraganela kgetsi ya tsie go thusa porofense Memorantamo wa Tumalano o o saenilweng fa gare ga YBB le puso ya porofense ya Bokone Bophirima o tla tokafatsa matshelo a batho ba Bokone Bophirima le go a tlhabolola. Boikaelelo jwa tumalano eno, e e saenilweng ka 20 Phatwe ka nako ya moletlo kwa Mafikeng, ke go dira gore go nne le tirisano mmogo mo ditirong tse di farologaneng tsa di kgatlhang. O akaretsa go rutana bokgoni jwa tiro e bile o tla dira gore badiri ba nne le bokgoni mo tirong ya patlisiso, ya tlhabololo, ya go dira dithulaganyo malebana le loago le ikonomi, ya go fedisa lehuma le ya go tlhabolola temothuo. Go ya ka Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri, tumalano eno e tsamaisana le Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo. "Gape o ema nokeng thulaganyo ya setheo ya dingwaga di le tharo mme o tla rotloetsa tlhabololo ya mafelo Re ka dira go le gontsi, fa re dira mmogo... Ngaka Theuns Eloff, e leng motlatsamokanseliri, le Porimia Thandi Modise ba ne ba saena Memorantamo wa Tumalano o o tla solegelang batho ba porofense molemo. a patlisiso a dikhamphase tse di farologaneng." Porimia, e leng Thandi Modise, a re tumalano eno ke "nyalo fa gare ga batho ba Bokone Bophirima le bomankge ba thuto".o dumela gore bokgoni jo YBB e nang le jone bo tla thusa puso go dira "ditiro tse re sa kgonang go di dira". AKATEMI BOITISO LORATO Kakanyo ya Moithuti Mop Rikus Fick, Modini wa Merero ya Baithuti, mo Khamphaseng ya Potchefstroom a re mo dingwageng di le 18 tsa gagwe tsa boruti, o ithutile gore dikakanyo tsa baithuti ke eng. Bala ka se mo tsebeng ya 10 le 11 gore moruti yo wa pele a se akanyang ka boitekanelo jwa baithuti jo bo mo amang pelo. 19

GOTLHE GO SIMOLOLA MO YUNIBESITING YA BOKONE-BOPHIRIMA Isago Yunibesiti ya Bokone-Bophirima e tla keteka ngwagasome ya ntlha ya kopano ya yunibesiti ya katlego. Ka 2004 re tsere kgato e kgolo go ya kwa bokamosong gore kgato e kgolo e nne le ya gago. Gompieno, letsatsi le letsatsi re batla mekgwa e mešwa go fetola bokamoso. Re batla gore wena o nne le kgatlhego go nna karolo ya YBB jaaka rona re kgatlhisiwa go itse gore wena o modirimmogo wa rona. Gotlhe go simolola fano TM